Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Bana ba ka rata Modimo jang?

Ruta ngwana ka popo gore a itse Modimo le go mo rata

Bana ba gago ba ka rata Modimo fela fa ba na le bosupi jwa gore Modimo o teng le gore o a ba rata. Gore ba rate Modimo, ba tshwanetse go mo itse. (1 Johane 4:8) Ka sekai, ba tshwanetse go itse gore: Ke eng fa Modimo a bopile motho? Goreng Modimo a letlelela batho gore ba boge? Modimo o tla direla batho eng mo isagweng?—Bala Bafilipi 1:9.

Fa o batla go thusa bana ba gago go rata Modimo, o tshwanetse go ba bontsha gore o a mo rata. Fa ba bona seo, ba ka latela sekao sa gago.—Bala Duteronome 6:5-7; Diane 22:6.

O ka fitlhelela dipelo tsa bana ba gago jang?

Lefoko la Modimo le maatla. (Bahebera 4:12) Ka jalo, ruta bana ba gago dithuto tsa lone tsa motheo. Jesu o ne a fitlhelela dipelo tsa batho ka go botsa dipotso, go reetsa le go tlhalosa Dikwalo. O ka fitlhelela dipelo tsa bana ba gago ka go etsa ditsela tsa ga Jesu tsa go ruta.—Bala Luke 24:15-19, 27, 32.

Mo godimo ga moo, dipego tsa Baebele tsa kafa Modimo a neng a dirisana le batho ka gone di ka thusa bana go itse Modimo le go mo rata. Dikgatiso tse di diretsweng go thusa bana di teng mo www.pr418.com/tn.—Bala 2 Timotheo 3:16.