Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 9

A ke Dumele Evolution?

A ke Dumele Evolution?

BOTLHOKWA JWA SENO

Fa e le gore thuto ya evolution e boammaaruri, go raya gore botshelo ga bo na bokao. Fa e le gore dilo di bopilwe, re ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di kaga botshelo le isagwe.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Alex o tlhakane tlhogo. O ntse a dumela mo Modimong le mo popong. Mme gompieno morutabana wa gagwe wa biology o sa tswa go gatelela gore evolution e boammaaruri le gore e theilwe mo bosuping jo bo ka ikanngwang jo baitsesaense ba bo fitlheletseng. Alex ga a batle gore go lebege e kete ke seeleele. O ipolelela jaana: ‘Fa e le gore baitsesaense ba tlhomamisitse gore evolution e boammaaruri, nna ke mang gore ke ba belaele?’

Fa o ne o le Alex, a o ne o tla dumela evolution fela ka gonne dibuka tsa sekolo di re e boammaaruri?

EMA MME O AKANYE!

Batho ba ba mo matlhakoreng oomabedi a kgang eno gantsi ba itlhaganelela go tlhalosa se ba se dumelang ntle le go itse gore tota ke eng fa ba se dumela.

  • Batho bangwe ba dumela mo popong fela ka gonne ke se ba se rutilweng kwa kerekeng.

  • Batho bangwe ba dumela evolution fela ka gonne ke se ba se rutilweng kwa sekolong.

AKANYA KA DIPOTSO TSENO

Baebele ya re: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) A go a utlwala go dumela seno?

Go dumela gore botshelo ga bo na Mmopi ga go utlwale fela jaaka go dumela gore ntlo eno ga e a agiwa ke mongwe

BA BA DUMELANG EVOLUTION BA RE: Sengwe le sengwe mo lobopong se nnile gone ka ntlha ya go thunya gongwe mo gogolo.

1. Go thunya goo go bakilwe ke mang kgotsa ke eng?

2. Ke kgang efe e e utlwalang—gore sengwe le sengwe se itlhagetse fela kgotsa gore sengwe le sengwe se dirilwe ke mongwe?

BA BA DUMELANG EVOLUTION BA RE: Batho ba tswa mo diphologolong.

3. Fa e le gore batho ba tswa mo diphologolong—ka sekai, ba tswa mo ditshweneng—ke eng fa batho ba le botlhale thata go feta ditshwene?

4. Ke eng fa tota le popego ya ditshedi tse dinnye e raraane thata?

BA BA DUMELANG EVOLUTION BA RE: Go tlhomamisitswe gore evolution e boammaaruri.

5. A motho yo o buang jalo o itiretse dipatlisiso go bona gore a seno se boammaaruri?

6. Ke batho ba le kae ba ba dumelang evolution fela ka gonne ba boleletswe gore batho botlhe ba ba botlhale ba dumela mo go yone?

“Fa o tsamaya mo sekgweng o bo o bona ntlo e ntle, a o ne o tla akanya jaana: ‘E ntle tota! Ditlhare di tshwanetse tsa bo di ile tsa wa ka thulaganyo gore di kgone go dira ntlo eno.’ Nnyaa! Go akanya jalo ga go utlwale. Ka jalo, ke eng fa re tshwanetse go dumela gore sengwe le sengwe mo lobopong se itlhagetse fela?”—Julia.

“Akanya mongwe a go bolelela gore go ne ga thunya bomo kwa bogatisetsong bongwe mme enke e bo e gasegela mo maboteng le mo siling e bo e kwala dikishinare e e feletseng. A o ne o tla dumela seo?”—Gwen.

GORENG O DUMELA MO MODIMONG?

Baebele e go kgothaletsa go dirisa ‘maatla a gago a go akanya.’ (Baroma 12:1) Go raya gore ga o a tshwanela go dumela mo Modimong fela ka gonne

  • O TSEEGILE MAIKUTLO (Ke akanya gore go tshwanetse ga bo go na le sebopiwa sengwe se se nang le maatla a magolo)

  • O TLHOTLHELEDIWA KE BA BANGWE (Mo lefelong la rona batho ba rata bodumedi)

  • O PATELESEGA (Ke godisitswe ke batsadi ba ba dumelang mo Modimong—ke ne ke se na kgoro ya botso)

Tota o tshwanetse go nna le mabaka a a utlwalang a se o se dumelang.

“Fa ke le mo tlelaseng ke reeditse morutabana a tlhalosa kafa mmele wa rona o berekang ka gone, ke tlhomamisega gore ruri Modimo o gone. Dikarolo tsotlhe tsa mmele di na le tiro e di e dirang, tota le ditiro tse dinnye, mme gantsi dilo tseno di direga re sa lemoge. Ruri mmele wa motho o raraane ka tsela e e gakgamatsang!”—Teresa.

“Fa ke bona kago e e kwa godimodimo, sekepe se segolo kgotsa koloi, ke ipotsa gore, ‘Ke mang yo o dirileng selo seno?’ Gore o kgone go dira koloi, o tshwanetse wa bo o le botlhale tota ka gonne dikarolo tsotlhe tse dinnye tse di mo koloing di tshwanetse go bereka sentle gore e kgone go tsamaya. Fa e le gore dikoloi di dirilwe ke mongwe, go raya gore le rona re dirilwe ke mongwe.”—Richard.

“Fa ke ntse ke ithuta saense mo go oketsegileng, ruri ke ne ka lemoga gore evolution ga e utlwale. . . . Go ya ka nna, go tlhokega ‘tumelo’ e e oketsegileng gore o dumele evolution go gaisa e o e tlhokang gore o dumele mo Mmoping.”—Anthony.

AKANYA KA SENO

Le fa baitsesaense ba feditse masomesome a dingwaga ba dira dipatlisiso ka evolution, ga ba ise ba fitlhelele tlhaloso e botlhe ba ka dumalanang ka yone. Fa baitsesaense ba sa dumalane ka evolution—mme e le bone ba tshwanetseng go nna bomankge—a o tla bo o le phoso go belaela thuto eno?