Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 1

Melemo ya go Itse go Itshwara

Melemo ya go Itse go Itshwara

GO ITSHWARA GO KAYANG?

Motho yo o kgonang go itshwara

  • o kgona go leta

  • ga a dire dilo ka maikutlo

  • o dira se go tweng a se dire le fa a sa se rate

  • ga a ikakanyetse a le esi

GORENG GO LE BOTLHOKWA GORE NGWANA A RUTIWE GO ITSHWARA?

Ngwana yo o itseng go itshwara o kgona go gana fa mongwe a mo raela gore a dire selo se se sa siamang. Mme ngwana yo o sa kgoneng go itshwara a ka nna a feleletsa

  • a rata ntwa

  • a tsenwe ke dipreshene

  • a goga motsoko, a dirisa diritibatsi e bile e le letagwa

  • a itlwaeditse go ja dijo tse di se nang dikotla

Dipatlisiso di bontsha gore bana ba ba godileng ba itse go itshwara, ga ba lwale motlhofo, ba itse go dirisa madi sentle e bile ga se ditlhokotsebe. Dipatlisiso tseo di dirile gore Porofesa Angela Duckworth wa Yunibesithi ya Pennsylvania a re: “Ga go na sepe se se phoso [ka go ruta ngwana] gore a itse go itshwara.”

MOTSADI A KA RUTA JANG NGWANA GO ITSHWARA?

Se gane o bo o boa o dumela gape.

BAEBELE YA RE: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.”—Mathaio 5:37.

Ka dinako tse dingwe, bana ba dira dilo go bona fela gore batsadi ba bone ba tla dirang. Ka sekai, ngwana a ka ipitika fa a batla sengwe, gongwe a ka dira jalo le mo gare ga batho tota. Fa batsadi ba mo naya selo se a se batlang, ngwana yoo o tsaya gore fa a batla sengwe mo batsading, o tshwanetse go ipitika le fa ba gana ka sone.

Mme fa batsadi ba reile ngwana ba re nnyaa, ba bo ba sa boe ba fetoga gape, ngwana yoo o ithuta thuto ya botlhokwa mo botshelong, gore ga re ka ke ra kgona go nna le sengwe le sengwe se re se batlang. Ngaka ya malwetse a tlhaloganyo e bong David Walsh a re: “Ga se gore motho yo o newang sengwe le sengwe se a se batlang o itumetse mme motho yo o ithutileng go leta, gantsi ke ene a nnang a itumetse. Motsadi o tla bo a bontsha gore ga a rate ngwana wa gagwe fa a mo ruta gore o kgona go newa sengwe le sengwe fela se a se batlang.” *

Fa o sa neye ngwana sengwe le sengwe se a se batlang, seo se tla mo thusa gore a itse go itshwara fa a setse a godile. Ka sekai, o tla itse go gana fa motho a batla gore a dirise diritibatsi, a robalane pele a nyala kgotsa a nyalwa kgotsa a dire dilo tse di ka feleletsang di mo utlwisitse botlhoko kgotsa di utlwisitse batho ba bangwe botlhoko.

Ruta ngwana gore go diregang fa a itshwara sentle le fa a sa itshware sentle.

BAEBELE YA RE: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

O tshwanetse go ruta ngwana gore sengwe le sengwe se motho a se dirang, se na le ditlamorago, ka jalo, fa a sa itse go itshwara, o tla feleletsa a wetse mo mathateng. Ka sekai, fa ngwana wa gago wa mosimane a itlwaeditse go galefa fela go sa tlhokege, batho ba tla mo katoga. Mme fa a ithutile go itshwara le fa motho a ka mo galefisa kgotsa a ithutile go sa tsene motho ganong fa a bua, batho ba tla mo rata. Thusa ngwana gore a bone melemo ya go itshwara.

Ruta ngwana gore dilo tsa botlhokwa ke dife mo botshelong.

BAEBELE YA RE: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.

Fa re itse go itshwara, ga re tile fela go dira dilo tse di sa siamang, gape re ithuta go dira dilo tsa botlhokwa, tota le fa re sa rate go di dira kgotsa go se monate go di dira. Ngwana o tlhoka go itse gore dilo tsa botlhokwa ke dife mo botshelong mme a dire tsone pele. Ka sekai, o tshwanetse go dira tiro ya sekolo pele, a bo a tshameka morago.

Mo tlhomele sekao se sentle.

BAEBELE YA RE: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.”—Johane 13:15.

Ngwana o a bona gore o itshwara jang fa o galefile kgotsa fa go na le sengwe se o sa se rateng. Ka jalo, dira dilo ka tsela e e tla dirang gore a bone botlhokwa jwa go itshwara. Ka sekai, fa ngwana a go galefisa, a o phatloga ka bogale kgotsa o nna o ritibetse maikutlo?

^ ser. 20 Go tswa mo bukeng ya No: Why Kids—of All Ages—Need to Hear It and Ways Parents Can Say It.