Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgaolo le Ditemana—Ke Mang Yo o Di Tsentseng mo Baebeleng?

Dikgaolo le Ditemana—Ke Mang Yo o Di Tsentseng mo Baebeleng?

AKANYA o le Mokeresete o tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Phuthego ya lona e amogetse lekwalo le le tswang kwa go moaposetoloi Paulo. Fa le ntse le balwa, o lemoga gore gantsi Paulo o nopola mo ‘mekwalong e e boitshepo,’ e leng Dikwalo Tsa Sehebera. (2 Timotheo 3:15) O ipolelela jaana: ‘Ruri nka rata go bona gore o nopola fa kae.’ Mme gone, seo se ne se ka se nne motlhofo. Ka ntlha yang?

GO NE GO SE NA DIKGAOLO KGOTSA DITEMANA

Ela tlhoko gore “mekwalo e e boitshepo” ya seatla, ya mo motlheng wa ga Paulo, e ne e lebega jang. Mongwe wa yone o bontshiwa fano—karolo ya buka ya Isaia go tswa mo Memenong ya Lewatle le le Suleng. O bona eng? Mokwalo o o golaganeng fela! O o se nang matshwao a puiso. E bile ga go na dinomore tsa dikgaolo le tsa ditemana, tse re di dirisang gompieno.

Bakwadi ba Baebele ga ba a ka ba kgaoganya molaetsa wa bone ka dikgaolo kgotsa ka ditemana. Ba ne ba kwala molaetsa otlhe o Modimo a ba o neileng gore babadi ba kgone go amogela molaetsa ono otlhe, e seng fela dikarolwana tsa one. A ga se sone se o se batlang go se bona fa o amogela lekwalo le le botlhokwa le le tswang kwa mongweng yo o mo ratang? O bala lekwalo lotlhe, e seng fela dikarolwana tsa lone.

Mme gone, kgang ya go bo go ne go se na dikgaolo kgotsa ditemana, e ne e baka bothata. Paulo o ne a ka kgona fela go tlhomolola se a se nopolang ka go dirisa mafoko a a jaaka, “go kwadilwe gotwe” kgotsa “fela jaaka Isaia a ne a bua go sa le pele.” (Baroma 3:10; 9:29) E bile go ne go ka nna thata go bona dinopolo tseo, ntle le fa o ne o tlwaelane le ‘mekwalo yotlhe e e boitshepo.’

Mo godimo ga moo, “mekwalo e e boitshepo” e ne e se molaetsa o le mongwe fela o o tswang kwa Modimong. Kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo100, mekwalo eo e ne e na le dibuka tse di farologaneng di le 66! Ke gone ka moo babadi ba Baebele ba le bantsi ba itumelelang gore go na le dikgaolo le ditemana tse di ba thusang go bona tshedimosetso nngwe, e e jaaka dinopolo tse di mo makwalong a ga Paulo.

O ka nna wa botsa jaana: ‘Mme gone, ke mang yo o tsentseng dikgaolo le ditemana mo Baebeleng?’

KE MANG YO O TSENTSENG DIKGAOLO?

Moruti wa Moesemane, Stephen Langton, yo o neng a nna Bishopomogolo wa kwa Canterbury, o newa tlotla ya gore ke ene a tsentseng dikgaolo mo Baebeleng. O ne a dira seno mo masimologong a lekgolo la bo13 la dingwaga C.E., fa a ne a ruta kwa Yunibesithing ya Paris kwa Fora.

Pele ga motlha wa ga Langton, bakanoki ba Baebele ba ile ba lekeletsa ditsela tse di farologaneng tsa go kgaoganya Baebele ka dikarolwana kgotsa dikgaolo, go bonala lebakalegolo e ne e le go e dirisetsa dipatlisiso. Ruri go tshwanetse ga bo go ne go nna motlhofo gore ba bone tshedimosetso e ba e batlang fa ba ne ba batla mo kgaolong e le nngwe fela go na le go batla mo bukeng yotlhe, jaaka buka ya Isaia e e nang le dikgaolo di le 66.

