Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Lelapa bo Itumedise?

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Lelapa bo Itumedise?

A o akanya gore ke . . .

  • lorato?

  • madi?

  • sengwe se sele?

SE BAEBELE E SE RUTANG

“Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—Luke 11:28, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

KAFA SEO SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

Re bontshiwa lorato lwa boammaaruri.—Baefeso 5:28, 29.

Re bontshiwa tlotlo e e boteng.—Baefeso 5:33.

Re nna le pabalesego ya mmatota.—Mareko 10:6-9.

A TOTA RE KA DUMELA SE BAEBELE E SE RUTANG?

Ee, ka ntlha ya mabaka a ka nna mabedi:

  • Modimo ke Mosimolodi wa lelapa. Baebele ya re, ‘lelapa lengwe le lengwe le bidiwa’ ka leina la ga Jehofa Modimo. (Baefeso 3:14, 15) Seno se raya gore lelapa le gone ka go bo Jehofa a le bopile. Ke eng fa seo se le botlhokwa?

    Akanya ka seno: Fa o ne o itumelela dijo tse di monate mme o batla go itse gore di dirilwe ka eng, o ne o tla botsa mang? Go a utlwala gore o botse motho yo o di apeileng.

    Ka tsela e e tshwanang, fa re batla go itse gore ke eng se se dirang gore lelapa le itumele, go tla bo go le molemo gore re botse Jehofa, Mosimolodi wa lelapa.—Genesise 2:18-24.

  • Modimo o amega ka wena. Go molemo gore malapa a batle kgakololo ya ga Jehofa, e a re nayang yone mo Lefokong la gagwe. Ka ntlha yang? “Ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:6, 7) Jehofa o go batlela se se molemolemo—mme ka metlha kgakololo ya gagwe e mosola!—Diane 3:5, 6; Isaia 48:17, 18.

SE O KA AKANYANG KA SONE

O ka nna jang monna, mosadi kgotsa motsadi yo o molemo?

Baebele e araba potso eo mo go BAEFESO 5:1, 2 le mo go BAKOLOSA 3:18-21.