Fetela kwa tshedimosetsong

Thekenoloji e e Dirisiwang go Boloka Tshedimosetso

Thekenoloji e e Dirisiwang go Boloka Tshedimosetso

Gantsi fa o tsena mo website nngwe, tota le ya rona, go na le tshedimosetso nngwe e e bolokiwang ke founo, tablet kgotsa khomputara ya gago. Thekenoloji eno e e bolokang tshedimosetso e ka tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng, ka sekai go na le web beacons, cookies le localStorage. Thekenoloji eno e dira gore website ya rona e bereke sentle le go re naya tshedimosetso ya kafa batho ba dirisang website eno ka gone. Re dirisa tshedimosetso eno go tokafatsa website ya rona. Ga re kope batho ba ba tsenang mo website ya rona gore ba ikitsise ntle le fa ba dira kopo ya gore ba direlwe sengwe.

Thekenoloji e e Tlhalosang Kafa Motho a Dirisang Website ka Teng. Go na le dithulaganyo tse di farologaneng tsa thekenoloji tse di ka dirang gore o itumelele go dirisa website ya rona. Re ka dirisa thulaganyo eno ya thekenoloji go bona gore a o kile wa tsena mo website ya rona kgotsa go bona gore ke dilo dife tse o ne neng o di dira fa o ne o le mo go yone. Ka sekai, fa o ne o tlhophile go bala dilo dingwe mo website ka puo nngwe, re ka boloka tshedimosetso eno gore fa o tsena gape e go tlhagisitse dilo ka puo eo. Ga re dirise tshedimosetso eno go bapatsa sepe.

Re dirisa ditsela tse di farologaneng go boloka tshedimosetso:

  1. Thulaganyo e e Tlhokegang Gore re Boloke Tshedimosetso ya Gago. Thulaganyo eno e thusa gore o kgone go dira dilo dingwe fa o le mo website ya rona tse di jaaka go tlatsa foromo, go kopa sengwe kgotsa go ntsha moneelo. Tshedimosetso e re e bolokang e re thusa gore re kgone go diragatsa kopo ya gago. Ga re boloke tshedimosetso ya gago go bapatsa sepe fela kgotsa gore re bone fa o tsene mo Internet.

  2. Thulaganyo e e Bolokang Tshedimosetso ya Dilo Tse o Ratang go di Dira. Thulaganyo eno e boloka dilo tse o di tlhophileng fa o ne o le mo website ya rona (jaaka leina le o le dirisang go tsena mo akhaontong ya gago, puo e o e tlhophang le lefelo le o leng kwa go lone) le go go bontsha dilo tse di tsamaisanang le se o se tlhophileng.

  3. Thulaganyo e e Bolokang Tshedimosetso ya Kafa Batho ba Dirisang Website ka Teng. Thulaganyo eno e re thusa go itse gore website ya rona e dirisiwa jang, ka sekai ke batho ba le kae ba ba e dirisang le gore ba tsena ga kae mo go yone. Re dirisa tshedimosetso eno fela gore re kgone go tokafatsa tsela e website ya rona e berekang ka yone.

Dithulaganyo tseno tse di tlhalositsweng fa godimo, ke tse di dirisiwang ke website ya rona fa o le mo go yone. Ka dinako tse dingwe, re dirisa thekenoloji ya dikhampani tse dingwe mme re a tlhalosa fa e le tsa tsone.

Mafelo a a Etelwang Thata. Ditsebe tse di mo website ya rona di na le difaele tse dinnye tse di re thusang go itse gore tsebe e e rileng e etelwa ga kae. Difaele tseno ke tsone di re thusang go itse gore a website ya rona e bereka sentle.

Aterese ya Internet. Go na le aterese ya dinomoro e e dirang gore go itsiwe gore o dirisa khomputara efe fa o tsene mo Internet. Re dirisa aterese ya Internet ya gago go bona gore o dirisa jang website ya rona. Gape re e dirisetsa gore fa go na le mathata mangwe re kgone go go thusa le go tokafatsa dilo dingwe. Mme gone ga se gore aterese eno ya Internet e re bolela gore ke wena mang.

Se o Se Tlhophang. Fa o ne o tsena mo website ya rona lekgetlo la ntlha, go ile ga nna le tshedimosetso (cookies) e ileng ya romelwa gore e bolokwe mo khomputareng ya gago. Fa o dirisa website eno, go raya gore o dumalana le gore re dirise thekenoloji eno go boloka tshedimosetso mo khomputareng ya gago. Fa o sa dumalane, o ka tsena mo Internet e o e dirisang o bo o fetola seno mo karolong ya Settings (ka go tima cookies); mme go na le dilo dingwe tse di se kitlang di bereka sentle mo website ya rona fa o timile cookies. O ka kopa thuso mo Internet ya kafa o ka timang cookies ka teng go ikaegile ka gore o dirisa thulaganyo efe ya Internet.

Tlhopha website nngwe e e fa tlase go bona gore di-cookie di dirisiwa jang.

Bala le setlhogo se se reng Thekenoloji e e Dirisiwang ke Di-Website Tsa Rona Tse di Farologaneng.