Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Rerela Batho Ba ba Ba Reileng ba re “Ga re Kgatlhege”?

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Rerela Batho Ba ba Ba Reileng ba re “Ga re Kgatlhege”?

 Basupi ba ga Jehofa ba rata Modimo le baagelani ba bone ke ka moo ba itumelelang go bua le batho botlhe ka molaetsa wa Baebele, tota le batho ba ba ba reileng ba re “ga re kgatlhege.” (Mathaio 22:37-39) Go rata Modimo go re tlhotlheletsa gore re ikobela taelo ya Morwawe ya gore re ‘neye bosupi ka botlalo.’ (Ditiro 10:42; 1 Johane 5:3) Re etsa sekao sa boporofeti ba bogologolo ba ba neng ba isa molaetsa wa Modimo kwa bathong kgapetsakgapetsa. (Jeremia 25:4) E re ka re rata baagelani ba rona, re bua le bone ka molaetsa o o bolokang matshelo wa ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi’ go akaretsa le batho ba ba ba re reileng ba re ga ba kgatlhege.—Mathaio 24:14.

 Gantsi batho ba ba neng ba sa kgatlhegele molaetsa wa rona kwa tshimologong, ba a re reetsa fa re boela kwa go bone. Ela tlhoko mabaka ano a mararo:

  •   Batho ba a fuduga.

  •   Bangwe ba batho ba ba mo lelapeng la motho yo o sa kgatlhegeng ba rata molaetsa wa rona.

  •   Batho ba a fetoga. Go fetoga ga maemo a batho le ditiragalo tsa lefatshe go ka dira gore bangwe ba lemoge gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo mme seo se dira gore ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele. (Mathaio 5:3) Tota le batho ba ba re ganetsang ba ka fetoga fela jaaka go ile ga direga ka moaposetoloi Paulo.—1 Timotheo 1:13.

 Mme ga re pateletse batho go reetsa molaetsa wa rona. (1 Petere 3:15) Re dumela gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore a o tla obamela Modimo jang.—Duteronome 30:19, 20.