Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgang E e Re Amang Rotlhe

Kgang E e Re Amang Rotlhe

Fa e le gore o ne o batla go ya kwa lefelong le o iseng o tsamaye o ye kwa go lone, o ne o tla dira eng?

  1. 1. O ne o tla tsaya tsela e o akanyang gore e siame.

  2. 2. O ne o tla sala batho ba bangwe morago, o solofetse gore ba itse tsela.

  3. 3. O ne o tla batla kaelo e e ikanyegang, ka sekai o ne o tla dirisa GPS, mmapa kgotsa o ne o tla botsa tsala e o e tshepang e e itseng tsela.

Fa re ka dira se se tlhalosiwang mo ntlheng ya ntlha kgotsa ya bobedi, re ka fitlha felo gongwe mme gone go ka direga gore re se ka ra goroga kwa re batlang go ya teng. Le fa go ntse jalo, fa re tlhopha ntlha ya boraro, re ka tlhatswega pelo gore re tla goroga kwa re batlang go ya teng.

Botshelo jwa rona bo tshwana le loeto lo re solofelang gore lo tla re isa kwa bokamosong jo bo itumedisang. Gore a re tla goroga koo kgotsa nnyaa, go ikaegile thata ka gore re batla kaelo kae fa re dira ditshwetso.

Le fa gone bontsi jwa ditshwetso tse re di dirang e le tse dinnye, ditshwetso dingwe di botlhokwa thata. Di bontsha gore ke eng se re se tsayang se siame le se se sa siamang. Ditshwetso tseno di ka tlisetsa rona le batho ba re ba ratang diphelelo tse di itumedisang kgotsa ditlamorago tse di botlhoko. Ditshwetso tseno di akaretsa dikgang tse di jaaka:

  • Tlhakanelodikobo le lenyalo

  • Go ikanyega, tiro le madi (tšhelete)

  • Go godisa bana

  • Go dirisana le ba bangwe

O ka itse jang gore ditshwetso tse o di dirang mo dikgannyeng tseno di ka tlisetsa wena le ba lelapa la gago bokamoso jo bo itumedisang?

Rotlhe re tlhoka go ipotsa potso eno: Ke eng se se ka nthusang go dira ditshwetso tse di molemo ka se se siameng le se se sa siamang?

Makasine ono o tla tlhalosa lebaka la go bo re ka ikanya se Baebele e se buang malebana le se se siameng le se se sa siamang.