Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Bona Kae Kgakololo E e Ka Ikanngwang?

O ka Bona Kae Kgakololo E e Ka Ikanngwang?

Mo lefatsheng leno le le fetofetogang ka bonako, o ka tlhatswega pelo jang gore ditshwetso tse o di dirang di tla go tlisetsa boitumelo? O ka tlhomamisega jang gore se se tsewang se siame gompieno, ga se kitla se tsewa se sa siama mo nakong e e tlang?

Baebele e ka go thusa gore o dire ditshwetso tse o se kitlang o di ikwatlhaela. Seo se ka kgonega jang? Baebele e tswa kwa Mmoping wa rona, mme o itse gore ke eng se se ka re tlisetsang boitumelo jwa mmatota le se se ka dirang gore re sireletsege.

“Modimo o go boleletse se se molemo.”​—Mika 6:8.

Re ka ikanya botlhale jo bo mosola jo bo fitlhelwang mo Baebeleng. “Ka metlha [bo] ka ikanngwa, gone jaanong le ka bosakhutleng.”​—Pesalema 111:8.

Goreng o sa iphe nako ya go bala Baebele mme o bone gore e ka go thusa jang mo lefatsheng leno le le nnang le fetofetoga?