Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Nna Motsadi yo o Molemo

Tsela ya go Nna Motsadi yo o Molemo

A o gakologelwa lekgetlho la ntlha fa o ne o tshotse leseanyana la gago le le sa tswang go tsholwa?

Go ise go ye kae o ka tswa o ile wa ikutlwa o imetswe, o lemoga gore ngwana wa gago o tla tlhoka go kaelwa ka dingwaga di le dintsi. Ka bonako fela o ne wa lemoga kafa boikarabelo jwa gago bo leng bogolo ka teng.

LE FA boikarabelo jwa go nna motsadi e sa bolo go nna kgwetlho, gompieno ke kgwetlho e kgolo le go feta. Ka ntlha yang? Ka gonne gone jaanong lefatshe le tletse mathata go feta fa o ne o le ngwana. Dikgwetlho dingwe tse di amang boitsholo tse bana ba lebanang le tsone—ka sekai, fa ba dirisa Internet—di ne di seyo masome a se kae fela a dingwaga a a fetileng.

O ka thusa ngwana wa gago jang go lebana le dikotsi tse di amanang le boitsholo mo lefatsheng la gompieno? Dikakantsho tse tharo ke tseno.

1 Ba tlhalosetse melao ya gago ya boitsholo ka tsela e e utlwalang sentle.

Fa bana ba ntse ba gola, ba utlwa tshedimosetso e ntsi thata e e seng yone malebana le boitsholo—nngwe ya yone mo dithakeng tsa bone mme bontsi jwa yone mo metsweding ya tshedimosetso. Tlhotlheletso e e ntseng jalo e e sa siamang e bonala segolobogolo fa bana ba tsena mo dingwageng tsa bolesome. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontsha gore basha ba le bantsi fa ba dira ditshwetso tse dikgolo mo botshelong, ba latelela thata tsela e batsadi ba bone ba lebang dilo ka yone go na le e dithaka tsa bone di lebang dilo ka yone.

Se o ka se dirang. Batsadi ba kwa setšhabeng sa bogologolo sa Baiseraele ba ne ba kgothalediwa go bua le bana ba bone kgapetsakgapetsa gore ba jalele melao e e siameng kwa teng mo go bone. (Duteronome 6:6, 7) Dira se se tshwanang le ka ngwana wa gago. Ka sekai, fa e le gore o tshela ka melao ya Baebele ya boitsholo, bolelela ngwana wa gago gore ke ka ntlha yang fa o akanya gore go ngaparela melao eo go dira gore botshelo jwa motho e nne jo bo molemolemo.

 2 Thusa ngwana wa gago go tlhaloganya ditlamorago.

Baebele ya re: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Molaomotheo wa gore sengwe le sengwe se motho a se dirang se na le diphelelo tsa sone o ka bonwa mo e ka nnang gongwe le gongwe mo botshelong. Akanya ka nako ya fa o ne o sa ntse o le ngwana. Ga go na pelaelo gore dithuto tse o di gopolang thata ke tse mo go tsone o ileng wa tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa se o se dirileng.

Se o ka se dirang. Dirisa dikai tsa batho ba mmatota go tlhalosetsa ngwana wa gago kafa batho ba ba ileng ba tlhopha tsela e e phoso mo botshelong ba ileng ba boga ka gone kgotsa kafa ba ba ileng ba dira se se siameng ba ileng ba solegelwa molemo ka gone. (Luke 17:31, 32; Bahebera 13:7) Gape o se ka wa sireletsa ngwana wa gago gore a se ka a utlwa ditlamorago tsa diphoso tse a di dirileng. Ka sekai, a re re morwao o roba setshamekisi sa mosimane yo mongwe ka ntlha ya bofafalele. O ka laela morwao gore a neye mosimane yoo sengwe sa ditshamekisi tsa gagwe. Go ka se nne motlhofo gore morwao a lebale thuto eno e e malebana le go tlotla dilo tsa batho ba bangwe.

3 Thusa ngwana wa gago go nna le dinonofo tse di siameng.

Seane sengwe sa Baebele sa re: “Bana ba bontsha se ba leng sone ka se ba se dirang; o ka lemoga fa ba ikanyega le fa ba siame.” (Diane 20:11, Good News Translation) Fa bana ba ntse ba gola, ba nna le tsela nngwe e ba itshwarang ka yone e e bontshang ka bonako gore ke batho ba mofuta mang. Ka maswabi, bangwe ba itsiwe ka mekgwa ya bone e e sa siamang. (Pesalema 58:3) Mme ba bangwe ba itirela leina le le molemo. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego nngwe jaana malebana le Timotheo wa lekawana: “Ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang.”—Bafilipi 2:20.

Se o ka se dirang. Fa o sena go tlhalosetsa ngwana wa gago ditlamorago jaaka go umakilwe pelenyana, mo thuse go akanya ka mekgwa e a ka ratang go itsiwe ka yone. Fa basha ba lebane le kgwetlho ba ka ithuta go dira ditshwetso tse di siameng ka go ipotsa dipotso tse di latelang:

  • Ke batla go nna motho wa mofuta ofe?—Bakolosa 3:10.
  • Motho wa mofuta oo o ne a ka dira eng mo seemong seno? —Diane 10:1.

Baebele e na le dikao tsa mmatota di le dintsi tsa banna le basadi ba ditiro tsa bone di neng tsa bontsha gore a ba ne ba siame kgotsa ba sa siama. (1 Bakorintha 10:11; Jakobe 5:10, 11) Dirisa dikai tseno go thusa morwao kgotsa morwadio go nna le mekgwa e e siameng.

Dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di ka go thusa go bona kafa o ka dirisang ka gone melaometheo ya Baebele mo lelapeng la gago le kafa o ka thusang bana ba gago ka gone gore le bone ba dire jalo.