Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Motsadi yo o molemo ke yo o ntseng jang?

A o ruta ngwana wa gago go rata modimo?

Go molemo gore bana ba golele mo lelapeng la batsadi ba ba ratanang le ba ba tlotlanang. (Bakolosa 3:14, 19) Fela jaaka Jehofa Modimo a ne a akgola Morwawe, batsadi ba ba molemo le bone ba rata bana ba bone e bile ba a ba akgola.—Bala Mathaio 3:17.

Rraarona yo o kwa legodimong o reetsa batlhanka ba gagwe fa ba mmulela mafatlha. Go molemo gore batsadi ba ithute mo sekaong sa gagwe le go reetsa se bana ba batlang go ba bolelela sone. (Jakobe 1:19) Le fa ka dinako dingwe bana ba leba dilo ka tsela e e sa siamang, batsadi ba tshwanetse go akanyetsa maikutlo a bone.—Bala Dipalo 11:11, 15.

O ka dira jang gore bana ba nne le maikarabelo?

E re ka o le motsadi, o na le boikarabelo jwa go tlhoma melao. (Baefeso 6:1) Ithute mo Modimong. Jehofa o bontsha gore o rata bana ba gagwe ka go ba tlhalosetsa melao ka tsela e e utlwalang le go ba bolelela ditlamorago tsa go sa e ikobele. (Genesise 3:3) Go na le go pateletsa batho go mo ikobela, o ba ruta gore ba ka solegelwa molemo jang ke go dira se se siameng.—Bala Isaia 48:18, 19.

Lwela go thusa bana ba gago go rata Modimo. Ba tla dira dilo ka botlhale le fa o seyo. E re ka Modimo a ruta ka go tlhoma sekao, le wena ruta bana ba gago go rata Modimo ka go ba tlhomela sekao.—Bala Duteronome 6:5-7; Baefeso 4:32; 5:1.