Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O tlhomela bana ba gago sekao se se ntseng jang?

BATSADI

8: Ba Tlhomele Sekao

8: Ba Tlhomele Sekao

GO KAYA ENG?

Batsadi ba ba tlhomang sekao se se molemo ga ba rute bana dilo tse bone ba sa di direng. Ka sekai, a o ka lebelela gore ngwana wa gago a bue nnete fa o tlhola o mo raya o re a aketse batho a re ga o yo fa ba go batla?

“Batho ba a tle ba re, ‘Dira se ke reng o se dire.’ Mme seo ga se bereke mo baneng. Bana ba tshwana le sepontšhe ka gonne ba monya sengwe le sengwe se re se buang le se re se dirang mme ba tla go bolelela fa o ba ruta dilo o bo o sa di dire.”—David.

BAEBELE YA RE: “Wena, yo o rerang o re ‘O se ka wa utswa,’ a o a utswa?”—Baroma 2:21.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Gantsi bana ba dira dilo tse ba bonang batsadi ba di dira e seng tse batho ba bangwe kgotsa dithaka tsa bone di di dirang. Fa batsadi ba dira dilo tse ba di rutang bana ba bone, ba tla kgona go ba thusa ka tsela e e siameng.

“O ka bolelela ngwana selo kgapetsakgapetsa o bo o akanya gore ga a go reetsa mme fa o ka dira sone selo se o mo kgalemelelang sone, o tla go bolelela. Le fa re ka tswa re sa lemoge, bana ba ela tlhoko sengwe le sengwe se re se dirang.”—Nicole.

BAEBELE YA RE: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . ga bo itimokanye.”—Jakobe 3:17.

SE O KA SE DIRANG

Ela tlhoko dilo tse o di dirang. O lebelela mananeo a a ntseng jang a thelebishene? O dirisana jang le ba lelapa la gago? Ditsala tsa gago ke batho ba ba ntseng jang? A o akanyetsa batho ba bangwe? A o tshela ka tsela e o batlang gore bana ba gago ba tshele ka yone?

“Nna le monna wa me ga re dire dilo tse re rutang bana ba rona gore ba se ka ba di dira.”—Christine.

Kopa maitshwarelo fa o dirile phoso. Bana ba gago ba a itse gore le wena o dira diphoso. Fa o kopa maitshwarelo mo baneng le mo mothong yo o nyalaneng le ene, o ruta bana ba gago gore ba nne batho ba ba buang nnete le ba ba bonolo.

“Fa re dirile phoso e bana ba rona ba itseng ka yone, re tlhoka go e amogela le go kopa maitshwarelo. Fa re sa dire jalo, re ba ruta gore fa ba dirile diphoso ba leke go di fitlha go na le go di amogela le go kopa maitshwarelo.”—Robin.

“Re le batsadi, re na le tlhotlheletso e kgolo thata mo baneng ba rona mme dilo tse dintsi tse ba di ithutang, ba di bona mo go rona. Ba ela tlhoko sengwe le sengwe se re se dirang, ke ka moo re tlhokang go ba tlhomela sekao se se molemo.”—Wendell.