Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

John Moore/Getty Images

LETSHOLO LE LE KGETHEGILENG

Botsogo—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

Botsogo—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

 Fela ka gonne COVID-19 e sa tlhole e le leroborobo le le aparetseng lefatshe lotlhe, seo ga se reye gore ga e tlhole e le kotsi mo botsogong jwa batho go ralala lefatshe.. . . Re ka tlhomamisega gore go tlile go nna le leroborobo la mofuta mongwe mo nakong e e tlang, mme re tshwanetse go le ipaakanyetsa.”—Dr. Tedros Adhanom Ghebreyesus, mookamedimogolo wa World Health Organization, May 22, 2023.

 Batho ba le bantsi gompieno ba a boga mo mmeleng le mo maikutlong ka ntlha ya ditlamorago tsa leroborobo la COVID-19. A dipuso le mekgatlho ya botsogo di tla bo di ipaakanyeditse leroborobo le le tlang? Mme gone a ba ka kgona go re thusa ka mathata a botsogo a re nang le one gone jaanong?

 Baebele e re bolelela ka puso e e tla re thusang go nna le botsogo jo bo siameng jo re bo tlhokang. E tlhalosa gore “Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi,” kgotsa puso. (Daniele 2:44) Fa puso eo e busa, “ga go na motho ope yo o nnang mo lefatsheng leo yo o tla reng: ‘Ke a lwala.’” (Isaia 33:24) Mongwe le mongwe o tla nna le botsogo jo bo siameng e bile o tla nna matlhagatlhaga jaaka fa a ne a sa ntse a le mosha.—Jobe 33:25.