Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LETLHOO LE KA FEDISIWA JANG?

4 | Modimo A ka Re Thusa go Tlogela Letlhoo

4 | Modimo A ka Re Thusa go Tlogela Letlhoo

Se Baebele e se Rutang:

“Maungo a moya o o boitshepo ke lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo le boikgapo.”​BAGALATIA 5:22, 23.

Se e Se Kayang:

Modimo a ka dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa gore re se ka ra tlhola re tlhoa ba bangwe. Moya wa Modimo o o boitshepo ke one fela o o ka re thusang gore re fetoge. Ga re ka ke ra tlogela go tlhoa ba bangwe ka borona fela, Modimo ke ene yo o ka re thusang. Fa re ikaega ka Modimo re tla ikutlwa ka tsela e moaposetoloi Paulo a neng a ikutlwa ka yone. O ile a re: “Ke kgona go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Mme re tla kgona gore: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”​—Pesalema 121:2.

Se o Ka se Dirang:

“Jehofa o ne a dira gore ke se ka ka tlhola ke nna monna yo o dikgoka mme ke nne monna yo o ratang kagiso.”—WALDO

Rapela Jehofa o mo kope gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13) Mo kope gore a go thuse gore o nne le botho jo bontle. Ithute se Baebele e se buang ka botho jo bo tla go thusang gore o se ka wa tlhoa ba bangwe, gore o kgone go nna le lorato, kagiso, bopelotelele le boikgapo. Batla ditsela tsa gore o nne le botho joo. Fetsa nako le batho ba ba lekang go nna le botho joo. Fa o fetsa nako le bone, ba tla go “[tlhotlheletsa] go nna le lorato le go dira ditiro tse di molemo.”—Bahebera 10:24; ntlha e e kwa tlase