Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | BATSADI

Go Ruta Ngwana go Ikokobetsa

Go Ruta Ngwana go Ikokobetsa

KGWETLHO

  • Ngwana wa gago wa mosimane o dingwaga di le lesome fela mme o mabela!

  • O batla gore mongwe le mongwe a mo tseele kwa godimo.

O ka tswa o ipotsa jaana: ‘Goreng a itshwara jaana? Ke batla gore a se ka a inyatsa, e seng gore a akanye gore o botoka go gaisa mongwe le mongwe!’

A go a kgonega go ruta ngwana go ikokobetsa mme o sa dire gore a inyatse?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Dingwaga di le dintsi tse di fetileng, batsadi ba ne ba kgothalediwa go dira se bana ba se batlang; go ba akgola ka pelo yotlhe tota le fa ba sa dira sepe se ba ka se akgolelwang le gore ba se ka ba ba kgalemela kgotsa ba ba otlhaya. Go ne go akanngwa gore, go dira gore bana ba ikutlwe ba le botlhokwa jalo, go ne go tla dira gore ba se ka ba gola ba inyatsa. A mme seo se itshupile se le boammaaruri? Buka ya Generation Me ya re: “Kgang ya go ruta bana go itshepa ga e a dira gore ba gole sentle e bile ba itumele, e dirile gore ba nne ditlhogodithata.”

Bana ba ba tlwaeditsweng go akgolelwa sengwe le sengwe le fa go sa tlhokege, ga ba itse gore go ntse jang go swabisiwa, go tshwaiwa diphoso le go palelwa mo botshelong. E re ka ba rutilwe go ikakanyetsa ba le bosi, fa ba gola ga ba kgone go nna le ditsala tse di nnelang ruri. Ka jalo ba le bantsi ba tshwenyega thata mo maikutlong le go tlhobaela.

Se tota se dirang gore bana ba itseye ba le botlhokwa, ke fa ba kgonne go dira sengwe, e seng fa ba nna ba bolelelwa gore ba botlhokwa. Seo ga se reye gore ba tshwanetse go dumela fela gore ba ka kgona go dira sengwe. Ba tshwanetse go ithuta, go ikatisa, le go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go dira dilo. (Diane 22:29) Gape ba tshwanetse go tsaya dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang di le botlhokwa. (1 Bakorintha 10:24) Dilo tseno tsotlhe di tlhoka boikokobetso.

SE O KA SE DIRANG

Mo akgole fa go tlhokega. Fa ngwana wa gago wa mosetsana a dirile sentle kwa sekolong, mo akgole. Fa maduo a gagwe a le kwa tlase, o se ka wa itlhaganelela go pega morutabana wa gagwe molato. Seo ga se ka ke sa ruta ngwana wa gago go nna boikokobetso. Go na le go dira jalo, mo thuse gore a tokafatse mo nakong e e tlang. Mo akgole fela fa a fitlheletse sengwe.

Mo kgalemele fa go tlhokega. Seo ga se reye gore o tshwanetse go kgalemelela ngwana wa gago phoso nngwe le nngwe e a e dirileng. (Bakolosa 3:21) Mme diphoso tse dingwe tsone di tshwanetswe go baakanngwa, jaaka fa ngwana a simolola go nna le mekgwa e e sa siamang. Fa a sa kgalemelwe a ka gola ka mekgwa eo.

Ka sekai, a re re ngwana wa gago wa mosimane o simolola go ikgantsha. Fa a sa kgalemelwe, a ka nna boikgogomoso le go lotlhanya ba bangwe. Ka jalo, tlhalosetsa ngwana wa gago gore go ikgogomosa ga go a siama le gore go ka mo tlhabisa ditlhong. (Diane 27:2) Gape mo tlhalosetse gore motho yo o seng boikgogomoso ga a nne a ikgantsha ka dilo tse a kgonang go di dira. Fa o mo naya kgakololo ka lorato seo se tla mo ruta go nna boikokobetso mme a sa inyatse.—Molaomotheo wa Baebele: Mathaio 23:12.

Thusa ngwana wa gago go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa botshelo. Fa o naya ngwana sengwe le sengwe se a se batlang go ka dira gore a akanye gore lo utlwa ka ene. Ka sekai, fa ngwana wa gago a batla sengwe se o se nang madi a sone, mo tlhalosetse mabaka a go bo lo tshwanetse go dirisa madi jaaka lo rulagantse. Fa e le gore lo tlhoka go tlogela go iphokisa phefo kgotsa go tsaya loeto, mo tlhalosetse gore mo botshelong o tla swabisiwa e bile o bo o mo tlotlele gore wena o dira jang fa o swabisitswe. Go na le go sireletsa bana ba gago mo dilong tsotlhe tse di ka ba utlwisang botlhoko, ba rute go lebana le dikgwetlho tsa fa ba setse ba godile.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 29:21.

Mo kgothaletse go aba. Bontsha ngwana wa gago gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) O ka dira seo jang? Wena le ngwana wa gago lo ka dira lenaane la batho ba ba tlhokang thuso ya go elwa dishopong, go thusiwa ka sepalangwa le go baakanyediwa dilwana. Tsamaya le ene fa o ya go ba thusa. Dira gore ngwana wa gago a lemoge gore o itumelela go thusa batho bao le gore o kgotsofetse. Fa o dira jalo o tla bo o ruta ngwana wa gago boikokobetso ka tsela e e di gaisang tsotlhe—ka go mo tlhomela sekao.—Melaometheo ya Baebele: Luke 6:38.