Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE: LEFATSHE LE LE SE NANG LETLHOOLENG?

Letlhoo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Letlhoo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

JONATHAN wa Mo-Korea wa kwa Amerika, ke mongwe wa batho ba ba neng ba tlhaolwa ka lotso fa a sa ntse a le ngwana. Fa a ntse a gola, o ne a batla lefelo le go nnang batho ba ba sa tlhaoleng batho go ya ka tebego ya bone ya sefatlhego kgotsa ka lotso. O ne a nna ngaka ya kalafi kwa toropong e e kwa bokone jwa Alaska, U.S.A., kwa bontsi jwa balwetse ba a neng a ba thusa ba neng ba tshwana le ene ka ditebego teng. O ne a tshabetse gone, a solofetse gore gongwe ga go na letlhoo koo.

Tsholofelo e a neng a na le yone e ne ya fela fa a ne a alafa mosadi mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 25. Fa mosadi yono a tswa mo kidibalong e kgolo, o ne a leba Jonathan mme a mo tlhaba ka mafoko a a botlhoko ka gonne a ne a rutilwe go tlhoa Ba-Korea fa a sa ntse a le ngwana. Tiragalo eo e ne ya utlwisa Jonathan botlhoko ka gonne matsapa otlhe a a dirileng a go fuduga le gore a amogelwe ke batho ba koo ga a ka a thusa gore a tshabele letlhoo.

Maitemogelo a ga Jonathan a bontsha dilo tse di diregang tse di utlwisang botlhoko. Letlhoo le aname mo lefatsheng lotlhe. Go bonala sentle gore gongwe le  gongwe kwa go nang le batho teng, go na le letlhoo.

Le fa gone letlhoo le aname, batho ba le bantsi ba potlakela go le kgala. Ruri seno ga se utlwale. Go tla jang gore selo se se sa ratiweng se bo se aname thata jaana? Ga go pelaelo gore batho ba le bantsi ba ba kgalang letlhoo, ba palelwa ke go lemoga gore ba na le lone. A go ntse jalo le ka wena? O ka araba potso eo jang?

KGANG YA BOTHO

Re ka tswa re lemoga kgotsa re sa lemoge, go thata go bona gore re na le letlhoo mo dipelong tsa rona. Baebele e tlhalosa lebaka la go bo go ntse jalo fa e re: “Pelo e tsietsa go feta sengwe le sengwe.” (Jeremia 17:9, Holman Christian Standard Bible) Ka jalo, re ka itsietsa ka go dumela gore re amogela batho ba mefuta yotlhe. Kgotsa re ka dira seipato sa gore re na le lebaka le le utlwalang la go bo re sa rate batho ba ditlhopha tse di rileng.

O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o ka lebana le boemo jono?

Go bontsha kafa go seng motlhofo ka teng go lemoga gore gongwe re na le letlhoo le le sa bonaleng, akanya ka boemo jo bo latelang: O tsamaya mo mmileng o le nosi bosigo. Makawana a mabedi a o iseng o ke o kopane le one a tla a go lebile. A lebega a le maatla e bile go bonala mongwe wa bone a tshotse sengwe mo seatleng sa gagwe.

A o swetsa ka gore makawana ano a ka nna kotsi? Gone ke boammaaruri gore maitemogelo a gago a nako e e fetileng a ka dira gore o nne kelotlhoko, mme a maitemogelo ao a ka dira gore o swetse ka gore makawana ano a kotsi? Potso e nngwe e o ka ipotsang yone ke gore, Makawana ano e ka tswa e le a morafe kgotsa lotso lofe? Karabo ya gago ya potso eno e ka senola go le gontsi. E ka bontsha gore go ya bokgakala jo bo rileng, o setse o na le letlhoo.

Fa re itshekatsheka ka kelotlhoko, re tla dumela gore re na le letlhoo mo go rona. Tota le Baebele e bua ka mokgwa o o tlwaelegileng wa letlhoo fa e re: “Batho ba atlhola ba bangwe ka tsela e ba lebegang ka yone.” (1 Samuele 16:7, Contemporary English Version) E re ka rotlhe re na le maikutlo ano—a gantsi a nang le diphelelo tse di sa siamang—a go na le tsholofelo ya gore re tla tsamaya re fenya kgotsa re fedisa letlhoo mo botshelong jwa rona? E bile a letlhoo le tla tsamaya le fela mo lefatsheng lotlhe?