Fetela kwa tshedimosetsong

A go Na le Yo a Ka Itseng Gore ke Mang Tota a Kwadileng Baebele?

A go Na le Yo a Ka Itseng Gore ke Mang Tota a Kwadileng Baebele?

Karabo ya Baebele

Batho ba le bantsi ba bolelelwa gore ga re ka ke ra itse gore tota Baebele e kwadilwe ke mang. Mme gone gantsi Baebele e tlhalosa ka tlhamalalo gore ke mang yo o e kwadileng. Dikarolo dingwe tsa yone di simolola ka mafoko a a jaaka a a reng “mafoko a ga Nehemia,” “ponatshegelo ya ga Isaia,” le “lefoko la ga Jehofa le le neng la tla mo go Joele.”—Nehemia 1:1; Isaia 1:1; Joele 1:1.

Bontsi jwa bakwadi ba Baebele ba tlhalosa gore ba kwadile mo leineng la ga Jehofa, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le gore ba ne ba kaelwa ke ene. Baporofeti ba ba neng ba kwala Dikwalo Tsa Sehebera ba tlhalosa jaana ka makgetlo a feta 300: “Jehofa o buile jaana.” (Amose 1:3; Mika 2:3; Nahume 1:12) Bakwadi ba bangwe ba ne ba newa molaetsa go dirisiwa baengele.—Sekaria 1:7, 9.

Baebele e ne ya kwalwa ke banna ba ka nna 40 ka lobaka lwa dingwaga di le 1 600. Bangwe ba banna bano ba ne ba dirisiwa go kwala dibuka tsa Baebele di feta e le nngwe. Tota e bile, Baebele ke laeborari e nnye e e nang le dibuka di le 66. E na le dibuka tse 39 tsa Dikwalo Tsa Sehebera, tse batho ba bantsi ba di bitsang Tesetamente e Kgologolo, le dibuka tse 27 tsa Dikwalo Tsa Segerika, tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Ntšha.