Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Iletsa Difilimi, Dibuka Kgotsa Dipina Tse di Rileng?

A lo Iletsa Difilimi, Dibuka Kgotsa Dipina Tse di Rileng?

 Nnyaa. Mokgatlho wa rona ga o sekaseke difilimi, dibuka kgotsa dipina tse di rileng go tlhoma molao wa gore ke dife tse maloko a rona a tshwanetseng go di tila. Ka ntlha yang?

  Baebele e kgothaletsa mongwe le mongwe go thapisa ‘bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga’ go farologanya se se siameng le se se sa siamang.—Bahebera 5:14.

  Dikwalo di na le melaometheo ya konokono e Mokeresete a ka e sekasekang fa a tlhopha boitlosobodutu. a Jaaka go ntse mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo, mokgele wa rona ke go ‘tlhomamisa se se amogelesegang mo Moreneng.’—Baefeso 5:10.

  Baebele e ruta gore ditlhogo tsa malapa di na le taolo e e rileng, ka jalo ba ka nna ba tlhopha gore ba se ka ba letlelela ba malapa a bone gore ba nne le seabe mo mefuteng e e rileng ya boitlosobodutu. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 6:1-4) Le fa go ntse jalo, kwa ntle ga mo lelapeng, ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go iletsa difilimi, dipina kgotsa baopedi ba ba rileng a re ga di amogelesege mo malokong a phuthego.—Bagalatia 6:5.

a Ka sekai, Baebele e kgala sepe fela se se rotloetsang go dirisana le meya, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo kgotsa thubakanyo.—Duteronome 18:10-13; Baefeso 5:3; Bakolosa 3:8.