Fetela kwa tshedimosetsong

O ka Kgona Jang go Tshelela Ruri?

O ka Kgona Jang go Tshelela Ruri?

Karabo ya Baebele

Baebele ya re: “Motho yo o dirang se Modimo a se batlang o tshelela ruri.” (1 Johane 2:17, Holy Bible​—Easy-to-Read Version) Modimo o batla gore o direng?

  • Ithute ka Modimo le ka Morwawe e bong Jesu. Jesu o ile a rapela Modimo a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) “Go tsenya kitso” ka Modimo le ka Jesu go re tlhoka gore re direng? Re ka dira seo ka go ithuta Baebele le go dirisa se re se ithutang mo matshelong a rona. * Baebele e re ruta tsela e Mmopi wa rona yo o re neileng botshelo e bong Jehofa Modimo, a akanyang ka yone. (Ditiro 17:24, 25) Gape Baebele e re ruta “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng” a a ileng a buiwa ke Morwa Modimo e bong Jesu.—Johane 6:67-69.

  • Bontsha gore o dumela mo setlhabelong sa ga Jesu. Jesu o ile a tla mo lefatsheng “go direla le go ntsha moya [kgotsa botshelo jwa] gagwe e le thekololo.” (Mathaio 20:28) Setlhabelo sa ga Jesu se neile batho tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. * (Pesalema 37:29) Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Ela tlhoko gore ga re a tshwanela fela go dumela mo go Jesu. Gape re tshwanetse go bontsha tumelo ka go tshela go ya ka dilo tse a ileng a di ruta le go dira thato ya ga Rraagwe.—Mathaio 7:21; Jakobe 2:17.

  • Nna tsala ya Modimo. Modimo o batla gore re nne ditsala tsa gagwe. (Jakobe 2:23; 4:8) Modimo ga a na tshimologo e bile ga a na bokhutlo, ka jalo o batla gore ditsala tsa gagwe le tsone di tshelele ruri. Baebele ya re “e kete dipelo tsa lona di ka tshelela ruri,” se se bontshang gore Modimo o batla gore re itumelele botshelo ka bosakhutleng.—Pesalema 22:26.

Dikgopolo Tse di Phoso ka go Tshelela Ruri

Kgopolo e e phoso: Saense e tla re thusa go tshelela ruri.

Boammaaruri: Le fa baitsesaense ba solofetsa go dira maiteko a go lelefatsa botshelo jwa batho, seo ga se ka ke sa dira gore re tshelele ruri. Modimo ke ene fela a ka re nayang botshelo jo bo sa khutleng ka gore ke ene “motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) O re solofetsa gore o tlile go “kometsa loso ka bosaengkae” le go naya batho ba ba siameng botshelo jo bo sa khutleng.—Isaia 25:8; 1 Johane 2:25.

Kgopolo e e phoso: Batho ba mmala o o rileng ke bone fela ba tla tshelelang ruri.

Boammaaruri: Modimo ga a na tlhaolele “mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Ka jalo, batho ba ba reetsang Modimo ke bone ba tla tshelelang ruri go sa kgathalesege gore ke ba mmala ofe.

Kgopolo e e phoso: Go tshelela ruri go tlile go bora.

Boammaaruri: Modimo ke ene a re solofetsang botshelo jo bo sa khutleng ka gonne o a re rata e bile o batla gore re itumele. (Jakobe 1:17; 1 Johane 4:8) Modimo o a itse gore fa re dira tiro e re e ratang re tla itumela. (Moreri 3:12) Modimo o re solofetsa gore batho ba ba tlileng go tshelela ruri mo lefatsheng ba tla nna le tiro e ba e ratang e e ba thusang go tlamela ba malapa a bone.—Isaia 65:22, 23.

Gape batho bao ba tla nna le dilo tse dintsi tse ba di ithutang ka Mmopi wa bone le ka dilo tse a di bopileng. O bopile batho ba na le keletso ya go tshelela ruri le go ithuta ka ene, le fa gone ba se kitla ba itse sengwe le sengwe se ‘Modimo wa boammaaruri a se dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.’ (Moreri 3:10, 11) Ka jalo, batho ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng ba tla nna le dilo tse dintsi tse ba ka di ithutang le go di dira.

^ ser. 2 Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Baebele mahala le batho. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba bidio ya Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang?

^ ser. 3 Bala setlhogo se se reng “Jesu o re Boloka Jang?””