Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Gore Lefoko la Modimo le Itsiwe mo Metlheng ya Bogare Kwa Spain

Go Dira Gore Lefoko la Modimo le Itsiwe mo Metlheng ya Bogare Kwa Spain

“Fa ke le mo loetong ke ya [Spain], ke solofela go lo bona le gore lo mpuledise sekgalanyana koo fa ke sena go kgotsofalela pele go nna le lona nakonyana.”—Baroma 15:24.

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene ba kwa Roma mafoko ao mo e ka nnang ka ngwaga wa 56 C.E. Baebele ga e bue gore a tota Paulo o ne a tsaya loeto go ya kwa Spain. Go ntse go le jalo, mafoko a a molemo a a tswang mo Lefokong la Modimo, Baebele, a ile a fitlha kwa Spain mo lekgolong la bobedi lwa dingwaga C.E., ka ntlha ya matsapa a Paulo kgotsa barongwa ba bangwe ba Bakeresete ba a tsereng.

Go ise go ye kae, ditšhaba tsa Bakeresete di ile tsa simolola go gola le go anama kwa Spain. Seo se ne sa dira gore batho ba koo ba tshwanelwe ke go nna le Baebele e e ranoletsweng mo puong ya Selatine. Seno e ne e le ka go bo mo lekgolong la bobedi la dingwaga, naga ya Spain e ne e sa bolo go busiwa ke Baroma mme Selatine e ne e setse e le puo e e buiwang go ralala Mmusomogolo wa Roma.

DIBAEBELE TSA SELATINE DI TLILE KA NAKO

Bakeresete ba bogologolo ba kwa Spain ba ne ba nna le baranodi ba le mmalwa ba Selatine ba ba neng ba itsiwe e le Vetus Latina Hispana. Dibaebele tseno tsa Selatine di ne di anamisitswe mo nageng yotlhe ya Spain dingwaga di le dintsi pele Jerome a wetsa Baebele e e itsegeng ya Vulgate ya Selatine mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga C.E.

Thanolo ya ga Jerome—e a e weditseng kwa Bethelehema kwa Palesetina—e ile ya fitlha kwa Spain ka bonako. Fa Lucinius e bong moithuti yo o tlhoafetseng wa Baebele a utlwa gore Jerome o ne a rulaganya go ranola Baebele ka Selatine, o ne a batla go nna le khopi ya thanolo eno e ntšha ka bonako ka mo go kgonegang ka gone. O ne a roma bakwadi ba le barataro go ya kwa Bethelehema go ya go kopolola mafoko a yone le gore ba tle le one kwa Spain. Mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di latelang, ka bonya ka bonya Vulgate e ne ya tsaya boemo jwa Vetus Latina Hispana. Dithanolo tseo tsa Selatine di ile tsa thusa batho ba kwa Spain gore ba bale Baebele le go tlhaloganya molaetsa wa yone. Le fa go ntse jalo, fa Mmusomogolo wa Roma o ya kwa bokhutlong, go ne ga nna le ditlhoko tse di amanang le puo.

BAEBELE MO DILEITENG

Mo lekgolong la botlhano la dingwaga, Ba-Visigoth le bangwe ba ditso tsa kwa Jeremane ba ne ba ata kwa Spain mme go ne ga nna le puo e ntšha ya Se-Goth. Batho bao ba ne ba na le tsela ya bone ya Bokeresete e e itsiweng e le Arianism, e e neng e sa dumalane le Tharonngwe. Gape ba ne ba tla ka thanolo ya bone ya Baebele—Baebele ya Se-Goth ya Ulfilas. Baebele eno e ne ya dirisiwa kwa Spain go fitlha kwa bofelong jwa lekgolo la botlhano la dingwaga fa Reccared, kgosi ya Ba-Visigoth, e ne e nna Mokatoliki mme a gana Bo-Arias. O ne a dira gore dibuka tsotlhe tsa Se-Arias go akaretsa le Baebele ya Ulfilas, di kgobokanngwe di bo di senngwe. Kgabagare mokwalo wa Se-Goth o ne wa nyelela gotlhelele kwa Spain.

