Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | WENLONG HE

Moitsefisikisi yo o Dirang Diteko o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Moitsefisikisi yo o Dirang Diteko o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

WENLONG HE o ne a simolola go ithuta fisikisi kwa Suzhou, kwa Porofenseng ya Jiangsu kwa China. O thusa go rulaganya lokwalopaka lwa boditšhabatšhaba lwa tsa thekenoloji mme o dirile gore go gatisiwe ditlhogo tse dintsintsi mo dibukeng tsa saense. Gone jaanong, Wenlong He o bereka kwa Yunibesithing ya Strathclyde e e kwa Scotland. Fa a ne a sa le mosha, o ne a dumela gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, mme moragonyana o ne a swetsa ka go re go na le mongwe yo o bopileng dilo. Tsogang! e ne ya mmotsolotsa ka tumelo ya gagwe.

Re bolelele gore o godile jang.

Ke tshotswe ka 1963 mme ka golela kwa China, mo motseng o o kwa borwa jwa Noka ya Yangtze mo Porofenseng ya Jiangsu. Ke lefelo le le bothitho e bile le le bongola le le tumileng ka go tlhagisa dijo, ka jalo gantsi le bidiwa lefelo la raese le tlhapi. Fa ke ne ke sa le ngwana, ke ne ke tlhola ke ipotsa go re, ‘Ke eng fa go na le dijo tse dintsi jaana tse di monate tsa tlhago? A di itlhagetse fela? Ke eng se se tlileng pele—koko kgotsa lee?’ Bolatolamodimo bo aname mo China, ka jalo kwa sekolong ke ne ka rutiwa ka go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe.

Re bolelele ka lelapa la gaeno?

Batsadi ba me e ne e le balatolamodimo. Mmè e ne e le molemirui, Rre ene e ne e le motlhami wa dipolane mme o ile a itshimololela khampani ya go aga. Ke leitibolo mo baneng ba basimane ba le batlhano. Ka maswabi, bonnake ba le babedi ba ne ba tlhokafala ba sa le bannye. Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko thata, mme ke ne ka ipotsa go re: ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? A ke tla tsamaya ke bona bonnake gape?’

Ke ka ntlha yang fa o ile wa ithuta saense?

Ke ne ke batla go ithuta fisikisi ka gonne ke ne ke kgatlhwa ke dilo tsa tlhago mme ke akanya gore fisikisi e ka araba dipotso tse di neng di nkgatlhile go tloga ke sa le ngwana.

O dira dipatlisiso ka eng?

Ke batlana le ditsela tsa go oketsa lobelo lwa dikarolwana tse di nang le motlakase gore di tsamaye ka lobelo lo lo batlang lo lekana le lwa lesedi. Ke dira seno gore ke  ithute tsela e diatomo di bopegileng ka yone. Gape ke batlisisa tsela ya go dira marang a a nang le maatla a magolo a frequency e e fa gare ga ya marang a microwave le a infrared. Le fa dipatlisiso tsa me di le botlhokwa thata mo go tsa kgwebo, gape di thusa go tlhaloganya kafa lobopo lo simologileng ka gone.

Go tlile jang gore o kgatlhegele Baebele?

Ka 1998, Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba re etela kwa lapeng. Ba ne ba ithaopela go mpontsha dikarabo tsa dipotso tsa me mo Baebeleng. Mosadi wa me, Huabi, yo le ene e leng moitsesaense yo o dirang dipatlisiso, le ene o ne a reetsa. E ne e le la ntlha re bona Baebele, mme re ne ra kgatlhiwa ke kgakololo ya yone e e mosola. Re ne ra lemoga kafa go dirisa melaometheo ya Baebele go neng go thusa banyalani bao ba Basupi ka teng. Ba ne ba itumetse e bile ba tshela botshelo jo bo sa raraanang. Mme se Baebele e se buang ka Modimo se ne sa dira gore ke ipotse gape gore a lobopo lo ka tswa lo bopilwe. Tiro ya me jaaka moitsefisikisi ke go tlhaloganya dilo tsa tlhago. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke akanyetse dintlha dingwe ka kelotlhoko.

Tiro ya me jaaka moitsefisikisi ke go tlhaloganya dilo tsa tlhago. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke akanyetse dintlha dingwe ka kelotlhoko

Ke dintlha dife tse o ileng wa di akanyetsa?

Sa ntlha, ke ne ke itse gore dilo di ka se ithulaganye kgotsa tsa nna di rulagane fa go se na sepe se se di rulaganyang. Ono ke molao wa bobedi wa thermodynamics. E re ka lobopo le ditshedi mo lefatsheng di rulagane ka manontlhotlho, ke ne ka swetsa ka go re di tshwanetse tsa bo di dirilwe ke mongwe, e leng Mmopi. Ntlha ya bobedi e ne e le gore go ne go lebega lobopo le lefatshe di diretswe gore go nne le botshelo mo go tsone.

O ne wa bona bosupi bofe jwa gore dilo di bopilwe?

Mo e ka nnang dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng di tlhoka maatla a letsatsi gore di tshele. Maatla ano a tsamaya mo lefaufaung e le marang a a bidiwang radiation. A fitlha mo lefatsheng e le mefuta e mentsi ya marang a boleele jo bo farologaneng. A makhutshwane mo go one otlhe ke marang a a kotsi a a bidiwang gamma. Go tswa foo go latela marang a X-ray, a ultraviolet, a lesedi le re le bonang, a infrared, a microwave le a maleele go a feta otlhe e leng makhubu a radio. Se se gakgamatsang ke gore, atemosefere ya rona e thibela bontsi jwa marang a a kotsi mme e letla a mangwe a a tlhokegang go fitlha mo lefatsheng.

Ke eng fa ntlha eo e ile ya go kgatlha?

Ke ne ka kgatlhiwa ke mafoko a a simololang pego e e mo Baebeleng e e ka ga popo le se e se buang ka lesedi. Ya re: “Modimo a re: ‘A go nne lesedi.’ Mme ga nna lesedi.” * Karolo e nnye fela ya marang otlhe a a tswang mo letsatsing ke lesedi le le bonwang ka matlho, mme lesedi le botlhokwa gore go nne le botshelo. Dimela di a le tlhoka go dira dijo mme rona re tlhoka lesedi gore re bone. Go ka se ke ga bo go itiragaletse fela gore lesedi le kgone go feta mo atemosefereng. Mme se se gakgamatsang le go feta ke selekanyo se sennyennye sa lesedi la ultraviolet le le kgonang go fitlha mo lefatsheng.

Ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa?

Marang mangwe a ultraviolet a botlhokwa. Re tlhoka selekanyo se sennye sa one mo letlalong gore le tlhagise vitamin D, e e thusang mo marapong e bile go lebega e sireletsa mo kankereng le mo malwetseng a mangwe. Le fa go ntse jalo, fa marang ano a le mantsi thata, a baka kankere ya letlalo le bolwetse jwa lotha lwa leitlho (eye cataracts). Tsela ya tlholego e atemosefere e ntseng ka yone, e letla selekanyo se sennye fela sa marang ano a ultraviolet go fitlha mo lefatsheng—mme ke selekanyo se se tshwanetseng tota. Nna ke tsaya seo e le bosupi jwa gore go na le mongwe yo o bopileng lefatshe gore go nne le botshelo mo go lone.

Kgabagare nna le Huabi re ne ra tlhatswega pelo gore go na le Mmopi le gore o tlhotlheleditse Baebele. Ka 2005 re ne ra nna Basupi ba ga Jehofa mme jaanong re ruta batho ba bangwe Baebele.