Mme gone, seno le sone se ne sa baka bothata. Bakanoki ba ne ba tlhama mekgwa e e farologaneng e bile e sa tsamaisane. Mo go mongwe wa mekgwa eo, Efangele ya ga Mareko e ne e kgaogantswe ka dikgaolo di ka nna 50, e seng tse 16 tse re di tlwaetseng gompieno. Mo motlheng wa ga Langton, kwa Paris, go ne go na le baithuti go tswa kwa dinageng tse di farologaneng, mme ba ne ba tla ka Dibaebele go tswa kwa dinageng tsa bone. Le fa go ntse jalo, barutisi le baithuti ba ne ba sa kgone go tsamaisana fa ba bala. Ka ntlha yang? Ka gonne tsela e mekwalo ya bone e neng e kgaogantswe ka teng ka dikgaolo, e ne e sa tsamaisane.

Ka jalo, Langton o ne a tlhama mokgwa o mosha wa go kgaoganya Baebele ka dikgaolo. Kgatiso ya, The Book—A History of the Bible, ya re: “Babadi le bakwadi ba ne ba rata mokgwa o a neng a o dirisa mme o ne wa anama ka bonako mo Yuropa.” O ne a kgaoganya dikgaolo tsa Baebele ka dinomore tse re di bonang mo Dibaebeleng tse dintsi gompieno.

KE MANG YO O TSENTSENG DITEMANA?

Dingwaga di ka nna 300 moragonyana, mo bogareng jwa lekgolo la bo16 la dingwaga, mokanoki yo o itsegeng thata wa Mofora yo gape a gatisang dibuka e bong Robert Estienne, o ne a dira dilo motlhofo thata. O ne a batla gore batho ba tlwaele go ithuta Baebele. O ne a lemoga gore go mosola gore go nne le mokgwa o o tshwanang wa go kwala dinomore tsa dikgaolo le tsa ditemana.

Estienne ga se ene a tlileng ka kakanyo ya go kgaoganya Baebele ka ditemana. Batho bangwe ba ne ba setse ba dirile jalo. Ka sekai, makgolo a dingwaga pelenyana, bakwalolodi ba Bajuda ba ne ba ile ba kgaoganya Baebele yotlhe ya Sehebera, karolo e gantsi e bidiwang Tesetamente e Kgologolo. Ba ne ba e kgaogantse ka ditemana e seng dikgaolo. Fela jaaka go ne go dirilwe ka dikgaolo, le mo ditemaneng go ne go dirisitswe mekgwa e e sa tshwaneng.

Estienne o ne a kgaoganya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, kgotsa Tesetamente e Ntšha, a dirisa mokgwa o mosha wa go kwala dinomore tsa ditemana a bo a di kopanya le tse di neng di setse di le teng mo Baebeleng ya Sehebera. Ka 1553, o ne a gatisa Baebele ya ntlha e e feletseng (ka Sefora) e e nang le dikgaolo le ditemana tse di tshwanang le tsa Dibaebele tse dintsi gompieno. Batho bangwe ba ne ba tshwaya diphoso e bile ba re ditemana di kgaoganya Baebele go nna dikarolwana, mme seno se dira gore e bonale e kete ke motseletsele wa diele tse di kgaoganeng. Mme gone, ka bonako fela bagatisi ba bangwe ba Baebele ba ne ba latela mokgwa oo.

SENGWE SE SE THUSANG BAITHUTI BA BAEBELE

Go bonala kakanyo ya gore go nne le dinomore tsa dikgaolo le tsa ditemana, e tlhofofatsa dilo. Seno se dira gore temana nngwe le nngwe mo Baebeleng e nne le “aterese”—fela jaaka khouto ya poso. Gone ke boammaaruri gore dikgaolo le ditemana ga di a tlhotlhelediwa ke Modimo, e bile ka dinako dingwe di kgaoganya molaetsa wa Baebele ka tsela e e sa tlwaelegang. Mme gone, di dira gore go nne motlhofo go bona mafoko a a nopotsweng le go tlhomolola kgotsa go tlotla ka ditemana tse re ka tswang re di rata thata—fela jaaka fa re tlhomolola dintlha kgotsa dipolelwana tse re batlang go di gopola mo bukeng nngwe.

Le fa gone dikgaolo le ditemana di dira dilo motlhofo, nna o gopotse gore go botlhokwa go tlhaloganya molaetsa otlhe o o tswang kwa Modimong. Itlwaetse go bala kgang yotlhe e go buiwang ka yone go na le go bala ditemana fale le fale fela. Go dira jalo go tla go thusa gore o tlwaelane thata le ‘mekwalo yotlhe e e boitshepo, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko.’—2 Timotheo 3:15.