Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa New York

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa New York

DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng, Cesar le mogatse Rocio ba ne ba itshelela monate kwa California, kwa Cesar a neng a bereka gone a dira tiro ya go tsenya dithutafatsi le ditsidifatsi mo dikagong mme Rocio ene a bereka malatsi a a rileng mo ofising ya ngaka. Ba ne ba nna mo ntlong ya bone mme ba se na bana. Le fa go ntse jalo, go ne ga direga sengwe se se neng sa fetola matshelo a bone. E ne e le eng?

Ka Diphalane 2009, ofisi ya lekala ya kwa United States e ne ya romelela diphuthego tsotlhe tse di mo nageng eo lekwalo, e laletsa baithaopi ba ba nang le bokgoni bongwe gore ba ikwadisetse go tsenela tirelo ya nakwana ya kwa Bethele gore ba thuse mo tirong ya go atolosa dikago tsa lekala tsa kwa Wallkill kwa New York. Tota le ba ba neng ba fetile dingwaga tse di lekanyeditsweng tirelo ya Bethele le bone ba ne ba lalediwa go ikwadisetsa tirelo eo. Cesar le Rocio ba re: “Ka ntlha ya dingwaga tsa rona, re ne re itse gore eno e ne e ka nna tshono e e tlang gangwe fela mo botshelong ya gore re ye go direla kwa Bethele. Re ne re se kitla re letla sepe se dira gore re fetwe ke tshono eo!” Ka bonako fela, banyalani bano ba ne ba romela diforomo tsa bone kwa Bethele.

Bangwe ba baithaopi ba ba berekang kwa Warwick

Go ne ga feta ngwaga Cesar le Rocio ba ise ba lalediwe go ya go direla kwa Bethele. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tsaya dikgato tse dingwe go tlhofofatsa botshelo gore ba fitlhelele mokgele wa bone. Cesar a re: “Re ne ra fetola karatšhe ya rona go nna phaposi e re tla nnang mo go yone e le gore re tle re kgone go hirisetsa mongwe ntlo ya rona. Go tswa foo, re ne ra tswa mo ntlong e re e ratang ya disekweremetara di le 200 e re neng re e agile dingwaga di le mmalwa pelenyana mme ra ya go nna mo phaposing ya disekweremetara di le 25. Go dira diphetogo tseno go ne go dira gore fa Bethele e ka re bitsa, go nne motlhofo go tsamaya.” Morago ga moo, go ne ga direga eng? Rocio a re: “Kgwedi fela morago ga gore re fudugele mo phaposing eo e nnye, re ne ra amogela taletso ya go ya go direla re le baithaopi ba nakwana kwa Wallkill. Go ne go bonala sentle gore Jehofa o ne a re segofatsa ka gonne re ne re tlhofofaditse matshelo a rona.”

Jason, Cesar le William

MOYA WA BONE WA GO INTSHA SETLHABELO O A SEGOFADIWA

Fela jaaka Cesar le Rocio, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le makgolokgolo ba intshitse setlhabelo gore ba nne le seabe mo tirong ya go aga e e dirwang kwa New York State. Ba le bantsi ba bone ba thusa mo tirong ya go okediwa ga dikago kwa Wallkill, fa ba bangwe ba na le tshiamelo ya go thusa go aga ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Warwick. * Banyalani ba le bantsi ba ile ba tlogela magae a bone a mantle, ditiro tse di duelang sentle tota le eleng diruiwa tsa mo gae gore ba direle Jehofa ka botlalo. A Jehofa o ile a ba segofatsa ka ntlha ya moya oo wa go intsha setlhabelo? Ee ruri!

Way

Ka sekai, Way, yo e leng ramotlakase mmogo le Debra, ba ka bobedi ba leng mo dingwageng tsa bo50, ba ne ba rekisa ntlo le bontsi jwa dilo tsa bone kwa Kansas mme ba fudugela kwa Wallkill go ya go direla kwa Bethele mme ba sa nne gone. * Le fa go dira jalo go ile ga tlhoka gore ba dire diphetogo mo matshelong a bone, ba tsaya go intsha setlhabelo jalo e se matsapa a bophiri. Debra o bua jaana ka kabelo ya gagwe ya kwa Bethele: “Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa e kete ke mongwe wa batho ba ba agang ba ba mo ditshwantshong tsa Paradaise tse di mo dikgatisong tsa rona!”

Melvin le Sharon ba ne ba rekisa ntlo le dilo tsa bone kwa South Carolina e le gore ba kgone go thusa kwa Warwick. Le fa go ne go se motlhofo gore banyalani bano ba intshe setlhabelo jalo, ba akanya gore ke tshiamelo go nna le seabe mo porojekeng eo ya botlhokwa. Ba re: “Boipelo jo o nnang le jone ka go bo o itse gore o fitlheletse sengwe se se tla solegelang molemo mokgatlho wa lefatshe lotlhe, ke boikutlo jo bo molemo tota.”

