Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa molemeng: Yasser Qudaih/Anadolu via Getty Images; ka fa mojeng: RONALDO SCHEMIDT/AFP via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Dintwa di Tla Fela Leng?—Baebele e a Reng ka Kgang eno?

Dintwa di Tla Fela Leng?—Baebele e a Reng ka Kgang eno?

 Fa motsamaisimogolo wa United Nations e bong António Guterres a bua ka go tlhaselwa ga Israel ke Iran ka Lamatlhatso April 13, 2024 o ile a re, “eno ke nako ya go rarabolola dilo. Ke nako ya go bontsha boikgapo.”

 Ntwa e e kwa Botlhabagare ke nngwe ya dintwa tse dintsi tse di leng gone mo lefatsheng.

 “Fa e sa le ka ntwa ya lefatshe ya bobedi, go na le dintwa di le dintsi thata go feta le fa e le leng pele .”​—United Nations Security Council, January 26, 2023.

 Dinaga tse di amegang mo ntweng eno ke Israel, Gaza, Syria, Azerbaijan, Ukraine, Sudan, Ethiopia, Niger, Myanmar, le Haiti. a

 Dintwa tseno di tla fela leng? A baeteledipele ba lefatshe ba ka dira gore go nne le kagiso? Baebele e a reng ka seno?

Dintwa mo lefatsheng

 Dikgotlhang tse di mo lefatsheng di supa gore go gaufi gore dintwa di fele. Dintwa tseno di diragatsa boporofeti jwa Baebele jo bo ka ga malatsi a re tshelang mo go one. Baebele e a re ke “malatsi a bofelo.”​—Mathaio 24:3.

  •   “Lo tlile go utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa. . . . Setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe.”​—Mathaio 24:6, 7.

 Bala setlhogo se se reng “Sesupo sa ‘Metlha ya Bofelo’ Kgotsa sa “Bokhutlo” ke Eng?” go bona gore dintwa di diragatsa jang boporofeti jwa Baebele.

Ntwa e e tla fedisang dintwa tsotlhe

 Baebele e bolelelapele gore dikgotlhang di tla fela. Seo se tla direga jang? Seo ga se na go direga ka maatla a batho mme se tla direga ka Aramagedona e leng, “ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14, 16) Ntwa eno e tla dira gore Modimo a kgone go diragatsa maikaelelo a gagwe a gore batho ba itumelele kagiso e e nnelang ruri.​—Pesalema 37:10, 11, 29.

 Go ithuta mo go oketsegileng ka ntwa ya Modimo e e tla fedisang dintwa tsotlhe bala setlhogo se se reng “Ntwa ya Haramagedona ke Eng?

a ACLED Conflict Index, “Palo ya dintwa tse di leng gone mo lefatsheng,” January 2024