Letlapakwalelo le le nang le mokwalo wa Baebele ka puo nngwe ya Selatine, lekgolo la borataro la dingwaga C.E.

Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le ne la tswelela go phasaladiwa kwa Spain ka nako eo. Kwantle ga Se-Goth, go ne go sa ntse go na le puo ya Selatine se se neng se buiwa go ralala Spain e moragonyana e neng ya tlhama dipuo tsa kwa Roma tse di buiwang kwa Setlhaketlhakeng sa Iberia. * Ditlankana tsa bogologolo go gaisa tsotlhe tsa puo eo ya Selatine di itsege e le dileite tsa Visigoth, e re ka di ile tsa kwalwa mo dikgapetleng  kgotsa mo dileiteng tsa matlapa. Di sa le di kwalwa mo lekgolong la borataro le la bosupa la dingwaga mme dingwe tsa tsone di na le ditemana tse di mo go Pesalema le mo Diefangeleng. Seleite sengwe se na le Pesalema yotlhe ya bo16.

Go nna gone ga mokwalo wa Baebele ka dileite go bontsha gore batho ba ba sa rutegang ba ne ba kgona go bala e bile ba ne ba kwalolola Lefoko la Modimo ka nako eo. Go bonala barutisi ba ne ba dirisa ditemana tseno tsa Baebele go ruta bana ba ba neng ba ithuta go bala le go kwala. Dileite e ne e le dilo tsa go kwalela tse di neng di sa ture fa di bapisiwa le matlalo a a turang a go kwalela a baitlami ba bogologolo ba neng ba a dirisa go kwala Dibaebele tsa bone tse di nang le ditshwantsho.

Karolo e e tserweng mo Baebeleng ya ga León e e nang le ditshwantsho tse dintsi. Le fa Dibaebele tseno di le tlhwatlhwakgolo, ga di a kgona go dira gore molaetsa wa Lefoko la Modimo o anamele kwa bathong

Baebele nngwe e e turang e e nang le ditshwantsho e beilwe kwa kerekeng ya San Isidoro kwa motseng wa León kwa Spain. Fa e sa le e nna gone ka 960 C.E., e na le ditsebe di le 516 tsa bogolo jwa disentimetara di ka nna 47 bophara le boleele jwa disentimetara di ka nna 34 mme bokete jwa yone e ka nna dikilogerama di le 18. E nngwe e jaanong e leng kwa Laeboraring ya kwa Vatican, ke Baebele ya Ripoll, e e sa leng e le gone go tloga ka 1020 C.E. Ke nngwe ya Dibaebele tse di kgabisitsweng thata ya Dingwaga tsa Bogareng. Go taka ditiro tseo, moitlami mongwe a ka tswa a tsere letsatsi lotlhe a tlhama tlhaka ya ntlha kgotsa beke yotlhe a baakanyetsa setlhogo. Le fa gone Dibaebele tseo di le botlhokwa jalo, ga di a thusa mo go kalo ka go anamisiwa ga molaetsa wa Lefoko la Modimo mo bathong.

BAEBELE KA SEARABIA

Mo lekgolong la borobedi la dingwaga, go ne ga nna le puo e nngwe e e neng ya anama kwa Spain e le ka go bo Baiselamo ba ne ba tlhasela setlhaketlhake. Mo dinageng tse Bamoseleme ba ileng ba di thopa, Searabia se ne sa feketsa Selatine mme ga tlhokega gore Baebele e nne gone ka puo eno e ntšha.

Go simolola mo lekgolong la botlhano la dingwaga go ya go la borobedi C.E., Baebele ya Selatine le Searabia e ile ya thusa batho ba ba buang Se-Spain gore ba bale Lefoko la Modimo

Kwantle ga pelaelo dithanolo di le dintsi tsa Baebele ka puo ya Searabia—segolobogolo tsa Diefangele—di ile tsa anamisiwa mo metlheng ya bogare kwa Spain. Go bonala mo lekgolong la borobedi la dingwaga, John, mobishopo kwa Seville, a ile a ranola Baebele yotlhe ka Searabia. Ka maswabi bontsi jwa dithanolo tsa Searabia ga di tlhole di le gone. Nngwe ya dithanolo tsa Searabia tsa Diefangele ya go tloga mo bogareng jwa lekgolo la bolesome la dingwaga e beilwe kwa Kerekeng e kgolo ya León, kwa Spain.

