Fetela kwa tshedimosetsong

A Pogo e Tla Fela?

A Pogo e Tla Fela?

A o ka re . . .

  • ee?

  • nnyaa?

  • gongwe?

SE BAEBELE E SE RUTANG

“Modimo . . . o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme ga go kitla go tlhola go nna le loso, pogo, selelo kgotsa botlhoko.” —Tshenolo 21:3, 4, Contemporary English Version.

KAFA SEO SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

Re tlhomamisega gore Modimo ga se ene a bakang mathata a rona.—Jakobe 1:13.

Re gomodiwa ke go itse gore Modimo o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone fa re boga.—Sekarea 2:8.

Re nna le tsholofelo ya gore pogo yotlhe e tla fela.—Pesalema 37:9-11.

A TOTA RE KA DUMELA SE BAEBELE E SE RUTANG?

Ee, ka ntlha ya mabaka a ka nna mabedi:

  • Modimo o tlhoile pogo le tshiamololo. Akanya kafa Jehofa Modimo a neng a ikutlwa ka teng fa batho ba gagwe ba mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele ba ne ba tshwarwa setlhogo. Baebele ya re o ne a tshwenyegile ka ntlha ya ‘ba ba neng ba ba kgoromeletsa kwa le kwa.’—Baatlhodi 2:18, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

    Modimo ga a rate batho ba ba bogisang ba bangwe. Ka sekai, Baebele ya re “diatla tse di tshololang madi a a se nang molato” di makgapha mo go ene.—Diane 6:16, 17.

  • Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa rona. Ga se motho mongwe le mongwe fela yo o itseng “sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe” mme le Jehofa o a bo itse!2 Ditiragalo 6:29, 30.

    Jehofa o tla tloga a dirisa Bogosi jwa gagwe go fedisa pogo ya mongwe le mongwe. (Mathaio 6:9, 10) Mme gone jaanong, o gomotsa bao ba mmatlang ka tsela ya mmatota.—Ditiro 17:27; 2 Bakorintha 1:3, 4.

SE O KA AKANYANG KA SONE

Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo?

Baebele e araba potso eo mo go BAROMA 5:12 le mo go 2 PETERE 3:9.