Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSELA YA GO ITUMELA

Botsogo jo bo Siameng le go Itshoka

Botsogo jo bo Siameng le go Itshoka

BOLWETSE JO BO SA FOLENG KGOTSA GO GOLAFALA DI KA FETOLA BOTSHELO JWA MOTHO. Monna mongwe yo o kileng a bo a itekanetse e bile a le matlhagatlhaga yo o bidiwang Ulf, o ne a bua jaana fa a sena go golafala: “Ke ne ka nna le kgatelelo ya maikutlo. Ke ne ka felelwa ke maatla le bopelokgale . . . Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe.”

Se se diragaletseng Ulf se bontsha gore ga go na ope yo o ka laolang botsogo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, go na le se re ka se dirang go fokotsa ditshono tsa go koafala mo mmeleng. Mme go tweng fa re nna le botsogo jo bo bokoa? A seo se dira gore re se ka ra tlhola re itumelela botshelo? Ga go jalo! Mme a re simolole ka go sekaseka melaometheo e e re thusang go nna le botsogo jo bo siameng.

NNA “TEKATEKANO.” (1 Timotheo 3:2, 11) Boammaaruri ke gore, go ja kgotsa go nwa bobe ga go a siamela botsogo jwa rona e bile go tlhoka madi a mantsi! “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe. Gonne letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega, mme kotselo e tla apesa motho dikatana.”—Diane 23:20, 21.

O SE KA WA LESWAFATSA MMELE WA GAGO. “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya.” (2 Bakorintha 7:1) Batho ba leswafatsa mebele ya bone ka go goga motsoko, go nwa bojalwa bobe kgotsa go dirisa diritibatsi. Mokgatlho wa kwa Amerika wa Centers for Disease Control and Prevention wa re go goga “go tsenya motho bolwetse gape go a golafatsa e bile go ka koafatsa karolo nngwe le nngwe ya mmele.”

TSAYA MMELE LE BOTSHELO JWA GAGO E LE DIMPHO TSE DI BOTLHOKWA THATA. “Ka [Modimo] re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone.” (Ditiro 17:28) Re ka bontsha gore re lebogela seo ka go tila go itsenya mo kotsing, e ka tswa e le kwa tirong, fa re kgweetsa kgotsa fa re itlosa bodutu. Ga o tlhoke go ikgolafatsa ka go tshameka metshameko e e kotsi e e dirang gore o itumele ka nakwana!

O SE KA WA ITETLA GO LAOLWA KE MAIKUTLO A A SA SIAMANG. Mogopolo wa gago o dirisana le mmele wa gago. Ka jalo, tila go tlhobaela go sa tlhokege, go phatloga ka bogale, go fufegela ba bangwe kgotsa maikutlo a mangwe a a kotsi. Pesalema 37:8 ya re: “Tlogela bogale mme o lese tšararego.” Gape Baebele ya re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.”—Mathaio 6:34.

AKANYA THATA KA DILO TSE DI SIAMENG. Diane 14:30 ya re: “Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.” Gape Baebele ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.” (Diane 17:22) Eo ke kgakololo ya kalafi e e utlwalang. Ngaka nngwe kwa Scotland e ne ya re: “Go farologana le batho ba ba sa itumelang, fa o itumetse ga se gantsi o ka nnang le botsogo jo bo bokoa fa o setse o godile.”

ITHUTE GO ITSHOKA. Fela jaaka Ulf yo re buileng ka ene, re ka nna ra tshwanelwa ke go itshokela maemo a a botlhoko. Le fa go ntse jalo, re ka batla ditsela tse di siameng tsa go itshoka. Bangwe ba gatelelwa ke go kgobega marapo, e leng selo se se dirang maemo maswe le go feta. Diane 24:10 ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.”

Gongwe ba bangwe ba dira sengwe gore ba ikutlwe botoka fa ba sena go kgobega marapo. Ba tlwaela seemo. Ba batla ditsela tsa go itshoka. Ke sone se Ulf a se dirileng. A re fa a sena go rapela thata le go akanyetsa kwa teng ka molaetsa wa Baebele o o kgothatsang, o ne a “simolola go batla ditshono tsa go itumela e seng dikgoreletsi.” Gape fela jaaka ba bangwe ba ba lebaneng le diteko tse dikgolo, o ne a ithuta gore go botlhokwa go utlwela ba bangwe botlhoko le go ba tlhomogela pelo mme seo se ne sa dira gore a ba gomotse ka molaetsa wa Baebele.

Monna mongwe yo o bidiwang Steve le ene o ne a le mo seemong se se garolang pelo. Fa a le dingwaga di le 15, o ne a tlhagelwa ke kotsi e e neng ya mo golafatsa. Fa a le dingwaga di le 18, o ne a kgona go dirisa matsogo a gagwe gape. Go tswa foo o ne a ya kwa yunibesithing mme a simolola go dirisa diritibatsi, go nwa bojalwa le go nna le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. O ne a nna le tsholofelo fa a simolola go ithuta Baebele, mme seo sa dira gore a simolole go leba botshelo ka tsela e e siameng le go tlogela mekgwa e e sa siamang. O ne a re: “Ke ne ke sa tlhole ke ikutlwa ke se motho wa sepe. Gone jaanong ke na le kagiso, ke itumetse e bile ke kgotsofetse.”

Mafoko a ga Steve le Ulf a re gopotsa Pesalema 19:7, 8 e e reng: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa moya. . . . Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho.”