Thanolo ya Searabia ya Diefangele, lekgolo la bolesome la dingwaga C.E.

 GO NNA GONE GA KGATISO YA SE-SPAIN

Kwa bowelong jwa Metlha ya Bogareng Se-Castili kgotsa Se-Spain se ne sa simolola go anama kwa setlhaketlhakeng sa Iberia. Puo eno e ntšha e ne e tla nna yone ya botlhokwa e e neng e tla dirisiwa go anamisa Lefoko la Modimo. * Thanolo ya bogologolo ya Baebele ka Se-Spain e ne ya tlhaga mo La Fazienda de Ultra Mar (Deeds From Across the Seas) ya mo masimologong a lekgolo la bo13 la dingwaga. Thanolo eno e na le pego ya mosepele mongwe wa go ya kwa Iseraele, mme gape e na le dilo tse dingwe tse di tswang mo dikgatisong tsa Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Baebele le mo dibukeng tse dingwe tsa Dikwalo tsa Sehebera le mo Diefangeleng.

Kgosi Alfonso X o ne a ema nokeng go ranolwa ga Baebele ka Se-Spain

Baeteledipele ba Kereke ba ne ba sa itumelela thanolo eno. Ka ngwaga wa 1234, Lekgotla la Tarragona le ne laela gore dibuka tsotlhe tsa Baebele tse di kwadilweng ka puo e e buiwang koo di neelwe baruti gore ba di fise. Se se itumedisang ke gore taelo eo ga ya ka ya thibela go ranolwa gape ga Baebele. Kgosi Alfonso X (1252-1284), yo o neng a tsewa e le motlhami wa puo e e kwalwang ya kwa Spain, o ne a batla gore Dikwalo di ranolelwe mo puong e ntšha e bile o ne a ema seo nokeng. Dithanolo tsa Se-Spain go tswa mo nakong eno di ne di akaretsa se go tweng ke Baebele ya pele ga motlha wa ga Alfonso le Baebele ya motlha wa ga Alfonso e e neng ya tla moragonyana e e neng e le thanolo e kgolo ya Se-Spain ka nako eo.

Ditsebe tsa Baebele ya pele ga motlha wa ga Alfonso (molema) le Baebele ya motlha wa ga Alfonso (moja) ya lekgolo la bo13 la dingwaga

Dithanolo tse pedi tseo di ile tsa thusa gore go tlhomiwe le go nonotsha puo e ntšha e e neng e sa tswa go tlhamiwa ya Se-Spain. Moithuti e bong Thomas Montgomery o bua jaana malebana le Baebele ya pele ga motlha wa ga Alfonso: “Moranodi wa Baebele eno o ne a dira tiro e e duleng diatla malebana le thanolo e e boammaaruri le puo e e utlwalang sentle. . . . E ne e dirisa puo e e motlhofo e bile e utlwala, e leng se se neng se tlhokega mo Baebeleng e e neng e kwalelwa batho ba ba sa itseng puo ya Selatine.”

Le fa go ntse jalo, Dibaebele tseo tsa Se-Spain di ne di ranolwa go tswa go Vulgate ya Selatine e seng mo dipuong tsa ntlhantlha. Go tloga ka lekgolo la bo14 la dingwaga, baithuti ba Bajuda ba ne ba nna le dikgatiso tsa thanolo ya Se-Spain ya Dikwalo tsa Sehebera tse di ranotsweng ka tlhamalalo go tswa mo puong ya Sehebera. Ka nako eo, Spain e ne e na le setšhaba se segolo sa Bajuda kwa Yuropa, mme baranodi ba Bajuda ba ne ba kgona go bona mekwalo e mentle ya seatla ka puo ya Sehebera gore ba kgone go ranola. *

