Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | BASHA

Kafa o ka Fenyang Thaelo ka Gone

Kafa o ka Fenyang Thaelo ka Gone

KGWETLHO

“Ka dinako dingwe basetsana ba nkopa dinomoro tsa mogala e bile ba batla go ‘intsha’ le nna le fa re sa ratane. Ke a gana ke bo ke itsamaela. Le fa go ntse jalo, ke sala ke tlelwa ke kakanyo ya gore, ‘Fa nkabo ke mo neile dinomoro tsa me tota go ka bo go diragetseng?’ Boammaaruri ke gore, bangwe ba basetsana bano ba bantle tota. Go motlhofo go akanya gore, ‘Goreng ke sa ba neye?’”—Carlos, * wa dingwaga di le 16.

Fela jaaka Carlos, a le wena o lwantshana le thaelo? Fa go le jalo, o ka fenya.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Fa o itetla go fenngwa ke thaelo, o tla ikutlwisa botlhoko

Mongwe le mongwe a ka lebana le thaelo—le bagolo tota. Tota e bile, dithaelo di ka tla ka ditsela tse dintsi. Moaposetoloi Paulo o ne a se monnye fa a ne a kwala jaana: “Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo . . . , mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo.” (Baroma 7:22, 23) Le fa go ne go le thata, Paulo o ne a fenya thaelo eo—le wena o ka kgona! Tota ke eng fa o tshwanetse go nna lekgoba la dikeletso tsa gago? (1 Bakorintha 9:27) Go ithuta go lwantsha thaelo o sa le mosha go tla go inola mo mathateng gone jaanong e bile ke bokgoni jo o tla bo tlhokang fa o godile.

Metswedi ya tshedimosetso e gakatsa thaelo. Baebele e bua ka “dikeletso [tsa] basha” tse di leng maatla. (2 Timotheo 2:22) Difilimi, thelebishene, mmino le dibuka tse di diretsweng basha, gantsi di gakatsa dikeletso tseo ka go dira gore go lebege go siame go ineela mo thaelong. Ka sekai, fa batshameki ba babedi mo filiming ba ‘ratana,’ go tlwaelegile gore ba tla tlhakanela dikobo fa e tsweletse. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re banna le basadi ba mmatota ba na le bokgoni jwa go ‘ithiba mo dikeletsong tsa senama.’ (1 Petere 2:11) Seo se raya gore o ka itlhophela go fenya thaelo. Mme o ka dira seo jang?

 SE O KA SE DIRANG

Itse makoa a gago. Fa karolo nngwe ya keetane e rusitse e ka kgaoga motlhofo. Ka tsela e e tshwanang, le fa o ka tswa o ikemiseditse go dira se se siameng, makoa a gago a ka dira gore o wele mo thaelong. Ke mo dilong dife o ka tshwanelwang ke go nna o disitse?—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 1:14.

Akanyetsa kwa pele. Akanya ka maemo a a ka dirang gore o wele mo thaelong. Akanya go sa le gale gore o tla dirang fa o ka lebana le thaelo eo.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 22:3.

Tlhatswega pelo ka se o se dumelang. Baebele ya re fa Josefa a ne a raelwa go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, o ne a re: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” (Genesise 39:9) Mafoko a a reng “ke ka dira jang” a bontsha gore Josefa o ne a tlhatswegile pelo ka se se siameng le se se sa siamang. A le wena o tlhatswegile pelo?

Batla ditsala tse di molemo. O ka fokotsa thaelo ka go tlhopha ditsala tse di dumelang se o se dumelang. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

Tila maemo a a ka dirang gore go nne thata go fenya thaelo. Ka sekai:

  • O se ka wa itetla go nna le mongwe wa bong bo sele lo le babedi fela.

  • Tila go dirisa Internet ka nako kgotsa kwa lefelong le o ka raelesegang go leba tshedimosetso e e hepisang.

  • Kgaogana le batho ba puo le boitshwaro jwa bone bo ka dirang gore dilo tse di sa siamang di lebege di kgatlha.

O ka ipeela melao efe e e ka go thusang go tila thaelo?—Molaomotheo wa Baebele: 2 Timotheo 2:22.

Rapelela thuso. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong.” (Mathaio 26:41) Boammaaruri ke gore Jehofa Modimo o batla gore o fenye thaelo e bile a ka go thusa go dira jalo. Baebele ya re: “Ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.”—1 Bakorintha 10:13.

^ ser. 4 Maina a fetotswe.