Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e ka Nthusa go Nna le Lelapa le le Itumetseng?

A Baebele e ka Nthusa go Nna le Lelapa le le Itumetseng?

Karabo ya Baebele

Ee. Fano re na le dikai tsa kgakololo e e molemo e e thailweng mo Baebeleng e e thusitseng banna le basadi ba le dimilione gore ba nne le malapa a a itumetseng:

  1. Kwadisa lenyalo la gago semolao. Maikano a a nnelang ruri a a dirwang fa lenyalo le kwadisiwa semolao, ke motheo wa lelapa le le itumetseng.—Mathaio 19:4-6.

  2. Bontsha lorato le tlotlo. Seno se akaretsa go tshwara molekane wa gago ka tsela e o ka ratang a go tshwarwa ka yone.—Mathaio 7:12; Baefeso 5:25, 33.

  3. Tila mafoko a a kgobang. Bua ka bonolo, tota le fa molekane wa gago a bua kgotsa a dira sengwe se se utlwisang botlhoko. (Baefeso 4:31, 32) Baebele ya re mo go Diane 15:1: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.”

  4. Ikanyege mo molekaneng wa gago. O tshwanetse go rata le go tlhakanela dikobo le molekane wa gago fela. (Mathaio 5:28) Baebele ya re: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala.”—Bahebera 13:4.

  5. Thapisa bana ba gago ka lorato. O se ka wa tlogelela sengwe le sengwe kgotsa wa nna bogale.—Diane 29:15; Bakolosa 3:21.