Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Ntse Jang?

Modimo o Ntse Jang?

Fa o ithuta motho, o kgona go lemoga botho jwa gagwe le gore ke motho yo o ntseng jang mme seo se dira gore o mo rate le go feta. Ka tsela e e tshwanang, fa o ithuta ka botho jwa ga Jehofa, o tla mo tlhaloganya mme seo se tla dira gore o mo rate le go feta. Go na le dilo tse dintsi tse di rategang ka botho jwa Modimo mme mo go tsone go na le di le nnê tse di tlhomologileng thata: maatla, botlhale, tshiamiso le lorato.

MODIMO O MAATLA

“Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Wena o dirile magodimo le lefatshe ka maatla a gago a magolo.”JEREMIA 32:17.

Dilo tse Modimo a di bopileng di re bontsha gore o maatla. Ka sekai, fa go le selemo o bo o ema mo letsatsing, o utlwa eng mo letlalong la gago? Mogote wa letsatsi. Tota o a bo o utlwa maatla a popo ya ga Jehofa. Letsatsi le mogote go le kana kang? Gatwe themperetšha ya lone mo gare ke didikirii di le 15 000 000, seo se rayang gore le mogote thata. Motsotso mongwe le mongwe, letsatsi le ntsha mogote o o lekanang le dibomo tsa nuklea di le dimilionemilione.

Mme letsatsi le lennye thata fa le bapisiwa le dinaledi tse dingwe. Baitsesaense ba fopholetsa gore naledi e e bidiwang UY Scuti e kgolo thata mo fa e neng e ka bewa mo letsatsi le le teng, e ne e ka khurumetsa polanete ya rona le karolo nngwe ya polanete ya Jupiter. Gongwe seno se re thusa go tlhaloganya mafoko a ga Jeremia fa a re Jehofa Modimo o dirile magodimo le lefatshe ka maatla a gagwe a magolo.

Maatla a Modimo a re thusa jang? Dilo tse Modimo a di bopileng tse di jaaka letsatsi le dilo tse dingwe tse di mo lefatsheng, di re thusa gore re kgone go tswelela re tshela. Mo godimo ga moo, Modimo o dirisa maatla a gagwe go thusa batho. Jang? Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Jehofa o ne a mo naya maatla a go dira dikgakgamatso. Baebele ya re: “Difofu di bona gape, le ditlhotsa di a tsamayatsamaya, balepero ba a ntlafadiwa le bosusu ba a utlwa, mme baswi ba a tsosiwa.” (Mathaio 11:5) Modimo o dirisa maatla a gagwe jang gompieno? Baebele ya re “o naya yo o lapileng maatla” mme “ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape.” (Isaia 40:29, 31) Modimo o kgona go re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore re kgone go itshokela mathata a botshelo. (2 Bakorintha 4:7) A ga o batle go nna tsala ya Modimo yo o go ratang thata jaana mo a dirisang maatla a gagwe go go thusa fa o na le mathata?

MODIMO O BOTLHALE

“A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale.”PESALEMA 104:24.

Fa re ntse re ithuta ka dilo tse Modimo a di bopileng, re kgona go lemoga gore Jehofa ke Modimo yo o botlhale. Tota e bile baitsesaense bangwe ba ithuta dilo tse Jehofa a di bopileng gore ba kgone go tokafatsa dilo tse ba di tlhamileng.

Leitlho la motho ke sengwe sa dilo tse di makatsang tse Modimo a di bopileng

Mmele wa motho ke nngwe ya dilo tse di re bontshang gore Modimo o botlhale. Sekai sa seo ke tsela e ngwana a golang ka yone mo popelong. Fa lee le sena go kopana le peo, go tlhaga sele e e nang le dijini tse di farologaneng. Sele eo e tla bo e ikgaoganya e bo e nna disele tse dintsintsi. Fa nako e ntse e ya, disele tseno di simolola go ikgaoganya go nna mefuta e e farologaneng ya disele tse di jaaka disele tsa madi, tsa ditshika le tsa marapo. Morago ga nako, disele tseo di fetoga go nna pelo, makgwafo jalo le jalo mme di bo di simolola go bereka. Mo dikgweding di le robonngwe fela, sele e e tlhagileng kwa tshimologong e fetoga go nna ngwana yo o feletseng. Tsela e e botlhale e Modimo a re dirileng ka yone e dirile gore batho ba le bantsi ba dumalane le mafoko a mokwadi wa Baebele yo o ileng a re: “Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”—Pesalema 139:14.

Botlhale jwa Modimo bo re thusa jang? Mmopi wa rona o a itse gore ke eng se re se tlhokang gore re itumele. O dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele go re naya kgakololo e e botlhale. Ka sekai, Baebele ya re “tswelelang . . . lo itshwarelana lo gololesegile.” (Bakolosa 3:13) A kgakololo eno e botlhale? Ee. Dipatlisiso di bontsha gore motho yo o itshwarelang ba bangwe o kgona go robala sentle e bile haebolate ya gagwe ga e ye kwa godimo. Gape go mo thusa gore a se ka a tsenwa motlhofo ke malwetse a tlhaloganyo le mathata a mangwe a botsogo. Modimo o tshwana le tsala e e botlhale, e e re kgathalelang le e e nnang e re naya kgakololo e e re thusang ka dinako tsotlhe. (2 Timotheo 3:16, 17) A o ka se rate go nna le tsala e e ntseng jalo?

