Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Molekane wa Gago a Lebelela Pornography

Fa Molekane wa Gago a Lebelela Pornography
  • “E ne e ka re monna wa me o dira boaka gantsintsi.”

  • “Ke ne ke tlontlolotswe, ke tsaya gore ga ke montle e bile ga ke motho wa sepe.”

  • “Ke ne ke sa kgone go bua le ope ka mathata a me. Ka jalo, go ne go se na ope yo o nkgothatsang.”

  • “Ke ne ke ikutlwa e kete Jehofa ga a nthate.”

Se bokgaitsadi bano ba se buang se bontsha gore basadi ba utlwa botlhoko thata fa banna ba bone ba lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Mme fa e le gore monna o feditse dingwaga kgotsa dikgwedi di le dintsi a lebelela dilo tseno mosadi wa gagwe a sa itse, seo se ka dira gore mosadi wa gagwe a se ka a tlhola a mo tshepa. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ke tsaya gore ga ke tlhole ke itse monna wa me, e bile ke ipotsa gore ke eng gape se a se dirang se ke sa se itseng.”

Setlhogo seno se diretswe go thusa basadi ba banna ba bone ba lebelelang ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. a Se tla tlotla ka melaometheo ya Baebele e e tla ba gomotsang, e e tla ba netefaletsang gore Jehofa o tla ba thusa le e e tla dirang gore ba nne le kagiso e bile ba nne ba atamalane le Jehofa. b

SE O KA SE DIRANG

Le fa gone o sa kgone go laola sengwe le sengwe se monna wa gago a se dirang, go na le dilo dingwe tse o ka di dirang gore o nne le kagiso. O ka dira dilo tse di latelang.

Se ipone molato. Alice c o ne a ikutlwa e kete ga a kgone go kgotsofatsa monna wa gagwe. O ne a ipotsa jaana: “Ke eng se se dirang gore a kgatlhegele go lebelela basadi ba bangwe ke le teng?” Basadi ba ka ipega molato ka gonne banna ba bone ba lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Danielle a re: “Ke ne ke tsaya gore ke nna ke dirang gore dilo di nne maswe le go feta ka gonne ke ne ka galefa thata fa ke lemoga gore monna wa me o na le bothata jono.”

Fa e le gore o ikutlwa jalo, itse gore Jehofa ga a go pege molato ka se monna wa gago a se dirang. Jakobe 1:14 e a re: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa ke keletso ya gagwe e bo e mo raela.” (Bar. 14:12; Bafil. 2:12) Jehofa ga a go pege molato, go na le moo o itumelela gore o ikanyega mo go ene.​—2 Ditir. 16:9.

Mosadi a ka tsaya gore monna wa gagwe o lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo ka gonne a sa kgone go mo kgotsofatsa. Mme seo ga se nnete. Ba ba ithutileng ka kgang eno ba re go lebelela dilo tseno go dira gore motho a nne le keletso ya tlhakanelodikobo e go se nang mosadi ope yo o ka e kgotsofatsang.

Se tshwenyege thata. Catherine a re o ne a nna fela a akantse ka kgang ya gore monna wa gagwe o lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Frances a re: “Ke ne ke nna ke tshwenyegile letsatsi lotlhe fa ke sa itse gore monna wa me o kwa kae.” Bokgaitsadi bangwe ba re ba tlhabiwa ke ditlhong thata fa ba na le bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi ba ba itseng ka bothata jwa banna ba bone. Bangwe ba akanya gore ga go na ope yo o amegang ka bone ka gonne ba tsaya gore ga go ope yo o tlhaloganyang mathata a ba lebanang le one.

Ga go phoso go ikutlwa jalo. Le fa go ntse jalo, fa o nnela go akanya ka kgang eno, o tlile go tshwenyega le go feta. Ka jalo, leka go nonotsha botsala jwa gago le Jehofa. Go dira jalo go tla go thusa gore o kgone go itshoka.​—Pes. 62:2; Baef. 6:10.

Go bala le go akanyetsa kwa teng ka dipego tsa basadi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba na le mathata mme ba rapela Jehofa, go ka go thusa. Le fa ka dinako dingwe a ne a sa feditse mathata a bone, o ne a dira gore ba nne le kagiso. Ka sekai, Hana o ne a “hutsafetse thata” ka ntlha ya se se neng se mo diragalela. Mme fa a sena go “rapela Jehofa ka lobaka lo loleele,” o ne a nna le kagiso le fa gone a ne a sa itse gore a bothata jwa gagwe bo tla rarabologa.​—1 Sam. 1:10, 12, 18; 2 Bakor. 1:3, 4.

