Fetela kwa tshedimosetsong

Mosimolodi wa Lona ke Mang?

Mosimolodi wa Lona ke Mang?

 Phuthego ya segompieno ya Basupi ba ga Jehofa e simologile mo bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga. Ka nako eo, setlhotswana sa baithuti ba Baebele ba ba neng ba nna gaufi le Pittsburgh, Pennsylvania, kwa United States, se ne sa simolola thulaganyo ya go sekaseka Baebele ka kelotlhoko. Ba ne ba bapisa dithuto tse di neng di rutwa ke dikereke le se tota Baebele e se rutang. Ba ne ba simolola go phasalatsa se ba neng ba se ithuta mo dibukeng, mo makwalodikgannyeng le mo makasineng o gone jaanong o bidiwang Tora ya Tebelo—E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa.

 Mongwe wa baithuti bao ba Baebele ba ba tlhoafetseng e ne e le monna yo o bidiwang Charles Taze Russell. Le fa ka nako eo Russell a ile a etelela pele tiro eo ya go ruta Baebele e bile e ne e le ene mokwadi wa ntlha wa Tora ya Tebelo, e ne e se ene mosimolodi wa bodumedi jo bosha. Boikaelelo jwa ga Russell le Baithuti ba Baebele ba bangwe, e leng leina le ka nako eo ba neng ba itsege ka lone, e ne e le go buelela dithuto tsa ga Jesu Keresete le go latela tsela ya go dira dilo ya phuthego ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. E re ka Jesu e le ene Mosimolodi wa Bokeresete, re mo tsaya e le ene mosimolodi wa phuthego ya rona.—Bakolosa 1:18-20.