Fetela kwa tshedimosetsong

A Mokeresete a ka Amogela Kalafi ya Bongaka?

A Mokeresete a ka Amogela Kalafi ya Bongaka?

Karabo ya Baebele

Ee. Jesu o ne a umaka gore balatedi ba gagwe ba ka batla kalafi ya bongaka fa a ne a re “batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.” (Mathaio 9:12) Tota le fa Baebele e se buka ya bongaka, e na le melaometheo e e ka kaelang batho ba ba batlang go itumedisa Modimo.

Dipotso tse o ka di ipotsang

1. A ke tlhaloganya kalafi e ke tla e fiwang? Baebele e re gakolola gore re batle tshedimosetso e e ka ikanngwang go na le go “dumela lefoko lengwe le lengwe.”—Diane 14:15.

2. A ke tshwanetse go kopa kgakololo ya dingaka tse di farologaneng ka kalafi nngwe pele ga ke dira tshwetso? “Bagakolodi ba bantsi” ba ka nna mosola, segolobogolo fa bolwetse jwa gago bo le masisi.—Diane 15:22.

3. A kalafi eno e tla dira gore ke tlole molao wa Modimo wa gore re “ithibe . . . mo mading”?—Ditiro 15:20.

4. A kalafi eno e amana le bodimona? Baebele e kgala “go dirisana le meya.” (Bagalatia 5:19-21) Go bona gore a kalafi e amana le tirisano le meya, sekaseka dipotso tse di jaaka tseno:

  • A ngaka e dirisa mekgwa mengwe ya go dirisana le meya mo kalafing?

  • A o newa kalafi eo ka gonne go dumelwa gore o lwatswa ke badimo kgotsa ka gonne o loilwe?

  • A melemo e e dirisiwang mo kalafing eo e akaretsa go ntshiwa ga ditlhabelo, go dirisiwa ga ditaola kgotsa dingwao dingwe tsa go dirisana le meya?

5. A ke tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka botsogo jwa me? Baebele e gakolola jaana: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Go nna tekatekano go tla go thusa gore o tlhome mogopolo mo ‘dilong tse di botlhokwa thata’ tse di jaaka go dirisa nako ya gago o direla Jehofa.—Bafilipi 1:10; Mathaio 5:3.