Fetela kwa tshedimosetsong

Molawana wa Tshireletsego

Molawana wa Tshireletsego

ELA TLHOKO: FA O DIRISA WEBSITE ENO, O BO O RE NAYA TSHEDIMOSETSO YA GAGO, O RE LETLA GORE RE E DIRISE GO DUMALANA LE MOLAWANA ONO WA TSHIRELETSEGO LE GO DUMALANA LE MELAO E E TENG YA GO DIRISA TSHEDIMOSETSO YA BATHO.

 KAFA RE SIRELETSANG TSHEDIMOSETSO YA GAGO KA TENG

Re batla go sireletsa tshedimosetso e o re e nayang. Molawana ono wa tshireletsego o go tlhalosetsa kafa tshedimosetso ya gago e dirisiwang ka gone mo website eno. Go na le tshedimosetso nngwe e re nnang le yone fa o tsena mo website ya rona, mme tshedimosetso eno re e baya sentle re bo re go bolelela gore re e dirisa jang. O ka nna wa tlhopha go re naya tshedimosetso ka ga gago. Tshedimosetso ka ga gago e akaretsa leina la gago, email, aterese ya gago, dinomoro tsa founo kgotsa sepe fela se se amanang le wena. Ga o tlhoke go re naya tshedimosetso eno fa o tsene mo dikarolong tse di kgonang go bonwa ke mongwe le mongwe fela mo website eno. Fa re bua ka website, re bua ka apps.pr418.com, tv.pr418.com, stream.pr418.com le ka wol.pr418.com.

 KAFA TSHEDIMOSETSO YA GAGO E DIRISIWANG KA TENG

Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. (Kgotsa “Watchtower” ka bokhutshwane) ke yone e ikarabelelang ka website eno. Ke mokgatlho o o kwa New York o o tshegediwang ka meneelo. Mokgatlho ono o tshegetsa tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang ya go ruta batho Baebele. Fa o bula akhaonto, o ntsha moneelo, o kopa gore mongwe a tle go ithuta Baebele le wena kgotsa o dira sepe fela se se tlhokang tshedimosetso ya gago, o tla bo o dumalana le molawana ono le gore tshedimosetso ya gago e bolokiwe kwa United States of America mme fa go tlhokega e romelwe le go bolokwa kwa mekgatlhong e e farologaneng ya Watchtower kgotsa kwa mekgatlhong e e tshegetsang tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa gore kopo ya gago e diragadiwe. Mokgatlho ono wa bodumedi o dirisana le diofisi tse dingwe tse di kwadisitsweng semolao mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa, diofisi tsa makala le mekgatlho e mengwe ya Basupi ba ga Jehofa.

Tshedimosetso ya gago e bolokiwa ke mokgatlho o o rileng go ikaegile ka gore o tlhoka eng mo website. Ka sekai, fa o kopa gore moneelo wa gago o romelwe kwa ofising ya lekala e e kwa nageng nngwe, re romelela ofisi eo leina le dinomoro tsa gago. Sekai se sengwe ke fa o kopa gore mongwe a tle go ithuta Baebele le wena, seno se raya gore re a go romela tshedimosetso ya go ikgolaganya le wena le leina la gago kwa ofising nngwe ya lekala le kwa phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa gore go romelwe mongwe yo o tla ithutang le wena.

Fa e le gore naga e o nnang mo yone e na le melao e e e dirisang ya tshireletsego, bona tsebe ya Dinaga Tse di Nang le Melawana ya go Sireletsa Tshedimosetso ya Batho go bona gore o ka ikgolaganya jang le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng ya lona.

 KAFA TSHEDIMOSETSO YA GAGO E SIRELEDIWA KA TENG

Re tsaya go boloka tshedimosetso ya gago go le botlhokwa. Re dirisa didirisiwa tsa bosheng go boloka tshedimosetso ya gago gore e se ka ya bonwa ke batho ba ba sa berekeng ka yone, gore e dirisiwe sentle, gore e se ka ya fetolwa ka tsela epe, gore e se ka ya senngwa kgotsa ya latlhega ka phoso. Dikhampani tsotlhe le batho botlhe ba re dirisanang le bone malebana le tshedimosetso ya gago ba tlotla melawana ya tshireletsego. Re tla boloka tshedimosetso ya gago ka lobaka lo re tla lo tsayang go diragatsa kopo ya gago kgotsa ka lobaka lo lo beilweng ke melao ya naga.

Fa tshedimosetso ya gago e romelwa golo gongwe, go dirisiwa Transport Layer Security (TLS) go romela tshedimosetso eo ka tsela e e sireletsegileng. Dikhomputara tsa rona di nna mo mafelong a a sireletsegileng gore tshedimosetso e re e romelelwang e se ka ya latlhega kgotsa ya bonwa ke ope yo o se nang tetla. Go tsena batho ba ba nang le tetla ya go bereka ka tshedimosetso eo fela.

 BA DINGWAGA TSE DI KWA TLASE

Fa o le mosha yo o kafa tlase ga dingwaga tse di beilweng ke naga tsa gore motho a ka ikemela, go raya gore fa o re naya tshedimosetso ya gago o tshwanetse go thusiwa ke motsadi kgotsa mogolo mongwe. Fa motsadi kgotsa mogolo mongwe a letla mosha yono gore a re neye tshedimosetso ya gagwe mo website eno go raya gore motsadi kgotsa mogolo yoo o dumalana le molawana ono.

 DIKHAMPANI TSE RE DIRISANANG LE TSONE

Ka dinako tse dingwe website ya rona e nna le dilinki tse di go isang kwa website ya khampani nngwe e e re thusang ka dilo dingwe (ka sekai, fa o tlatsa foromo). O tla lemoga gore o mo website ya khampani e nngwe, fa o bona tebego le aterese ya tsebe e o isitsweng kwa go yone e fetoga. Fa re kopa gore dikhampani tse dingwe di re thuse ka sengwe, re sekaseka melawana ya tsone ya tshireletsego mme re dira jalo ka metlha go tlhomamisa gore e nna e dumalana le ya rona. Fa o na le dipotso malebana le melawana ya tsone, tsweetswee tsena mo website ya tsone.

 FA MOLAWANA ONO O FETOGA

Ka metlha re nna re fetola dilo dingwe le go tlhabolola website ya rona. Diphetogo tseno di dira gore re fetole melawana ya rona. Gape re e fetola fa melao e fetoga le fa thekenoloji e ntse tlhabololwa. Fa re tlhoka go fetola sepe fela mo Molawaneng ono, re tla lo itsise.

 TSELA E TSHEDIMOSETSO E TLHAGANG KA YONE

Go na le thulaganyo nngwe e e re thusang go dira gore website ya rona e bereke ka tsela e e rulaganeng. Ke thulaganyo ya thekenoloji e e dirang gore tshedimosetso e o e batlang e kgone go tlhaga mo website ka bonako. Thulaganyo eno ga e na go go tsenyetsa dilo tse o sa di batleng mo khomputareng ya gago kgotsa ya tsaya tshedimosetso ya gago ka bokhukhuntshwane.

O tlhoka go tshuba Active Scripting kgotsa JavaScript mo Internet gore dilo dingwe mo website di kgone go bereka sentle. Ke sengwe se o kgonang go se tshuba kgotsa go se tima fa o le mo Internet. Fa o batla go dirisa thekenoloji eno kopa thuso mo Internet.