Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO TSHELA GAPE—A GO A KGONEGA?

Tsogo—A go Na le Bosupi?

Tsogo—A go Na le Bosupi?

A ga go utlwale go akanya gore baswi ba tla tshela gape? Moaposetoloi Paulo o ne a dumela gore ba tla tshela. O ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Fa e le gore ke mo botshelong jono fela re solofetseng mo go Keresete, ke rona ba re tshwanetseng go tlhomogelwa pelo go feta batho botlhe. Le fa go ntse jalo, jaanong Keresete o tsositswe mo baswing, mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.” (1 Bakorintha 15:19, 20) Paulo o ne a tsaya tsogo ya baswi e le selo sa mmatota. Tota e bile, tsogo ya ga Jesu e ne ya tlhomamisa seo. * (Ditiro 17:31) Ke gone ka moo Paulo a neng a re Jesu ke “mabutswapele”—motho wa ntlha go tsosiwa gore a tshelele ruri. Ka jalo, fa e le gore Jesu e ne e le wa ntlha, go raya gore go ne go tla nna le ba bangwe.

Jobe o ne a raya Modimo a re: “O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.”—Jobe 14:14, 15

Go na le lebaka le lengwe le le re tlhomamisetsang gore go tla nna le tsogo ya baswi. Jehofa ke Modimo yo o buang boammaaruri. ‘Modimo a ka se ka a aka.’ (Tito 1:2) Jehofa ga a ise a bue maaka e bile a ka se tsoge a a buile. A a ka solofetsa gore o tla tsosa baswi, a bontsha gore o na le bokgoni jwa go dira jalo mme a se ka a go dira? Nnyaa, ga go kgonege!

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ikaeletse go tsosa batho mo nakong e e tlang? Ka gonne o a ba rata. Jobe o ne a botsa jaana: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape? . . . O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:14, 15) Jobe o ne a tlhomamisegile gore Rraagwe yo o kwa legodimong yo o lorato o tla tlhologelelwa go mo tsosa. A Modimo o fetogile? “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Malaki 3:6) Modimo o sa ntse a tlhologeletswe go bona batho ba tsosiwa, ba itekanetse e bile ba itumetse. Seno ke se motsadi mongwe le mongwe yo o lorato yo o tlhokafaletsweng ke ngwana a se eletsang. Mme gone, Modimo ene o na le maatla a go dira se a se eletsang.—Pesalema 135:6.

Loso ke bothata jo bo ngomolang pelo, mme Modimo o tla lo fedisa

Jehofa o tla naya Morwawe maatla a go tlisetsa batho ba ba hutsafaditsweng ke go tlhokafalelwa ke batho ba ba ba ratang boitumelo jo bo seng kana ka sepe. Mme Jesu o ikutlwa jang ka tsogo ya baswi? Pele Jesu a tsosa Lasaro, o ile a bona kafa bokgaitsadie Lasaro le ditsala tsa gagwe ba neng ba hutsafetse ka gone, ka jalo a “tsholola dikeledi.” (Johane 11:35) Mo lekgetlhong le lengwe, Jesu o ne a kopana le motlholagadi wa kwa Naina, yo o neng a tlhokafaletswe ke morwawe a le nosi fela. Jesu o ne “a tlhotlheletsega go mo tlhomogela pelo, mme a mo raya a re: ‘Tlogela go lela.’” O ne a tsosa morwawe ka yone nako eo. (Luke 7:13) Ka jalo, Jesu o utlwisiwa botlhoko ke loso le go bona batho ba hutsafetse. Ruri Jesu o tla itumelela go tlisetsa batho botlhe boitumelo e seng khutsafalo!

A o kile wa swelwa? O ka tswa o akanya gore loso ke bothata jo bo ka se rarabololweng. Mme go na le tharabololo—Modimo o tla dirisa Morwawe go tsosa baswi. Gakologelwa gore Modimo o batla gore o bone fa seo se direga. O batla gore o amogele batho ba o ba ratang. Akanya lo rulaganya go dira dilo mmogo mo dingwageng tse dintsintsi tse di tlang e bile lo ka se kgaogane!

Lionel yo go builweng ka ene pelenyana a re: “Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka ithuta ka tsogo ya baswi. Kwa tshimologong ke ne ke sa dumele e bile ke sa tshepe motho yo o neng a mpolelela ka yone. Ka jalo, ke ne ka batla bosupi mo Baebeleng mme ka bona gore ke boammaaruri! Ke swegaswega pelo go bona rremogolo gape.”

A o ka rata go itse mo go oketsegileng? Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go bontsha mo Baebeleng ya gago lebaka la go bo ba tlhomamisegile ka gore baswi ba tla tsosiwa. *

^ ser. 3 Go bona bosupi jwa gore Jesu o ne a tsosiwa, bala buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? tsebe 78-86, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 9 Bona kgaolo 7 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.