Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG

Moya

Moya

Dikereke di le dintsi di na le dikgopolo tse di sa tshwaneng malebana le moya le se se diregang ka one fa motho a swa. Baebele yone e tlhalosa ntlha eno ka tsela e e utlwalang sentle.

A moya o a swa?

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba dumela gore moya ga o swe. Ba bangwe ba dumela gore moya o tswelela o tshela le gore fa motho a sena go swa, moya wa gagwe o fetela mo mmeleng o mongwe o mosha. Ba bangwe ba dumela gore fa motho a swa, moya wa gagwe o ya legodimong kgotsa o ya diheleng.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ya re moya o a swa. Moporofeti Esekiele yo Modimo a neng a mo dirisa go kwala karolo nngwe mo Baebeleng, o ne a kwala gore moya o ka atlholelwa loso. Baebele e dirisa mafoko ‘moya o o suleng’ fa e bua ka setopo sa motho. (Lefitiko 21:11) Go bonala sentle gore Baebele ga e rute gore moya o tswelela o tshela fa motho a sena go tlhokafala.

“Moya o o leofang—go tla swa one.”Esekiele 18:20.

A moya le mmele ke dilo tse pedi tse di farologaneng?

SE BATHO BA SE BUANG

Moya o thusa mmele gore o kgone go tshela mme fa motho a tlhokafala, moya oo o a tswa mo mmeleng.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e bua ka mmè yo o neng a tshola “meya”, e leng bana ba ba tshelang. (Genesise 46:18) Tota e bile, lefoko la Sehebera le mo Baebeleng le ranotsweng e le “moya” gape le ka ranolwa e le “motho yo o hemang.” Ka dinako tse dingwe, lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa le ka diphologolo. Mo godimo ga moo, Baebele ya re moya o ne o eletsa go ja nama. (Duteronome 12:20) Fa e le gore moya le mmele ke dilo tse pedi tse di farologaneng, a go a kgonega gore moya o tlhoke go hema le go ja? Gantsi Baebele e dirisa lefoko “moya” fa e bua ka motho, go akaretsa mmele, maikutlo le botho jwa gagwe.

‘O ne a tshola . . . meya e le lesome le borataro [kgotsa “batho”].’Genesise 46:18.

Go direga eng ka moya fa motho a swa?

SE BAEBELE E SE BUANG

Fa re swa “ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [kgotsa kwa Lebitleng].” (Moreri 9:10) Baebele e re tlhomamisetsa gore fa motho a swa, o ‘boela mo mmung; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.’ (Pesalema 146:4) Fa moya o sule ga o kgone go dira sepe, ke ka moo Baebele e tshwantshang loso le ‘boroko.’—Mathaio 9:24.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Fa o tlhokafaletswe ke motho yo o mo ratang, o batla go itse dikarabo tsa dipotso tse di jaaka tseno: Baswi ba kae? Go diragalang ka bone? A ba a boga? Baebele e re tlhomamisetsa gore baswi ga ba itse sepe, ka jalo, re ka gomodiwa ke go itse gore batho ba re ba ratang ba ba suleng, ga ba tlhole ba boga. Gape re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa o re solofetsa gore o tla tsosa batho ba ba suleng.—Isaia 26:19.

“Baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.”Moreri 9:5.