MODIMO O RATA TSHIAMISO

“Jehofa ke morati wa tshiamiso.”PESALEMA 37:28.

Modimo o dira dilo tse di siameng ka dinako tsotlhe. Tota e bile Baebele ya re “a go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!” (Jobe 34:10) Modimo o atlhola ka tshiamo fela jaaka mopesalema a ile a kwala fa a ne a bua ka Jehofa a re: “O tla atlhola ditšhaba ka thokgamo.” (Pesalema 67:4) Ga go na ope yo o ka tsietsang Jehofa ka gonne o itse sengwe le sengwe, o kgona go “bona se pelo e leng sone” mme a bo a atlhola ka tsela e e siameng. (1 Samuele 16:7) Mo godimo ga moo, Modimo o kgona go bona tshiamololo le bokebekwa jo bo dirwang ke batho e bile o re solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo, “baikepi  . . . ba tla kgaolwa mo lefatsheng.”—Diane 2:22.

Mme Modimo ga se moatlhodi yo o setlhogo yo o emetseng go re otlhaya. O re utlwela botlhoko fa a bona go tlhokega. Baebele ya re “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle,” o kgona go itshwarela motho yo o dirileng dilo tse di sa siamang mme gone a di ikwatlhaela. A seo ga se bontshe gore Modimo o rata tshiamiso?—Pesalema 103:8; 2 Petere 3:9.

Ntlha ya go bo Modimo a rata tshiamiso e re thusa jang? Baebele ya re: “Foo Petere a bula molomo mme a re: ‘Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.’” (Ditiro 10:34, 35) Go itse gore Modimo o rata tshiamiso go a re thusa ka gonne re a itse gore ga a kitla a tsamaya a tlhaola batho. Jehofa o kgona go re amogela le go re letla gore re mo direle go sa kgathalesege gore re ba mmala ofe, re tswa kwa nageng efe, thutego kgotsa maemo a rona a itsholelo.

Re thusiwa ke go itse gore Modimo ga a na tlhaolele

Modimo o dirile gore re nne le letswalo gore re kgone go tlhaloganya gore o rata tshiamiso. Baebele ya re letswalo ke molao ‘o o kwadilweng mo dipelong tsa rona’ o o re bolelelang gore a dilo tse re di dirang di siame kgotsa gore ga di a siama. (Baroma 2:15) Letswalo le re thusa jang? Fa re le katisitse sentle, le kgona go re thusa go tila go dira dilo tse di sa siamang. Mme fa re dirile sengwe se se sa siamang, le re thusa gore re ikwatlhaye re bo re baakanya selo seo. Fa re tlhaloganya gore Modimo o rata tshiamiso, seo se tla dira gore re mo rate le go feta!

MODIMO O LORATO

“Modimo ke lorato.”1 JOHANE 4:8.

Baebele ya re Modimo o maatla, o botlhale e bile o rata tshiamiso mme fa e bua ka lorato, ya re Modimo ke lorato e seng gore o na le lorato. Goreng e mo tlhalosa jalo? Ka gonne Modimo o dirisa maatla a gagwe go dira dilo e bile o dirisa tshiamiso le botlhale jwa gagwe go kaela tsela e a dirang dilo ka yone. Mme lorato ke lone lo mo tlhotlheletsang go dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira.

Jehofa o ne a sa tlhoke go bopa dilo tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng, mme lorato ke lone lo ileng lwa dira gore a di bope. O ile a bopa lefatshe ka tsela e e dirang gore batho ba itumelele go nna mo go lone. Mme o sa ntse a bontsha gore o rata batho ka gonne o ‘tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile o nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.’—Mathaio 5:45.

Mo godimo ga moo, Jehofa “o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Modimo o rata mongwe le mongwe yo o tsayang matsapa a go mo itse le go nna tsala ya gagwe. Tota e bile Baebele ya re ‘o a re kgathalela.’—1 Petere 5:7.

Go itse gore Modimo o lorato go re thusa jang? Re a itumela fa re bona letsatsi le phirima, fa re bona ngwana a tshega le fa re utlwana le ba masika a rona e bile go le monate. Dilo tseno di ka lebega di se botlhokwa go le kalo mme di dira gore botshelo bo nne monate.

Thapelo ke tsela e nngwe e Modimo a re bontshang ka yone gore o a re rata. Baebele ya re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” Fela jaaka Rre yo o ratang bana ba gagwe, Modimo o batla gore re bue le ene ka dilo tse di re tshwenyang thata mme o re solofetsa gore o tla re naya ‘kagiso ya gagwe e e gaisang kakanyo yotlhe.’—Bafilipi 4:6, 7.

A dintlha tse re tlotlileng ka tsone ka Modimo tse di jaaka gore o maatla, o botlhale, o rata tshiamiso e bile o lorato, di go thusitse go bona gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang? Go go thusa go tlhaloganya Modimo sentle, re kopa gore o tswelele o bala makasine ono gore o ithute ka dilo tse Modimo a di dirileng le tse a ikaeletseng go go direla tsone mo nakong e e tlang.

MODIMO O NTSE JANG? Jehofa o maatla, o botlhale e bile o rata tshiamiso. Mme selo se re se ratang thata ka ene, ke gore o lorato