Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO DIRA KAGISO MO LELAPENG

Ditsela Tsa go Fedisa Dikgotlhang mo Lelapeng

Ditsela Tsa go Fedisa Dikgotlhang mo Lelapeng

GO TWENG fa go nna go na le dikgotlhang mo lelapeng la gago? Gongwe dikgotlhang di nna teng kgapetsakgapetsa e bile di ya magoletsa. Gongwe e bile ga lo itse gore dikganetsano di simologile jang. Le fa go ntse jalo, lo a ratana e bile ga lo batle go utlwisana botlhoko.

Go botlhokwa go gakologelwa gore fa lo sa dumalane ka tsela e lo lebang dilo ka yone, ga go reye gore lelapa la gago le a kgaogana. Mme tsela e o itshwarang ka yone fa lo sa dumalane e ka dira gore go nne le kagiso kgotsa go nne le dikgotlhang. Bona ditsela tse di ka thusang go fedisa dikgotlhang.

1. O SE KA WA IPUSOLOSETSA.

Fa lo ngangisana, maemo a ka ritibala fa yo mongwe a simolola go didimala a bo a reetsa. Ka jalo, tila go ipusolosetsa fa o kgopisitswe. Go ithiba go ka dira gore o itlotle o bo o nne le seriti. Gakologelwa gore go dira kagiso mo lelapeng go botlhokwa go na le go fenya dingangisano.

“Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima, mme fa go se nang yo o senyang batho leina teng manganga a a kokobela.”Diane 26:20.

2. AKANYETSA MAIKUTLO A BA LELAPA LA GAGO.

Go reetsa ka tlhoafalo, o itsenya mo ditlhakong tsa motho yo mongwe, o sa mo tsene ganong e bile o sa mo atlhole pele o utlwa kgang, go ka fokotsa bogale mme ga dira gore go nne le kagiso. Go na le go pega motho yo mongwe molato, amogela tsela e a ikutlwang ka yone. O se ka wa tlhoma mogopolo mo tseleng e e sa siamang e mongwe mo lelapeng a itshwarang ka yone ka gonne a na le boleo. Gantsi mafoko a a utlwisang botlhoko a ka bakwa ke go sa akanye pele motho a bua kgotsa go utlwa botlhoko go na le go bakwa ke moya wa go batla go ipusolosetsa.

“Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.”Bakolosa 3:12.

3. IPHE NAKO YA GO RITIBALA.

Fa maikutlo a gago a ile magoletsa, go ka nna botlhale go tswa go se kae gore o ritibale. Gongwe o ka ya kwa phaposing e nngwe kgotsa wa tsamaya ka lobaka lo lo rileng go fitlha o ritibala. Go dira jalo ga se go sa dirisane le ba bangwe kgotsa go itlhokomolosa bothata, e bile ga go reye gore ga o batle go bua. Go na le moo, eo e ka nna nako ya gore o rapele Modimo gore a go thuse gore o nne pelotelele le gore o nne botlhale.

“Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.”Diane 17:14.

4. AKANYA PELE O BUA LE GORE O TLA BUA JANG.

Fa o tsaya matsapa go baakanya karabo e e tla utlwisang motho yo mongwe botlhoko, go ka se ka ga dira maemo botoka. Go na le moo, bua sengwe se se tla thobang maikutlo a motho yo o mo ratang. Gape, go na le go akanya gore o tshwanetse go ikutlwa jang, mo kope gore a itlhalose go tswa foo o mo leboge go bo a go thusitse kgotsa a dirile gore o tlhaloganye.

“Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.”Diane 12:18.

5. DIGA LENTSWE O BO O LAOLE TSELA E O BUANG KA YONE.

Fa mongwe mo lelapeng a se pelotelele, seo se ka dira gore yo mongwe a galefe. Go sa kgathalesege gore o kgopisegile go le kana kang, o se ka wa nyatsa, wa tlhapatsa kgotsa wa tsholetsa lentswe. Tila go bua mafoko a a utlwisang botlhoko a a jaaka “Ga o nkgathalele” kgotsa “Ga o ke o reetsa.” Go na le moo, bolelela molekane wa gago o digile makgwafo kafa boitshwaro jwa gago kgotsa jwa gagwe bo go amileng ka gone (“Ke utlwa botlhoko fa o . . . ”). Ga o a tshwanela go kgarametsa, go faphola, go raga kgotsa go dira dilo dingwe tse di bontshang gore o batla go lwa. Go ntse jalo le ka go bitsa yo mongwe ka maina a tshotlo, go mo nyatsa kgotsa go mo tshosetsa.

“A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.”Baefeso 4:31.

6. KOPA MAITSHWARELO KA BONAKO O BO O TLHALOSE GORE O TLA RARABOLOLA BOTHATA JANG.

O se ka wa letla maikutlo a a sa siamang a dira gore o se ka wa dira kagiso. Gakologelwa gore fa lo lwa, loobabedi lo ka se fenye. Mme fa lo dira kagiso, lo tla fenya. Ka jalo, dira sengwe fa o nnile le seabe mo kganetsanong. Le fa o tlhomamisegile gore ga o a dira sepe se se phoso, o ka nna wa kopa maitshwarelo fela ka go bo o ile wa kgopisega, wa araba ka tsela e o ileng wa araba ka yone kgotsa wa mo utlwisa botlhoko o sa ikaelela. Go lwela go dira kagiso mo lelapeng go botlhokwa thata go gaisa go nna boikgogomoso le go fenya. Ka jalo, fa mongwe a kopa maitshwarelo, nna bonako go mo itshwarela.

“Ya, o ikokobetse, o kokotlele wa gaeno.”Diane 6:3, Baebele e e Boitshepo.

Fa dikganetsano di fedile, o ka dira eng gore go nne le kagiso mo lelapeng? Go tla tlotliwa ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.