Fetela kwa tshedimosetsong

Sebatana se se Mmala wa Bohibidu jo bo Letlhololo se go Buiwang ka Sone mo go Tshenolo 17 ke Eng?

Sebatana se se Mmala wa Bohibidu jo bo Letlhololo se go Buiwang ka Sone mo go Tshenolo 17 ke Eng?

Karabo ya Baebele

Sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo se se tlhalosiwang mo go Tshenolo 17, se emela mokgatlho o boikaelelo jwa one e leng go kopanya le go emela dinaga tsa lefatshe. O ne o bidiwa Kgolagano ya Ditšhaba mme jaanong o bidiwa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

Ditsela tsa go lemoga sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo

  1. Mokgatlho wa sepolotiki. Sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se na le “ditlhogo tse supa” tse di emelang “dithaba tse supa” le “dikgosi di le supa” kgotsa dipuso. (Tshenolo 17:9, 10) Mo Baebeleng dithaba le dibatana di tshwantshetsa dipuso.​—Jeremia 51:24, 25; Daniele 2:44, 45; 7:17, 23.

  2. Se tshwana le mekgatlho ya sepolotiki ya lefatshe lotlhe. Sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se tshwana le sebatana sa ditlhogo tse supa se go buiwang ka sone mo go Tshenolo 13, se se emelang mekgatlho ya sepolotiki mo lefatsheng lotlhe. Dibatana tseno ka bobedi di na le ditlhogo tse supa, dinaka di le lesome le maina a tlhapatso. (Tshenolo 13:1; 17:3) Tsela e di tshwanang ka yone e a makatsa. Sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo ke setshwantsho kgotsa se tshwana le mekgatlho ya sepolotiki ya lefatshe lotlhe.—Tshenolo 13:15.

  3. Se newa maatla ke babusi ba bangwe. Sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se “tswa mo” dipusong tse dingwe kgotsa se dirilwe ke tsone.—Tshenolo 17:11, 17.

  4. Se tlhotlhelediwa ke bodumedi. Babelona o Mogolo e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, o ntse mo godimo ga sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo, mme seno se bontsha gore sebatana seno se tlhotlhelediwa ke bodumedi.—Tshenolo 17:3-5.

  5. Se tlontlolola Modimo. Sebatana seno “se tletse maina a tlhapatso.”—Tshenolo 17:3.

  6. Se tla nyelela ka nakwana. Sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se tla tsenngwa mo “moleteng o o se nang bolekanngo,” * kgotsa ga se na go nna gone ka nakwana mme se tla boa gape.—Tshenolo 17:8.

Boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa

Akanya kafa Kgolagano ya Ditšhaba, e gone jaanong e bidiwang Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e neng ya diragatsa boporofeti jwa Baebele ka gone malebana le sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo.

  1. Mokgatlho wa sepolotiki. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ema mekgatlho ya sepolotiki nokeng ka go “tshwara Maloko otlhe a lone ka go lekalekana.” *

  2. Se tshwana le mekgatlho ya sepolotiki ya lefatshe lotlhe. Ka 2011, Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la nna le maloko a le 193. Ka jalo, le ipolela ka go re le emela bontsi jwa ditšhaba le batho mo lefatsheng.

  3. Se newa maatla ke babusi ba bangwe. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le kopanngwa ke dipuso tsa mo lefatsheng e bile ga le na taolo fa dipuso tseo di sa le neye maatla.

  4. Se tlhotlhelediwa ke bodumedi. Ka metlha Kgolagano ya Ditšhaba le Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng di engwa nokeng ke madumedi mo lefatsheng lotlhe. *

  5. Se tlontlolola Modimo. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ile la tlhomiwa “go dira gore go nne le kagiso le polokesego ya boditšhabatšhaba.” * Le fa gone maitlhomo ano a lebega a siame, boammaaruri ke gore Lekgotla leno le tlontlolola Modimo ka go bua gore le tla direla batho dilo tse di tla fitlhelelwang fela ke Bogosi Jwa Modimo.—Pesalema 46:9; Daniele 2:44.

  6. Se tla nyelela ka nakwana. Kgolagano ya Ditšhaba e e neng ya tlhomiwa morago ga Ntwa ya Lefatshe I ka maikaelelo a go dira gore go nne le kagiso, e ne ya palelwa ke go thibela dikgotlhang tse di neng tsa nna gone magareng ga dipuso tsa lefatshe. E ne ya tswalwa fa Ntwa ya Lefatshe II e runya ka 1939. Ka 1945, fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go fela, go ne ga tlhomiwa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Lekgotla leno le tshwana le Kgolagano ya Ditšhaba ka boikaelelo, tsela e le dirang dilo ka yone le e le rulagantsweng ka yone.

^ ser. 7 Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “molete” le kaya “boteng jo bo se nang bolekanngo.” Baebele ya King James e ranotse lefoko leo e re ke “khuti e e se nang boteng.” Mo Baebeleng le kaya lefelo kgotsa seemo sa botshwarwa go se na tiro epe e e diriwang.

^ ser. 9 Bona Molawana 2 wa Molaotheo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

^ ser. 12 Ka sekai, ka 1918, lekgotla le le emelang dikereke tse di ntsi tsa Baporotesetanta kwa Amerika le ne la re Kgolagano ya Ditšhaba e tla nna “kemedi ya sepolotiki ya bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Ka 1965, baemedi ba Babuda, Bahindu, Bajuda, Bamoseleme, Bakatoliki, Baporotesetanta le ba Eastern Orthodox ba ne ba kokoana mmogo kwa San Francisco go tshegetsa le go rapelela Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Mme ka 1979, Mopapa John Paul II o ne a re o solofela gore Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, “le tla nnela ruri lekgotla le legolo la kagiso le tshiamiso.”

^ ser. 13 Bona Molawana 1 wa Molaotheo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.