Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LETLHOO LE KA FEDISIWA JANG?

1 | Se Tlhaole ba Bangwe

1 | Se Tlhaole ba Bangwe

Se Baebele e se Rutang:

“Modimo ga a na tlhaolele, mme o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.”DITIRO 10:34, 35.

Se e Se Kayang:

Jehofa * Modimo ga a re atlhole ka gore re mmala mang, re ba lotso lofe kgotsa gore re tswa kwa nageng efe. Go na le moo, o tlhoma mogopolo mo go se re se akanyang le se re se eletsang. Gape Baebele e a re “motho o bona se se bonwang ke matlho fela, mme Jehofa ene o bona se se mo pelong.”—1 Samuele 16:7.

Se o Ka se Dirang:

Le fa re sa kgone go bona se se mo dipelong tsa batho, re ka leka go etsa Modimo ka go sa tlhaole ba bangwe. Ithute motho mme o se ka wa lebelela gore o tswa mo lotsong lofe. Fa o lemoga gore o tlhaola ba bangwe, gongwe e le batho ba lotso lo lo rileng kgotsa ba ba tswang kwa nageng e e rileng, kopa Modimo gore a go thuse gore o se ka wa ikutlwa jalo. (Pesalema 139:23, 24) Fa o kopa Jehofa ka pelo yotlhe gore a go fe maatla a gore o se ka wa tlhaola ba bangwe, o tla go reetsa e bile o tla go thusa.—1 Petere 3:12.

^ ser. 6 Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.

“Ke ne ke ise ke tsamaye ke dule ka kagiso le motho yo mosweu . . . mme jaanong ke ne ke le mongwe wa bakaulengwe ba ba ratanang ba mo lefatsheng lotlhe.”—TITUS