Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ETSA TUMELO YA BONE | MARIA

O ne A Falola Tšhaka

O ne A Falola Tšhaka

MARIA o ne a khubama ka mangole, go ne go le thata go tlhalosa kutlobotlhoko ya gagwe. O sa ntse a gakologelwa selelo sa bofelo sa morwaawe fa a ne a tlhokafala morago ga go boga diura di le dintsi. Ka sethoboloko, loapi lo ne lo fifetse. Lefatshe le ne la roroma fela thata. (Mathaio 27:45, 51) Mo go Maria, go ne go bonala e kete Jehofa ka boene o ne a dira gore lefatshe le itse gore o ne a utlwisitswe botlhoko ke loso lwa ga Jesu Keresete go feta motho ope fela.

Thapama fa lefifi le apoga mo Gologotha kgotsa Felo ga Logata, Maria o ne a hutsafalela morwaawe. (Johane 19:17, 25) A ka tswa a ne a akanya ka dilo di le dintsi. Gongwe o ne a gakologelwa se se neng sa direga dingwaga di le 33 pele ga foo. Ene le Josefa ba ne ba sa tswa go isa ngwana wa bone yo ba mo ratang kwa tempeleng kwa Jerusalema mme monnamogolo mongwe e bong Simeone o ne a tlhotlhelediwa go bua mafoko a boporofeti. O ne a bolelela pele dilo tse dikgolo ka ga Jesu, mme a oketsa ka gore letsatsi lengwe Maria o tla ikutlwa e kete o segiwa ke tšhaka e telele. (Luke 2:25-35) Ke gone mo nakong eno ya tlalelo a tlhaloganyang ka botlalo boammaaruri jwa mafoko ao.

Maria o ne a tlhabiwa mo pelong ke kutlobotlhoko

Go kile ga buiwa gore loso lwa ngwana ke tatlhegelo e e botlhoko thata e motho a ka lebanang le yone. Loso ke mmaba yo o setlhogo mme lo re utlwisa botlhoko. (Baroma 5:12; 1 Bakorintha 15:26) A go a kgonega go tila botlhoko joo? Fa re ntse re sekaseka botshelo jwa ga Maria go tloga kwa tshimologong ya bodiredi jwa ga Jesu go fitlha fa a swa, le e leng morago ga loso lwa gagwe, re tla ithuta go le gontsi ka tumelo e e thusitseng Maria go falola tšhaka ya khutsafalo.

“LE FA E LE ENG SE A SE LO BOLELELANG, LO SE DIRE”

Mma re boele morago dingwaga di le tharo le sephatlo. Maria o ne a lemoga gore go na le phetogo e e tlang. Tota le mo motseng o monnye wa Nasaretha, batho ba ne ba ntse ba bua ka Johane Mokolobetsi le ka molaetsa wa gagwe o o tlhotlheletsang o o malebana le go ikwatlhaya. Maria o ne a lemoga gore morwa wa gagwe yo mogolo o ne a tsaya dikgang tseo e le sesupo; e ne e le nako ya gore a simolole bodiredi jwa gagwe. (Mathaio 3:1, 13) Mo go Maria le lelapa la gagwe, go tsamaya ga ga Jesu mo lelapeng, go ne go tla kaya diphetogo tse di rileng. Goreng?

Go bonala monna wa ga Maria e bong Josefa a ne a setse a tlhokafetse. Fa go le jalo, e ne e se lekgetlo la ntlha Maria a swelwa. * Jaanong Jesu o ne a sa bidiwe fela “morwa wa mmetli” mme gape o ne a bidiwa “mmetli.” Seno se supa gore Jesu o ne a tsere kgwebo ya ga rraagwe e bile a tlamela lelapa la gaabo le le neng le na le bobotlana bana ba le barataro ba ba neng ba tshotswe morago ga gagwe. (Mathaio 13:55, 56; Mareko 6:3) Tota le fa Jesu a ne a thapisa Jakobe—yo go bonalang e ne e le ene mogoloe—gore a tswelele ka kgwebo, go tsamaya ga ga Jesu e ne e tla nna sengwe se se thata mo lelapeng. Maria o ne a setse a sikere maikarabelo a a bokete; a o ne a boifa phetogo eno? Ga re tlhomamisege. Mme gone potso ya botlhokwatlhokwa ke eno: O ne a tla tsiboga jang fa Jesu wa Nasaretha a nna Jesu Keresete, Mesia yo o neng a sa bolo go solofediwa? Pego nngwe ya Baebele e bua sengwe ka kgang eo.—Johane 2:1-12.