Kenneth

Kenneth, yo o rotseng tiro ya go aga, le Maureen, ba ba mo dingwageng tsa bo50, ba ne ba tswa kwa California go ya go direla kwa porojekeng e e kwa Warwick. Gore ba kgone go fuduga, ba ne ba rulaganya le kgaitsadi mongwe mo phuthegong gore a ba tlhokomelele ntlo mme ba kopa ba losika gore ba thuse go tlhokomela rraagwe Ken yo o setseng a godile thata. A ba ikwatlhaela go bo ba intshitse setlhabelo go ya go direla kwa Bethele? Nnyaa! Ken a re: “Re solegelwa molemo fela thata. Mme gone, dikgwetlho tsone di teng. Le fa go ntse jalo, re kgotsofetse thata e bile re kgothaletsa ba bangwe go tsenela tirelo eno.”

GO FENYA DIKGWETLHO

Bontsi jwa batho ba ba tsenetseng tirelo eno ba ile ba tshwanelwa ke go fenya dikgwetlho tse di rileng. Ka sekai, William le Sandra, ba ba mo dingwageng tse di simololang tsa bo60, ba ne ba nna kwa Pennsylvania e bile ba itshelela monate. Ba ne ba na le khampani e e dirang dikarolo tsa metšhini e bile ba hirile badiri ba le 17. Ba ne ba le mo phuthegong e ba sa bolong go nna mo go yone go tloga fa e sa le e le bana e bile bontsi jwa ba losika ba ne ba nna mo lefelong leo. Ka jalo, fa go ne go tlhaga tshono ya gore ba ye go direla kwa Wallkill, ba ne ba itse gore ba tla tshwanela ke go tlogela bontsi jwa batho ba ba neng ba ba itse le dilo tse ba neng ba di tlwaetse. William a re: “Ga go pelaelo gore kgwetlho e e neng e le thata go di feta tsotlhe e ne e le ya go tlogela botshelo jo re neng re setse re bo tlwaetse.” Le fa go ntse jalo, morago ga go rapelela kgang eno, banyalani bano ba ne ba swetsa ka go re ba fuduge, e leng kgato e ba sa iikwatlhaeleng. William a re: “Boipelo jwa go nna karolo ya lelapa la Bethele le go dira mmogo le bone bo ka se bapisiwe le sepe. Nna le Sandra re itumetse go feta le fa e le leng pele!”

Bangwe ba banyalani ba ba berekang kwa Wallkilll

Ricky, yo e leng manejara wa porojeke ya go aga kwa Hawaii, o ne a lalediwa go direla kwa Bethele gore a tle a thuse ka porojeke ya kwa Warwick. Mosadi wa gagwe Kendra, o ne a batla gore ba amogele taletso eo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go tshwenyega: gore seo se ne se tla ama jang morwaabone wa dingwaga tse 11 e bong Jacob. Ba ne ba ipotsa gore a go tla bo go le botlhale gore ba fudugele kwa New York State le gore a morwaabone o tla kgona go tlwaela maemo a a farologaneng gotlhelele le a a neng a a tlwaetse.

Ricky a re: “Nngwe ya dilo tse di botlhokwa mo go rona e ne e le go batlela ngwana wa rona phuthego e basha ba yone ba gatetseng pele sentle semoyeng. Re ne re batla gore Jacob a nne le ditsala tse dintsi tse di molemo.” Mme gone, ba ile ba iphitlhela ba le mo phuthegong e e se nang bana ba le bantsi mme e na le maloko a le mmalwa a Bethele. Ricky a re: “Morago ga pokano ya rona ya ntlha, ke ile ka botsa Jacob gore o ikutlwa jang ka phuthego eno e ntšha, segolobogolo e re ka go ne go se na bana bape ba ba lekanang le ene. O ne a nthaya a re: ‘Se tshwenyege Papa. Ditsala tsa me e tla nna bakaulengwe ba basha ba Bethele.’”

Jacob le batsadi ba gagwe ba itumelela go tlotla le mokaulengwe mongwe wa kwa Bethele mo Holong ya Bogosi

Bakaulengwe ba basha ba Bethele ba ne ba tsalana le Jacob. Go ne ga nna le diphelelo dife? Ricky a re: “Bosigo bongwe ke ne ka feta fa kamoreng ya morwaake mme ka bona dipone di sa ntse di tshubile. Ke ne ke solofetse gore ke tla mo fitlhela a tshameka metshameko ya eleketeroniki, mme ke ne ka mo fitlhela a bala Baebele! Fa ke botsa Jacob gore o dirang, o ne a re: ‘Ke dira se basha ba Bethele ba se dirang e bile ke tlile go fetsa go bala Baebele yotlhe mo ngwageng o le mongwe.’” Ntle le pelaelo, Ricky le Kendra ba itumetse, e seng fela ka gonne Ricky a kgona go nna le seabe mo tirong ya go aga kwa Warwick mme gape ka gonne go fuduga ga bone go ile ga thusa gore morwaabone a gole semoyeng.—Dia. 22:6.

