Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | BASHA

O ka Fenya Bodutu Jang?

O ka Fenya Bodutu Jang?

KGWETLHO

“Ke na le ditsala tse pedi tsa basetsana ba ba tleng ba dire dilo mmogo ba nkgaphetse kwa thoko. Ke tle ke utlwele gore ba ne ba itisitse monate. Nako nngwe fa ke founetse mongwe wa bone mme ba le babedi koo, mongwe mo ntlong o ne a araba mogala ke bo ke utlwa mantswe a bone ba bua e bile ba tshega. Ke utlwile fela gore ba ne ba itumetse mme seo sa dira gore ke jewe ke bodutu le go feta!” —Maria. *

A o kile wa ikutlwa o kgaphetswe kwa thoko e bile o jewa ke bodutu? Fa go le jalo, Baebele e na le kgakololo e e ka go thusang. Mme pele ga moo, o tshwanetse go itse dilo di le mmalwa ka bodutu.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Batho botlhe ba tle ba jewe ke bodutu. Batho ba ba itsegeng thata le bone ba tle ba jewe ke bodutu. Ka ntlha yang? Ka gonne gantsi motho o thusiwa ke go nna le ditsala tse di molemo gore a se ka a jewa ke bodutu e seng go nna le ditsala tse dintsi. Motho a ka tswa a itsiwe ke batho ba bantsi mme a se na ditsala tsa mmatota, ka jalo seo se ka dira gore a jewe ke bodutu.

Bodutu bo ka go lwatsa. Mo dipatlisisong di ka nna 148 tse di dirilweng, babatlisisi ba ne ba swetsa ka gore fa motho a sa kopane le batho a ka swa ka bonako e bile dikotsi tsa seno di feta “dikotsi tsa go nona go menagane gabedi” gape go tshwana le go goga “disekerete di le 15 ka letsatsi.”

Bodutu bo ka go tsenya mo mathateng. Bo ka dira gore o itsalanye le mongwe le mongwe fela. Lekawana lengwe le le bidiwang Alan, la re: “Fa o jewa ke bodutu o ka eletsa gore ope fela a nne tsala ya gago. O ka simolola go akanya gore go botoka go bo go na le mongwe yo o go kgathalelang go sa kgathalesege gore ke mang. Mme seo se ka go tsenya mo mathateng.”

Thekenoloji ga e tlose bodutu. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Natalie la re: “Ke ne ke tle re romelele batho ba bantsi melaetsa le di-email mme ke tswelele ke jewa ke bodutu.” Mosha yo o bidiwang Tyler o dumalana le seo. A re: “Go romelelana melaetsa go tshwana le go ja dimonamone, mme go bua lo lebane difatlhego go tshwana le go ja dijo. Dimonamone di siame, mme motho o tlhoka dijo gore a kgore.”

SE O KA SE DIRANG

Leba dilo sentle. Ka sekai, a re re o bona dinepe tsa ditsala tsa gago mo Internet di le kwa phathing e wena o neng o sa lalediwa kwa go yone. Mo boemong jono o tla tshwanelwa ke go itirela tshwetso—a o tlhokomologilwe ka boomo kgotsa a o tla leba dilo sentle. E re ka o sa itse dintlha tsotlhe ga go utlwale gore o akanye ka tsela e e sa siamang. Go na le moo, leka go akanya ka mabaka a a utlwalang a go bo o sa lalediwa. Gantsi selo se se dirang gore o jewe ke bodutu ga se boemo jo o lebanang le jone mme ke tsela e o lebang dilo ka yone.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 15:15.

Tila go feteletsa dilo. Fa o jewa ke bodutu o ka nna wa akanya jaana, ‘Ga nke ke lalediwa gope’ kgotsa ‘Batho ga ba mpatle.’ Mme go akanya jalo go ka dira gore o jewe ke bodutu le go feta. Seo se tla dira gore o nne le maikutlo a a nnang a tla gangwe le gape: Go ikutlwa o le learogi o bo o itlhaola, go itlhaola go bo go dira gore o jewe ke bodutu, bodutu bo bo bo dira gore o ikutlwe o le learogi.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 18:1.

Itsalanye le batho ba ba go fetang ka dingwaga. Baebele e re bolelela ka botshelo jwa ga Dafide yo o neng a ka tswa a le mo dingwageng tsa bolesome fa a kopana le Jonathane—monna yo o neng a mo feta ka dingwaga di le 30. Le fa Dafide le Jonathane ba ne ba sa lekane ka dingwaga, e ne ya nna ditsala tse di atamalaneng. (1 Samuele 18:1) Le wena o ka lebana le se se tshwanang mo botshelong. Kiara wa dingwaga di le 21 a re: “Bosheng jaana ke lemogile botlhokwa jwa go nna le ditsala tse di godileng. Ke na le ditsala tse di molemo tse di mphetang thata ka dingwaga mme ke rata tsela e ba lebang dilo ka yone le gore ga ba fetofetoge.” —Molaomotheo wa Baebele: Jobe 12:12.

Dirisa nako ya fa o le nosi ka botlhale. Batho ba bangwe ba jewa ke bodutu fa ba nna ba le nosi. Mme gone, nako ya fa o le nosi ga e a tshwanela go dira gore o jewe ke bodutu. Ka sekai, Jesu o ne a rata batho mme ka dinako dingwe o ne a itumelela go nna a le nosi. (Mathaio 14:23; Mareko 1:35) O ka dira se se tshwanang. Go na le go utlwisiwa botlhoko ke go nna o le nosi, dirisa nako eo go akanya ka masego a o nang le one. Seno se ka dira gore bangwe ba batle go nna ditsala tsa gago.—Diane 13:20.

^ ser. 4 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.