Jesu o ne a ya kwa go Johane go ya go kolobediwa a bo a nna Yo o Tloditsweng wa Modimo kgotsa Mesia. (Luke 3:21, 22) Go tswa foo, o ne a simolola go tlhopha barutwa ba gagwe. Le fa tiro ya gagwe e ne e potlakile, o ne a nna le dinako tse di itumedisang le ba lelapa la gaabo le ditsala. Ene, mmaagwe, barutwa le bomogoloe ba ne ba ya kwa moletlong wa lenyalo kwa Kana, e go bonalang e ne e le motse o o kwa thabeng o o leng dikilometara di le 13 go tswa kwa Nasaretha. Ka nako ya meletlo, Maria o ne a lemoga bothata bongwe. Gongwe o ne a lemoga gore bangwe mo lelapeng la banyalani bao ba ne ba lebana ba tshogile e bile ba sebaseba. Ba ne ba feletswe ke beine! Go ya ka setso sa bone, seo se ne se tla bontsha gore ba ne ba sa amogele baeng e bile se ne se tla tlhabisa ba lelapa ditlhong mme sa senya tiragalo eo fela thata. Maria o ne a ba utlwela botlhoko a bo a ya kwa go Jesu.

O ne a raya morwaawe a re: “Ga ba na beine.” O ne a lebeletse gore a dire eng? Ga re tlhomamisege mme gone o ne a itse gore morwaawe o ne a ka dira dilo tse dikgolo. Gongwe o ne a lebeletse gore o tla simolola ka nako eo. Tota e bile o ne a mo raya a re, “Morwaaka, tsweetswee dira sengwe ka kgang eno!” Karabo ya ga Jesu e tshwanetse ya bo e mo gakgamaditse. O ne a re: “Ke dirang ka wena, mosadi?” Ga se gore mafoko ano a ga Jesu a ne a sa bontshe tlotlo, le fa gone a ile a tlhaloganngwa ka tsela e e seng yone. Le fa go ntse jalo, mafoko a gagwe a ne a bontsha kgakololo e e molemo. Jesu o ne a gopotsa mmaagwe gore tota go ne go se sepe se a neng a ka se bua mo tseleng e a neng a dira bodiredi jwa gagwe ka yone; eo e ne e le tiro ya ga Rraagwe e bong Jehofa.

Maria o ne a reetsa kgakololo ya morwaawe ka gonne e ne e le mosadi yo o tlhaloganyang e bile a le boikobo. O ne a raya batho ba ba neng ba naya batho dijo kwa moletlong a re: “Le fa e le eng se a se lo bolelelang, lo se dire.” Maria o ne a lemoga gore ga a sa tlhole a tshwanelega go kaela morwaawe; go na le moo, ene le batho ba bangwe ba tshwanetse go tsaya ditaelo mo go Jesu. Jesu le ene o ne a bontsha gore o utlwela banyalani bao ba basha botlhoko fela jaaka mmaagwe a ba utlwela botlhoko. O ne a dira nngwe ya dikgakgamatso tsa gagwe tsa ntlha, go fetola metsi go nna beine e e monate. Seno se ne sa felela ka eng? “Barutwa ba gagwe ba ne ba dumela mo go ene.” Maria le ene o ne a dumela mo go Jesu. O ne a mo tsaya e le Morena le Mmoloki e seng fela morwa wa gagwe.

