Fetela kwa tshedimosetsong

Mosadi wa ga Kaine E ne E le Mang?

Mosadi wa ga Kaine E ne E le Mang?

Karabo ya Baebele

Ngwana wa ntlha wa ga Adame le Efa e bong Kaine o ne a nyala mongwe wa bokgaitsadie kgotsa mongwe wa losika. Baebele e re naya tshedimosetso e e re thusang go dumela ntlha eo.

Dintlha ka Kaine le ba lelapa la gagwe

  • Batho botlhe ke ditlogolwana tsa ga Adame le Efa. Modimo “o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe” e bong Adame. (Ditiro 17:26) Mosadi wa ga Adame e bong Efa o ne a nna “mmabatshedi botlhe.” (Genesise 3:20) Ka jalo, Kaine o tshwanetse a bo a ile a nyala mongwe wa bana ba ga Adame le Efa.

  • Kaine le Abele ke bana ba ntlha ba ga Efa. (Genesise 4:1, 2) Fa Kaine a sena go bolaya monnawe mme Modimo a bo a mo atlhola, o ne a ngongorega a re: “Mongwe fela yo o mponang o tla mpolaya.” (Genesise 4:14) E le gore Kaine o ne a tshaba mang? Baebele ya re Adame le Efa ba ne ba nna le “bana ba basimane le ba basetsana.” (Genesise 5:4) Go bonala bangwe ba bana bao e le bone ba Kaine a neng a ba tshaba.

  • Ka nako eo go ne go tlwaelegile gore ba masika ba nyalane. Ka sekai, Aborahame o ne a nyala kgaitsadie. (Genesise 20:12) Seo se ne sa khutla fa Modimo a ne a naya Moshe Melao e batho ba gagwe ba neng ba tshwanetse go tshela ka yone mme go ne go setse go fetile dingwagangwaga Kaine a sa tlhole a tshela. (Lefitiko 18:9, 12, 13) Go bonala bana ba nako eo ba ne ba se na malwetse a a kotsi a re a bonang gompieno fa mongwe a ka nna le ngwana le mongwe wa losika lwa gagwe.

  • Baebele e bua boammaaruri fa e tlhalosa pego ya botshelo jwa ga Adame le Efa le ba malapa a bone. Tatelano ya losika lwa ga Adame ga e a kwalwa fela mo bukeng ya Genesise e e ileng ya kwalwa ke Moshe, gape e gone le mo bukeng ya ga Esera le ya ga Luke. (Genesise 5:3-5; 1 Ditiragalo 1:1-4; Luke 3:38) Bakwadi ba bangwe ba Baebele le bone ba bua ka Kaine.—Bahebera 11:4; 1 Johane 3:12; Jude 11.