Monna le mosadi ba ka nna ba tlhoka go kopa bagolwane gore ba ba thuse

Kopa bagolwane gore ba go thuse. Ba ka nna “lefelo le le sireletsegileng fa go le phefo, botshabelo fa go le pula ya matsubutsubu.” (Isa. 32:2, dintlh.) Gape ba ka kopa kgaitsadi mongwe yo o ka kgonang go mo tlhalosetsa kafa o ikutlwang ka gone gore a go gomotse.​—Diane 17:17.

O KA MO THUSA JANG?

A o ka kgona go thusa monna wa gago gore a tlogele go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo? Gongwe o ka kgona. Baebele e a re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe.” Ka jalo, fa monna le mosadi ba thusana go fenya bothata bongwe jo ba nang le jone, ba ka kgona. (Mor. 4:9-12) Ba ba dirileng dipatlisiso ka kgang eno ba re fa banyalani ba dirisana mmogo, monna a ka kgona go tlogela mokgwa ono e bile mosadi wa gagwe a ka boa a mo tshepa gape.

Boammaaruri ke gore, seno se ikaegile ka gore a monna wa gago o ikemiseditse go dira ka natla e bile o batla go tlogela mokgwa oo. A o kopile Jehofa gore a mo neye maatla le gore bagolwane ba mo thuse? (2 Bakor. 4:7; Jak. 5:14, 15) A go na le dilo dingwe tse a di dirang tse di mo thusang gore a tlogele mokgwa ono? Ka sekai, a ga a tlhole a dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki jaaka pele e bile o leka go tila maemo a a ka dirang gore a raelesege go lebelela dilo tseno? (Diane 27:12) A o batla gore o mo thuse e bile o ikemiseditse go go bolelela sengwe le sengwe? Fa e le gore go ntse jalo, o ka kgona go mo thusa.

O ka mo thusa jang? Akanya ka se se ileng sa diragalela Felicia le Ethan. Ethan o ile a nna le bothata jwa go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo a sa ntse a le monnye. Felicia o dira gore Ethan a se ka a thatafalelwa ke go bua le ene fa a na le keletso ya go lebelela dilo tseno. Ethan a re: “Ke bolelela mosadi wa me sengwe le sengwe. O nna a nthusa gore ke se ka ka boela mo mokgweng ono e bile o nna a ntlhola gore ke ntse ke ya jang. Gape o nthusa gore ke se ka ka dirisa Internet thata.” Gone Felicia o utlwisiwa botlhoko ke gore Ethan o nna le keletso ya go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Mme gone a re: “Fa ke nna ke tenega e bile ke galefa, seno ga se ka ke sa mo thusa gore a tlogele mokgwa ono o o sa siamang. Ka jalo, fa re sena go tlotla ka bothata jwa gagwe, ke mmolelela gore se a se dirang se nkama jang mme o ikemisetsa go dira sotlhe se a se kgonang go tlogela mokgwa ono.”

Metlotlo eo e ka thusa monna gore a tlogele mokgwa ono e bile e ka thusa le mosadi wa gagwe gore a boe a mo tshepe. Mo godimo ga moo, fa monna a ikemiseditse go bolelela mosadi wa gagwe makoa a gagwe, gore o ya kae le gore o tla bo a dira eng, go tla nna motlhofo gore mosadi wa gagwe a mo tshepe gape ka gonne a sa tlhole a mo fitlhela sepe.

A o akanya gore le wena o ka kgona go thusa monna wa gago? Gongwe lo ka bala setlhogo seno mmogo lo bo lo tlotla ka sone. Go dira jalo, go tla mo thusa gore a ikemisetse go tlogela mokgwa ono e bile seo se tla dira gore o boe o mo tshepe. Go na le gore a go galefele ka gonne o batla go bua ka bothata jono, o tla leka go tlhaloganya gore bothata jono bo dira gore o ikutlwe jang. Mme wena o tshwanetse go mo ema nôkeng fa a ntse a leka go tlogela mokgwa ono o o sa siamang e bile o tshwanetse go mo naya tshono ya gore a bontshe gore o ka mo tshepa gape. Mo godimo ga moo, wena le monna wa gago lo tlhoka go ithuta gore ke eng se se dirang gore batho ba batle go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo le gore motho a ka dira eng go tlogela mokgwa ono o o sa siamang. d