Gompieno batsadi le bone ba ka ithuta go le gontsi mo tumelong ya ga Maria. Ke boammaaruri gore ga go ope yo o kileng a godisa ngwana yo o tshwanang le Jesu. Mme gone fa ngwana ope fela a ntse a gola, seo se ka lere dikgwetlho ka gonne a sa itekanela. Motsadi a ka nna a tswelela a tsaya morwa kgotsa morwadie jaaka e kete ke ngwana, le fa gone go sa tlhole go tshwanela gore a mo tseye jalo. (1 Bakorintha 13:11) Motsadi a ka thusa jang bana ba ba godileng? Tsela nngwe ke ka go tlhatswega pelo gore morwao kgotsa morwadio yo o ikanyegang o tla tswelela a tshela ka dithuto tsa Baebele mme seo se tla dira gore Jehofa a mo segofatse. Fa batsadi ba ikokobeletsa bana ba bone e bile ba ba ikanya, seo se tla solegela bana ba bone molemo thata fa ba godile. Kwantle ga pelaelo Jesu o ne a anaanela kemonokeng ya ga Maria mo dingwageng tse di neng tsa latela tse di neng di tletse ditiragalo.

“BOMORWARRAAGWE BA NE BA SA SUPE TUMELO MO GO ENE”

Diefangele di re bolelela go le gonnye fela ka ga Maria mo dingwageng di le tharo le sephatlo tsa bodiredi jwa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, se lebale gore go bonala e ne e le motlholagadi—motsadi yo o esi yo gongwe a godisang bana ba ba sa ntseng ba le kwa gae. Go a tlhaloganyesega go bo a ne a sa kgone go latela Jesu fa a ntse a rera mo motseng wa gaabo. (1 Timotheo 5:8) Go ntse go le jalo, o ne a tswelela a tlhatlhanya ka dilo tsa semoya tse a di ithutileng ka Mesia le go ya dipokanong mo sinagogeng e re ka seno e ne e le tlwaelo ya lelapa.—Luke 2:19, 51; 4:16.

Ka jalo, go ka direga gore Maria o ne a ntse le bareetsi fa Jesu a ne a bua mo sinagogeng kwa Nasaretha. Ruri go ne go mo itumedisa go reetsa morwaawe a itsise gore boporofeti jo bo boletsweng dingwaga di le makgolokgolo tse di fetileng, jaanong bo ne bo diragadiwa ke ene! Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga bo go ne go mo ngomola pelo go bona kafa Banasaretha ba neng ba sa amogele morwaawe ka gone. Tota ba ne ba leka le go mmolaya!—Luke 4:17-30.

Sengwe gape se se neng se ngomola pelo e ne e le tsela e barwa ba bangwe ba ga Maria ba neng ba tsibogela Jesu ka yone. Mo go Johane 7:5 re ithuta gore bakaulengwe ba le banè ba ga Jesu ba ne ba se na tumelo e e tshwanang le ya mmaabone. Re bala jaana: “Bomorwarraagwe ba ne ba sa supe tumelo mo go ene.” Mme fa e le bokgaitsadi ba le babedi ba ga Jesu bone, Baebele ga e bue sepe ka bone. * Le fa boemo e ka tswa e le bofe, Maria o ne a itse botlhoko jo bo bakiwang ke go nna mo lelapeng la madumedi a a farologaneng. O ne a tshwanelwa ke go nna a ikanyega mo boammaaruring jwa Modimo fa a ntse a leka go gapa dipelo tsa maloko a lelapa kwantle ga go itira botoka kgotsa go gaisana le bone.

Mo lekgetlong lengwe, setlhopha sa ba losika—go akaretsa le barwarraagwe Jesu—se ne sa swetsa ka go “tshwara” Jesu. Tota ba ne ba re: “O latlhegetswe ke tlhaloganyo.” (Mareko 3:21, 31) Ke boammaaruri gore Maria o ne a sa akanye jalo, mme gone o ne a tsamaya le barwa ba gagwe, gongwe e le ka tsholofelo ya gore ba tla ithuta sengwe se se tla ba thusang gore ba gole mo tumelong. A ba ne ba gola mo tumelong? Le fa Jesu a ne a tswelela ka go dira ditiro tse di tlhomologileng le go ruta dithuto tse di molemo, barwa ba bangwe ba ga Maria ga ya ka ya nna badumedi. A o ne a akabala a ipotsa gore ke eng se a ka se dirang go fitlhelela dipelo tsa bone?

