Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 2

Goreng ke Tshwenyega ka Ditebego Tsa Me?

Goreng ke Tshwenyega ka Ditebego Tsa Me?

BOTLHOKWA JWA SENO

Go na le dilo dingwe tse di botlhokwa thata go gaisa se o se bonang mo seiponeng.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Fa Julia a iteba mo seiponeng, o ipona a le mokima. O ipolelela jaana: “Ke tlhoka go fokotsa boima jwa mmele wa me”—le fa gone batsadi ba gagwe le ditsala ba mmolelela gore ke “lotlhokwa fela.”

Bosheng jaana, Julia o ne a akanya ka go tsaya dikgato tse di gagametseng gore a fokotse “dikilogerama di le pedi fela.” O tlhoka fela gore a itime dijo malatsi a le mmalwa . . .

Wena o ne o tla dira eng fa o ne o ikutlwa jaaka Julia?

EMA MME O AKANYE!

Boikutlo jwa gago malebana le ditebego tsa gago bo ka tshwana le tsela e o lebegang ka yone fa o itebile mo seiponeng se se sa siamang

Ga go phoso go tshwenyega ka ditebego tsa gago. Tota e bile, Baebele e bua ka tsela e e molemo ka ditebego tsa banna le basadi bangwe, ba ba akaretsang Sara, Ragele, Abigaile, Josefa le Dafide. E bolela gore mosadi mongwe yo o bidiwang Abishage o ne a le “montle mo go feteletseng.”—1 Dikgosi 1:4.

Mme gone, basha ba le bantsi ba tshwenyega thata ka ditebego tsa bone. Seo se ka baka mathata a a masisi. Ela tlhoko:

  • Mo patlisisong nngwe, diperesente di le 58 tsa basetsana ba ne ba re ba bakima, mme tota ba le diperesente tse 17 ke bone ba neng ba le bakima.

  • Mo patlisisong e nngwe, diperesente di le 45 tsa basadi ba tota ba leng basesane, ba ne ba akanya gore ba bakima thata!

  • Fa basha bangwe ba ntse ba leka go fokotsa boima jwa mmele, ba ile ba tshwarwa ke bolwetse jwa anorexia—bothata jo bo masisi jwa go sa je, jo tota bo tshwanang le go itima dijo.

Fa o na le matshwao a anorexia kgotsa bothata bongwe jwa go sa je, kopa thuso. Bolelela motsadi wa gago kgotsa mogolo mongwe yo o mo ikanyang. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

PHETOGO E E MOLEMO GO GAISA E O KA E DIRANG!

Tota se o leng sone mo teng ke sone se dirang gore batho ba go kgatlhegele kgotsa ba se ka ba go kgatlhegela. Akanya ka morwa Kgosi Dafide e bong Abesalome. Baebele ya re:

“Go ne go se na monna ope yo montle jalo . . . gore a ka bakwa thata jaana. . . . O ne a se na bogole bope.”—2 Samuele 14:25.

Mme gone Abesalome o ne a le boikgogomoso, a rata maemo e bile a le boferefere! Ka jalo, Baebele e mo tlhalosa e le motho yo o sa siamang; e tlhalosa gore bosaikanyege jwa gagwe bo ne bo tlhabisa ditlhong e bile e le mmolai yo o lefufa.

Baebele e na le lebaka le le utlwalang la go re naya kgakololo eno:

“Lo apare botho jo bosha.”—Bakolosa 3:10.

“A mokgabo wa lona e se ka ya nna wa . . .  kafa ntle, . . .  mme a e nne motho wa sephiri wa pelo.”—1 Petere 3:3, 4.

Le fa go se phoso go batla go nna montle, selo sa botlhokwa thata ke botho jwa gago. Fa nako e ntse e ya, dinonofo tsa gago tse di molemo ke tsone di tla dirang gore batho ba bangwe ba go kgatlhegele thata! Mosetsana mongwe yo o bidiwang Phylicia a re: “Bontle bo ka gapa kgatlhego ya batho ka bonako, mme gone, batho ba tla gopola thata se o leng sone mo teng le dinonofo tsa gago tse di molemo.”

O IKUTLWA JANG KA DITEBEGO TSA GAGO?

A gantsi o kgobiwa marapo ke tsela e o lebegang ka yone?

A o kile wa akanyetsa go dira karo ya go itira montle kgotsa go latela thulaganyo e e gagametseng ya go ja e le go baakanya karolo nngwe e o sa e rateng?

Fa o ne o kgona, o ne o ka fetola eng ka ditebego tsa gago? (Dira sediko mo go tse o di tlhophang.)

  • BOLEELE

  • BOIMA

  • MORIRI

  • POPEGO YA MMELE

  • SEFATLHEGO

  • MMALA WA GAGO

Fa o arabile dipotso tsa ntlha tse pedi ka ee e bile o dirile sediko mo dikarolong tse tharo kgotsa go feta, tse di mo potsong ya boraro, ela tlhoko seno: Go ka direga gore batho ba bangwe ga ba bone sepe se se phoso ka wena jaaka wena o akanya. Go motlhofo gore o feteletse dilo le gore o tshwenyege thata ka ditebego tsa gago.—1 Samuele 16:7.

(Leba DITHUTO TSA BAEBELE > BASHA)