Sekao sengwe se se tlhomologileng e ne e le sa Baebele ya ga Alba, e e neng ya konelwa go kwalwa mo lekgolong la bo15 la dingwaga. Motlotlegi yo o itsegeng wa Mo-Spain e bong Luis de Guzmán o ne a laela Rabbi Moisés Arragel gore a ranolele Baebele mo puong (e e utlwalang sentle) ya Se-Spain. O ne a umaka mabaka a mabedi a go bo a kopa thanolo e ntšha. Sa ntlha o ne a re: “Dibaebele tsa segompieno di bonwa fela ka puo ya kwa Roma e bile ga di a tlhomama,” mme sa bobedi, “Batho ba ba tshwanang le rona ba tlhoka dintlha tse di fa thoko tse di tlhalosang temana.” Kopo ya gagwe e bontsha gore batho ba motlha wa gagwe ba ne ba kgatlhegela thata go bala le go tlhaloganya Baebele. Gape e bontsha gore Dikwalo tse di neng di le teng ka puo e e buiwang mo lefelong leo di ne di setse di phasaladitswe mo Spain.

Ka thuso ya baranodi le bakwalolodi ba mo motlheng wa bogare, batho ba kwa Spain ba ba rutegileng ba ne  ba kgona go bala Baebele ka puo ya bone ba sa kgorelediwe ke sepe. Seno se ne sa dira gore rahisitori e bong Juan Orts González a akgele ka gore, “batho ba ba buang Se-Spain ba ne ba tlhaloganya Baebele botoka go gaisa batho ba kwa Jeremane kgotsa ba kwa Engelane ba pele ga motlha wa ga Luther.”

“Batho ba ba buang Se-Spain ba ne ba tlhaloganya Baebele botoka go gaisa batho ba kwa Jeremane kgotsa ba kwa Engelane ba pele ga motlha wa ga Luther.”—Rahisitori e bong Juan Orts González

Le fa go ntse jalo, fa lekgolo la bo15 la dingwaga le ya kwa bokhutlong, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi ya kwa Spain e ne ya thibela go ranolwa ga Baebele le gore batho ba se ka ba nna le yone ka puo epe ya bone. Baebele e ne ya ilediwa ka lobaka lo loleele kwa Spain. Go ne ga feta makgolo a le mararo a dingwaga Baebele e ntse e ileditswe. Mo nakong eo e e thata, baranodi ba le mmalwa ba ba pelokgale ba ne ba gatisa dithanolo tse disha tsa Baebele ba le kwantle ga naga mme ba di tsenya ka bokhukhuntshwane mo Spain. *

Jaaka hisitori eno ya Baebele ya mo motlheng wa bogareng kwa Spain e bontsha, baganetsi ba ne ba leka go thibela Lefoko la Modimo ka ditsela di le dintsi. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba kgona go didimatsa mafoko a Mothatayotlhe.—Pesalema 83:1; 94:20.

Tiro ya bonatla ya baithuti ba le bantsi e ile ya thusa gore Baebele e aname mo motlheng wa bogare kwa Spain. Baranodi ba motlha wa segompieno ba ile ba dira se se tshwanang le se batho ba ba simolotseng go ranolela Baebele mo dipuong tsa Selatine, Se-Goth, Searabia le Se-Spain ba ileng ba se dira. Seno se ne sa dira gore, batho ba le dimilionemilione gompieno ba ba buang Se-Spain ba kgone go bala Lefoko la Modimo ka puo e e ba amang dipelo.

^ ser. 10 Tseno di akaretsa Se-Castili, Se-Catala, Se-Galigo le Sepotokisi.

^ ser. 17 Gompieno, Se-Spain se buiwa ke batho ba ka nna dimilione di le 540.

^ ser. 20 Bona setlhogo se se reng, “Leina la Modimo le Letsholo la ga Alfonso de Zamora la go Batla Gore go Kwalwe Boammaaruri,” mo kgatisong ya one makasine ono wa December 1, 2011.

^ ser. 23 Bona setlhogo se se reng, “Kgaratlho ya ga Casiodoro de Reina Gore go Nne le Baebele ya Se-Spain,” mo makasineng ono wa June 1, 1996 wa kgatiso ya Tora ya Tebelo.