Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ka metlha go ikaega ka maikutlo a rona go ka re thusa?

Se se Kaelang Batho ba le Bantsi

Se se Kaelang Batho ba le Bantsi

Mo e batlang e nna batho botlhe ba dumela gore ditiro tse dingwe di siame mme tse dingwe ga di a siama. Ka sekai, ba dumela gore go bolaya motho, go betelela le go sotla bana ka tlhakanelodikobo ke mekgwa e e sa siamang, e bile ba dumela gore go tshwara batho ka go lekalekana, go nna bonolo le go nna kutlwelobotlhoko ke mekgwa e e siameng. Mme gone, fa go tliwa mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo tse di jaaka tlhakanelodikobo, go ikanyega kgotsa go godisa bana, batho ba le bantsi ba dumela gore ga go na tshwetso e e siameng kgotsa e e phoso. Ba dumela gore tshwetso epe fela e o e tsayang e a amogelesega. Gantsi batho ba dira ditshwetso ba ikaegile ka maikutlo a bone kgotsa ka maikutlo a batho ba bangwe. A ka metlha go dira jalo go siame?

KAFA RE IKUTLWANG KA GONE

Gantsi re dira ditshwetso re ikaegile ka gore re ikutlwa jang ka se se siameng kgotsa se se sa siamang. Maikutlo ao ke segakolodi. (Baroma 2:14, 15) Tota le bana ba bannye ba a lemoga fa sengwe se sa dirwe sentle, e bile ba kgona go ikutlwa ba le molato fa ba dirile sengwe se se phoso. Fa re ntse re gola, re ithuta gore ke eng se se siameng le se se sa siamang mo bathong ba re fetsang nako le bone kgotsa mo bodumeding jwa rona. Fa re dira ditshwetso, segakolodi sa rona se tla re bolelela gore a ditshwetso tseo di dumalana le se re se ithutileng.

Segakolodi sa rona se ka re tlhotlheletsa go tlhomogela ba bangwe pelo, go leboga, go ba tshwara ka go lekalekana le go ba utlwela botlhoko. Gape se ka re thibela go dira dilo tse di ka utlwisang ba bangwe botlhoko kgotsa tse di ka re tlhabisang ditlhong le tse di ka dirang gore re ikutlwe re le molato.

A ka metlha go ikaega ka maikutlo a rona go ka re thusa? Fa Garrick a ne a sa ntse a le lekawana, o ne a tlhopha botshelo jo a bo tlhalosang jaana: “Ke ne ke kgona go itirela jaaka ke rata.” Le fa go ntse jalo, o ile a lemoga gore go dira se a neng a akanya gore se siame, ga go a ka ga mo tlisetsa diphelelo tse di molemo. O tlhalosa gore o ne a sa itumela mo botshelong ka gonne tshwetso ya gagwe e ne ya dira gore a feleletse ‘a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, a dirisa diokobatsi, e le letagwa e bile a rata ntwa.’

KAFA BA BANGWE BA IKUTLWANG KA GONE

Mo godimo ga go ikaega ka maikutlo a rona, gantsi re ikaega ka se batho ba bangwe ba tla se akanyang ka ditshwetso tsa rona. Seo se ka re thusa go solegelwa molemo ke maitemogelo le botlhale jwa bone. Ba lelapa, ditsala le batho ba mo lefelong la rona ba tla re tlotla fa re dira se ba akanyang gore se siame.

A ka metlha go ikaega ka maikutlo a batho ba bangwe go ka re thusa? Fa Priscila a ne a sa ntse a le mosha, o ne a dira se bontsi jwa ditsala tsa gagwe bo neng bo se dira mme o ne a simolola go tlhakanela dikobo a ise a nyalwe. Le fa go ntse jalo, o ile a lemoga gore go dira se batho ba bangwe ba neng ba tsaya gore se siame, go ne go sa mo itumedise. O ne a re: “Go dira se mongwe le mongwe a neng a se dira go ne go sa intumedise. Ke ne ka feleletsa ke dira dilo tsa boeleele e bile di le kotsi.”

A GO NA LE TSELA E E BOTOKA YA GO DIRA DITSHWETSO TSE DI SIAMENG?

Fa re dira tshwetso ya gore ke eng se se siameng kgotsa se se sa siamang, re ka thusiwa ke maikutlo a rona le a batho ba bangwe. Mme gone, ga se ka metlha kaelo eo e le nosi fela e ka tlisang diphelelo tse di molemo. Ka dinako tse dingwe, re ka ikutlwisa botlhoko kgotsa ra utlwisa ba bangwe botlhoko ka gonne ga re kgone go bona gore ditshwetso tsa rona di tla felela jang. (Diane 14:12) Tota le fa rona le batho ba bangwe re ka tswa re akanya gore sengwe se siame, se sa ntse se ka re utlwisa botlhoko, e bile dikakantsho tseo di ka nna tsa fetoga. Ka sekai, boitshwaro bongwe jo batho ba kileng ba bo ba bo tsaya bo sa siama, gone jaanong bo a amogelesega, mme boitshwaro jo bo neng bo tsewa bo siame, gone jaanong batho ba bo tsaya bo sa siama.

A ka metlha go latela batho ba bangwe go ka re thusa?

Re ka bona kae kgakololo e e botoka malebana le se se siameng le se se sa siamang? A go na le melao mengwe e re ka e latelang gompieno, e re ka tswelelang re e ikanya le mo dingwageng tse di tlang?

Se se kgatlhang ke gore go na le motswedi o o ikanyegang, o o nang le kgakololo e e ka thusang mongwe le mongwe. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore re ka bona kae kgakololo e e ka ikanngwang fa re dira ditshwetso tsa se se siameng le se se sa siamang.