BA NE BA SA TSHWENYEGE KA ISAGWE

Luis le Dale

Kgabagare porojeke ya go aga ya kwa Wallkill le Warwick e tlile go wediwa, ka jalo ba ba ileng ba lalediwa go ya go thusa ba a itse gore tirelo ya bone ya kwa Bethele ke ya nakwana. A bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba tlhobaela thata ka gore ba tla tswa ba ya kae kgotsa gore ba tla dirang morago ga moo? Le e seng! Ba le bantsi ba ikutlwa fela jaaka banyalani bangwe ba kwa Florida ba dingwaga tsa bo50. John, yo o okametseng tiro ya go aga, le mogatse Carmen, ba ba direlang e le baithaopi ba nakwana kwa Warwick ba re: “Re bone kafa Jehofa a ileng a re tlhokomela ka gone ka dilo tse re di tlhokang go fitlha jaanong. Re ipolelela gore Jehofa ga a re tlisa fano e le fela gore moragonyana a re phuaganye.” (Pes. 119:116) Luis yo o dirang didirisiwa tsa go tima molelo le mogatse e bong Quenia ba direla kwa Wallkill. Ba re: “Re setse re bone tsela e ka yone Jehofa a re abelang ka bopelotshweu se re se tlhokang. Le fa gone re sa itse gore o tla re tlhokomela jang, leng kgotsa kae, re tlhomamisegile gore o tla tswelela a re tlhokomela.”—Pes. 34:10; 37:25.

“LESEGO GO FITLHA LO SA TLHOLE LO TLHOKA SEPE”

John le Melvin

Bontsi jwa bakaulengwe ba ba neng ba thusa mo tirong ya go aga kwa New York ba ka bo ba ile ba nna le mabaka a gore ba se ka ba ithaopa. Le fa go ntse jalo, ba ile ba leka Jehofa—fela jaaka a re laletsa rotlhe gore re dire jalo: “Ntekang, tsweetswee, . . . gore a ga nkitla ke lo bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo ke bo ke lo tshololela lesego go fitlha lo sa tlhole lo tlhoka sepe.”—Mal. 3:10.

A le wena o tla leka Jehofa mme o bone gore a ga a kitla a go tshololela masego? Sekaseka ka thapelo se o ka se dirang gore o nne le seabe mo tirong e e itumedisang e e dirwang gone jaanong, e ka tswa e le kwa New York kgotsa mo diporojekeng tsa go aga tse di direlwang puso ya Modimo, mme o bone kafa Jehofa a tla go duelang ka gone.—Mar. 10:29, 30.

Gary

Dale, yo e leng moenjenere wa tsa kago le Cathy ba kwa Alabama le bone ba buelela thata mofuta ono wa tirelo. E re ka e le baithaopi kwa Wallkill ba re: “Fa e le gore o na le bopelokgale jwa go tlogela botshelo jo o bo tlwaetseng, o tla nna le tshono ya go bona tsela e moya wa ga Jehofa o dirang ka yone.” Mme o tlhoka go dira eng gore o kgone go ithaopa? Dale a re: “Tlhofofatsa, tlhofofatsa o bo o tlhofofatse le go feta. Ga o kitla o bo o ikwatlhaya!” Gary wa kwa North Carolina, o na le maitemogelo a dingwaga di le 30 a okametse tiro ya go aga. Ene le mogatse Maureen ba re mangwe a masego a ba a itumelelang thata kwa Warwick, ke “go kopana le go dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato ba ba ileng ba dirisa matshelo a bone go direla Jehofa kwa Bethele.” Gary o oketsa ka go re: “Gore motho a kgone go direla kwa Bethele, o tlhoka go tshela botshelo jo bo sa raraanang, e leng yone tsela e e molemolemo ya go tshela mo tsamaisong eno ya dilo.” Jason yo o berekang mo konterakeng ya motlakase mmogo le Jennifer ba kwa Illinois ba re go direla kwa Wallkill mo porojekeng ya Bethele ke “sengwe sa dilo tse di dirang gore o ikutlwe e kete o tshela mo lefatsheng le lesha.” Jennifer o oketsa ka go re: “Go itumedisa fela thata go itse gore Jehofa o anaanela sengwe le sengwe se o se dirang le gore tiro e o e dirang e tla nna le melemo e e nnelang ruri. Jehofa o tlhomamisa gore o tla go segofatsa go fitlha o sa tlhole o tlhoka sepe.”

^ ser. 7 Ba ba direlang nakwana kwa Bethele mme ba sa nne gone ba ipatlela lefelo la bonno e bile ba ituelela ditshenyegelo fa ba ntse ba direla kwa Bethele letsatsi le le lengwe kgotsa go feta.