A o tshela mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi? Tumelo ya ga Maria e ka go ruta sengwe se segolo. Ga a ka a latlhela seditse mo malokong a lelapa a a sa dumeleng. Go na le moo, o ne a tlhopha gore ba bone gore tumelo ya gagwe e ne ya mo tlisetsa boipelo le kagiso ya mogopolo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ne a ema nokeng morwaawe yo o ikanyegang. A o ne a tlhoafalela Jesu? A ka dinako dingwe o ne a eletsa e kete a ka bo a na le Jesu le maloko a gagwe a lelapa kwa gae? Fa go le jalo, o ne a kgona go itshwara. O ne a bona e le tshiamelo go ema Jesu nokeng le go mo rotloetsa. A le wena o ka thusa bana ba gago gore ba beye Modimo kwa pele mo matshelong a bone?

‘TŠHAKA E TELELE E TLA PHUNYELEDIWA MO GO WENA’

A tumelo ya ga Maria mo go Jesu e ile ya nna le maduo? Jehofa ga a ke a retelelwa ke go segofatsa botlhe ba ba nang le tumelo, tota e bile o ne a dira jalo le mo kgannyeng ya ga Maria. (Bahebera 11:6) Akanya fela gore Maria o ne a ikutlwa jang fa a reeditse morwaawe a bua kgotsa a utlwa batho ba bangwe ba ba neng ba mo reeditse fa a rera, ba bua ka dipego tsa go rera ga gagwe.

Ditshwantsho di le dintsi tsa ga Jesu di bontsha tsela e Maria le Josefa ba mo thapisitseng ka yone

Fa Maria a reeditse morwaawe a bua ka ditshwantsho, a o ne a kgona go utlwa mafoko a kafa Jesu a godisitsweng ka gone kwa Nasaretha? Fa Jesu a ne a bua ka mosadi yo o feelang ntlo ya gagwe gore a bone ledi la tshipi le le latlhegileng, a sila folouru gore a dire senkgwe, kgotsa a tshuba lebone a bo a le baya mo godimo ga setlhomeso, a Maria o ne a akanya ka mosimanyana yo o neng a mo eme nokeng fa a ntse a dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi? (Luke 11:33; 15:8, 9; 17:35) Fa Jesu a ne a re jokwe ya gagwe e bopelonomi le morwalo wa gagwe o motlhofo, a Maria o ne a akanya ka dinako tse di monate tse ba ileng ba nna le tsone bogologolo fa a ne a lebile Josefa a ruta Jesu yo mmotlana go dira jokwe ka kelotlhoko e le gore phologolo e kgone go e sikara sentle? (Mathaio 11:30) Ruri Maria o ne a kgotsofala fa a tlhatlhanya ka tshiamelo e Jehofa a mo neileng yone mo botshelong—ya go godisa le go thapisa morwa yo o neng a tla nna Mesia. O tshwanetse a bo a ile a itumelela go reetsa Jesu yo e neng e le morutisi yo mogolo go gaisa, yo o neng a ruta ka tsela e e molemo thata a dirisa dilo tse di tlwaelegileng le ditiragalo tsa nako eo!

Le fa go ntse jalo, Maria o ne a nna a ikokobeditse. Morwa wa gagwe ga a ka a dira gore Maria a tlotlomadiwe, re sa re bue sepe ka go mo obamela. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, mosadi mongwe mo boidiiding o ne a goa a re, mmè wa ga Jesu o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota go bo a ile a mo tshola. O ne a araba jaana: “Nnyaa, go na le moo, go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!” (Luke 11:27, 28) Mme fa bangwe mo boidiiding ba bontsha Jesu gore mmaagwe le bomorwarraagwe ba ne ba le gaufi, o ne a re ba ba dumelang ruri ke bone bommaagwe le bomorwarraagwe. Maria ga a ka a kgopisega, o ne a tlhaloganya mafoko a ga Jesu—kamano ya semoya e botlhokwa thata go gaisa ya senama.—Mareko 3:32-35.