Fa e le gore o tshaba gore wena le monna wa gago ga lo kitla lo ritibala fa lo bua ka bothata jono, kopa mogolwane yo lo ikutlwang lo phuthologile go bua le ene gore a nne teng fa lo tlotla ka kgang eno. Itse gore le fa monna wa gago a sena go tlogela mokgwa ono, go ka go tsaya lobaka lo loleele gore o mo tshepe gape. O se ka wa ineela. Leka go bona tsela e lenyalo la lona le ntseng le tokafala ka yone. Fa wena le monna wa gago lo le pelotelele, lo tla atamalana thata fa nako e ntse e tsamaya.​—Mor. 7:8; 1 Bakor. 13:4.

O KA DIRA ENG FA A DI LEBELELA GAPE?

Fa e le gore monna wa gago o lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo gape fa a sena go di tlogela morago ga lobaka lo loleele, a seno se raya gore ga a ikwatlhaye kgotsa gore ga a kitla a tlogela mokgwa ono? Nnyaa. Fa e le gore go fetile lobaka lo loleele a na le mokgwa ono, a ka nna a tshwanelwa ke go o lwantsha botshelo jwa gagwe jotlhe. Le fa go ka tswa go fetile dingwaga di le dintsi a o tlogetse, a ka nna a o boela gape. Gore seo se se ka sa direga, o tla tshwanelwa ke go tswelela a dira dilo tse di neng di mo thusa gore a se ka a raelesega go o boela. (Diane 28:14; Math. 5:29; 1 Bakor. 10:12) O tla tshwanelwa ke go fetola ‘tsela e a akanyang ka yone’ le go ithuta go ‘tlhoa se se bosula,’ mo go akaretsang mokgwa ono le mekgwa e mengwe e e sa siamang e e jaaka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. (Baef. 4:23; Pes. 97:10; Bar. 12:9) A o ikemiseditse go dira diphetogo tseno? Fa go le jalo, a ka kgona go tlogela mokgwa ono mme a se ka a o boela. e

Nonotsha botsala jwa gago le Jehofa

Mme gone, o ka dira eng fa e le gore monna wa gago ga a batle go tlogela mokgwa ono? Go a utlwala gore seno se ka go utlwisa botlhoko, sa go galefisa kgotsa sa dira gore o ikutlwe e kete monna wa gago ga a ikanyege mo go wena. Latlhela tlhobaelo ya gago mo go Jehofa, o tla go thusa gore o nne le kagiso. (1 Pet. 5:7) Tswelela o ithuta, o rapela e bile o akanyetsa kwa teng ka se o se ithutang gore o nne o atamalane le Jehofa. Itse gore fa o dira jalo, le ene o tla atamalana le wena. Isaia 57:15 e a re Jehofa o nna le ba ba “gateletsweng le ba moya o o kwa tlase,” a ba thusa gore ba boe ba itumele gape. Leka go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Kopa bagolwane gore ba go thuse. Solofela gore fa nako e ntse e tsamaya, monna wa gago o tla dira diphetogo.​—Bar. 2:4; 2 Pet. 3:9.

a Gore dilo di nne motlhofo, re tla bua ka monna e le ene a lebelelang ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, melaometheo e go tlotliwang ka yone mo setlhogong seno, e ka thusa le monna yo mosadi wa gagwe a nang le bothata jono.

b Dikwalo ga di letle monna le mosadi gore ba tlhalane fa mongwe wa bone a lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo.​—Math. 19:9.

c Maina a fetotswe.

d Re ka bona tshedimosetso e e thusang mo jw.org le mo dikgatisong tsa rona. Ka sekai, bona ditlhogo tse di latelang, “Pornography Can Shatter Your Marriage” ka Seesemane mo jw.org; “O ka Kgona go Emelana le Thaelo!” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 1, 2014, ts. 10-12; le “Ditshwantsho Tse di Hepisang​—A di Siame Kgotsa di Kotsi?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 1, 2013, ts. 3-7.

e E re ka go ka nna thata go tlogela go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo, banyalani bangwe ba kopa bagolwane le dingaka gore ba ba thuse.