Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Amogela Madumedi a Mangwe?

A lo Amogela Madumedi a Mangwe?

 Re latela kgakolo ya Baebele ya gore re ‘tlotle batho botlhe’—go sa re sepe gore ke ba bodumedi bofe. (1 Petere 2:17, Baebele e e Boitshepo) Ka sekai, mo dinageng dingwe go na le Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete. Le fa go ntse jalo, ga re leke go pateletsa boradipolotiki kgotsa batho ba ba tlhomang molao gore ba kgoreletse kgotsa ba thibele tiro ya madumedi a mangwe. E bile ga re tswe letsholo go tlhotlheletsa dipuso go tlhoma melao e e pateletsang batho ba bangwe go tshela go ya ka boitsholo jwa rona kgotsa ditumelo tsa rona. Go na le moo, re amogela batho ba madumedi a mangwe ka yone tsela e re lebeletseng gore le bone ba re amogele ka yone.—Mathaio 7:12.