Go ntse go le jalo, ke mafoko afe a a ka tlhalosang botlhoko jo Maria a neng a bo utlwa fa a ne a bona morwaawe a swa loso lo lo botlhoko mo koteng ya tlhokofatso? Moaposetoloi Johane yo o boneng polao eo ka matlho, moragonyana o ne a akaretsa ntlha eno e e botlhokwa mo pegong ya gagwe: Ka nako eo, Maria o ne a eme go “bapa le kota ya tlhokofatso ya ga Jesu.” Ga go sepe se se neng se ka thibela mmè yoo yo o lorato le yo o ikanyegang gore a se ka a ema go bapa le morwaawe go fitlha a tlhokafala. Jesu o ne a mmona, le fa gone a ne a utlwa botlhoko thata fa a hema e bile lefoko lengwe le lengwe le a neng a le bua le ne le dira gore a utlwe botlhoko, o ne a bua. O ne a kopa moaposetoloi Johane yo a neng a mo rata gore a tlhokomele mmaagwe. E re ka barwarraagwe Jesu ba ne ba ise ba nne badumedi, Jesu ga a ka a re ba tlhokomele mmaagwe go na le moo o ne a kopa molatedi wa gagwe yo o tlhoafetseng. Ka jalo, Jesu o ne a bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore motho yo o nang le tumelo a tlhokomele batho ba e leng ba gaabo, segolobogolo ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng.—Johane 19:25-27.

Fa Jesu a swa, Maria o ne a utlwa botlhoko jo go neng go boleletswe pele ka jone bogologolo, e leng tšhaka e telele ya khutsafalo e e phunyeletsang. Fa go le thata go tlhaloganya khutsafalo ya gagwe, ruri ga re kitla re tlhaloganya boipelo jo a nnileng le jone malatsi a le mararo moragonyana! Maria o ne a itse ka kgakgamatso e kgolo go di gaisa—Jesu o ne a tsositswe! Boitumelo jwa gagwe bo ne jwa oketsega ka gonne moragonyana Jesu o ne a bonala mo go morwarraagwe e bong Jakobe, ba le babedi fela. (1 Bakorintha 15:7) Go kopana ga bone, go ne ga ama le bomorwarraagwe Jesu ba bangwe. Moragonyana re utlwa gore ba ne ba simolola go dumela mo go Jesu e le Keresete. Go ise go ye kae ba ne ba nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete le mmaabone, “ba nnetse ruri mo thapelong.” (Ditiro 1:14) Moragonyana Jakobe le Jude ba ne ba kwala dibuka tsa Baebele.

Maria o ne a itumelela go bona barwa ba bangwe ba gagwe ba nna Bakeresete ba ba ikanyegang

La bofelo fa re utlwa ka Maria, ke fa a ne a na le bomorwaawe kwa dipokanong ba rapela. Ruri eo ke konelo e e tshwanelang ya pego ya ga Maria e bile o re tlhometse sekao se se molemo! Ka ntlha ya tumelo ya gagwe, o ne a falola tšhaka ya khutsafalo a bo a amogela maduo a a itumedisang. Fa re etsa tumelo ya gagwe, le rona re tla falola mathata a lefatshe leno le re tlisetsang one, e bile re tla itumelela maduo a a gaisang a re ka akanyang ka one.

^ ser. 8 Morago ga go tlhagelela mo kgannyeng e e neng ya diragala fa Jesu a ne a le dingwaga di le 12, ga go na mo Josefa a tlhagelelang gone mo pegong ya Diefangele. Morago ga moo, go tlotliwa ka mmaagwe Jesu mmogo le bana ba bangwe ba gagwe mme e seng ka Josefa. Ke gangwe fela mo Jesu a bidiwang “morwa wa ga Maria” go sa umakiwe sepe ka Josefa.—Mareko 6:3.

^ ser. 16 Josefa e ne e se rre yo o tsetseng Jesu, ka jalo bana bano e ne e le barwarraagwe le bomorwadiagwe Jesu ka Josefa.—Mathaio 1:20.