Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Bakeresete?

A lo Bakeresete?

 Ee. Re Bakeresete ka mabaka a a latelang:

  •   Re leka ka bojotlhe go latela dithuto le boitshwaro jwa ga Jesu Keresete.—1 Petere 2:21.

  •   Re dumela gore Jesu ke ene a ka re thusang go bona poloko, gore “ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo le batho ba le neilweng le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.”—Ditiro 4:12.

  •   Fa motho a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o kolobediwa mo leineng la ga Jesu.—Mathaio 28:18, 19.

  •   Fa re rapela re rapela ka leina la ga Jesu.—Johane 15:16.

  •   Re dumela gore Jesu ke Tlhogo, kgotsa yo o tlhomilweng go laola batho botlhe.—1 Bakorintha 11:3.

 Le fa go ntse jalo, re farologana ka ditsela di le mmalwa le ditlhopha tse dingwe tse di bidiwang tsa Bokeresete. Ka sekai, re dumela gore Baebele e ruta gore Jesu ke Morwa Modimo, e seng gore ke karolo ya Tharonngwe. (Mareko 12:29) Re dumela gore moya wa motho o a swa, gore ga go na lebaka lepe la Dikwalo la go ruta gore Modimo o bogisa batho ka go ba fisa ka bosakhutleng mo diheleng, kgotsa gore ba ba etelelang pele mo ditirong tsa bodumedi ba tshwanetse go newa direto tse di ba tlotlomatsang go feta batho ba bangwe.—Moreri 9:5; Esekiele 18:4; Mathaio 23:8-10.