Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele e a Reng ka go Ntsha Ditsabosome?

Baebele e a Reng ka go Ntsha Ditsabosome?

Karabo ya Baebele

Baiseraele ba bogologolo ba ne ba laelwa go ntsha ditsabosome, * kgotsa karolo ya bolesome mo lotsenong lwa bone lwa ngwaga, e le karolo ya moneelo o ba neng ba o ntsha go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. Modimo o ne a ba laetse jaana: “O tshwanetse go ntsha karolo ya bolesome [“ditsabosome”] ya maungo a peo e o e jadileng mo tshimong ya gago ngwaga le ngwaga.”—Duteronome 14:22.

Taelo ya gore go ntshiwe ditsabosome e ne e le karolo ya Molao wa ga Moshe, e leng molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele ba bogologolo. Bakeresete ga ba ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe, ka jalo ga go a lebelelwa gore ba ntshe ditsabosome. (Bakolosa 2:13, 14) Go na le moo, Mokeresete mongwe le mongwe a ka ntsha moneelo wa madi “jaaka a sweditse mo pelong, a se ka a dira ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelediwa, ka gonne Modimo o rata yo o abang a itumetse.”—2 Bakorintha 9:7.

 Ditsabosome Tse go Buiwang ka Tsone mo Baebeleng​—“Tesetamente e Kgologolo”

Go ntsha ditsabosome go umakiwa makgetlo a le mmalwa mo karolong ya Baebele e e itsegeng e le Tesetamente e Kgologolo. Bontsi jwa makgetlo ao bo amana le nako ya fa Modimo a sena go naya Baiserale Molao a dirisa Moshe (Molao wa ga Moshe). Le fa go ntse jalo, makgetlo a se kae mo go one ke a pele ga Molao wa ga Moshe.

Pele ga Molao wa ga Moshe

Motho wa ntlha yo go tlhalosiwang gore o ne a ntsha ditsabosome e ne e le Aberame (Aborahame). (Genesise 14:18-20; Bahebera 7:4) Go bonala ditsabosome tse Aberame a ileng a di ntsha e ne e le mpho e a neng a e ntsha gangwe fela a e naya kgosi ya Salema, yo gape e neng e le moperesiti. Ga go na bosupi bope mo Baebeleng jo bo bontshang gore Aborahame kgotsa bana ba gagwe ba ne ba ntsha ditsabosome gape.

Motho wa bobedi yo Baebele e buang gore o ne a ntsha ditsabosome, e ne e le setlogolo sa ga Aborahame e bong Jakobe. O ne a solofetsa Modimo gore fa a ka mo segofatsa, o tla mo naya “karolo ya sengwe le sengwe” se a neng a se amogetse. (Genesise 28:20-22) Go ya ka baithuti bangwe ba Baebele, go bonala Jakobe a ile a ntsha ditsabosome tsa gagwe ka ditlhabelo tsa diphologolo. Le fa gone Jakobe a ile a diragatsa maikano ao mme a ntsha ditsabosome tseo, ga a ka a pateletsa ba lelapa la gagwe gore ba ntshe ditsabosome.

Ka nako ya Molao wa ga Moshe

Baiseraele ba bogologolo ba ne ba laelwa go ntsha ditsabosome e le tsela ya go ema nôkeng ditiro tse di amanang le kobamelo.

  • Badiri ba nako e e tletseng ba ba neng ba dira ditiro tsa kobamelo, e bong Balefi go akaretsa le baperesiti, ba ne ba tlamelwa ka ditsabosome ka gonne ba ne ba se na masimo a ba ka a lemang. (Dipalo 18:20, 21) Balefi ba e neng e se baperesiti ba ne ba amogela ditsabosome go tswa mo bathong, ba bo ba ntsha “karolo ya bolesome” e le moneelo o o di gaisang tsotlhe ba o naya baperesiti.—Dipalo 18:26-29.

  • Go bonala batho ba ne ba tlhoka go ntsha ditsabosome mo ngwageng mongwe le mongwe wa bobedi, tse di neng di solegela Balefi le batho ba e seng Balefi molemo. (Duteronome 14:22, 23) Malapa a Baiseraele a ne a dirisa thulaganyo eno ka dinako tsa meletlo e e kgethegileng, mme ka dingwaga tse di rileng, ba ne ba e kgaogana le batho ba ba humanegileng thata gore ba ba thuse ka dilo tse ba di tlhokang.—Duteronome 14:28, 29; 26:12.

Ditsabosome di ne di balwa jang? Baiseraele ba ne ba beela kwa thoko karolo ya bolesome ya maungo a masimo a bone ngwaga le ngwaga. (Lefitiko 27:30) Fa ba ne ba tlhopha go ntsha ditsabosome tseo e le madi go na le go ntsha maungo a a tswang kwa masimong, ba ne ba tshwanetse go oketsa tlhwatlhwa eo ka diperesente di le 20. (Lefitiko 27:31) Gape ba ne ba laelwa go ntsha ‘karolo ya bolesome ya motlhape kgotsa letsomane.’—Lefitiko 27:32.

E le gore Baiseraele ba bone gore ba ne ba tshwanetse go ntsha ditsabosome tsa letsomane ka phologolo efe, ba ne ba tlhopha phologolo nngwe le nngwe ya bolesome e e neng e tswa mo lesakeng la bone. Molao o ne o laela gore ba se ka ba tlhatlhoba kgotsa ba ntsha phologolo e nngwe mo boemong jwa e e setseng e tlhophilwe, e bile ba ne ba sa tshwanela go ntsha madi mo boemong jwa phologolo e e neng e tshwanetse go ntshiwa e le ditsabosome. (Lefitiko 27:32, 33) Le fa go ntse jalo, ditsabosome tsa bobedi, tse di neng di dirisiwa kwa meletlong ya ngwaga le ngwaga, go ne go kgona go ntshiwa madi mo boemong jwa tsone. Thulaganyo eno e ne e thusa thata Baiseraele ba ba neng ba tshwanelwa ke go tsamaya loeto lo loleele thata ba ya meletlong.—Duteronome 14:25, 26.

Baiseraele ba ne ba ntsha ditsabosome leng? Ba ne ba ntsha ditsabosome ngwaga le ngwaga. (Duteronome 14:22) Le fa go ntse jalo, ka ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa ba ne ba sa ntshe ditsabosome. Ngwaga oo e ne e le sabata, kgotsa ngwaga wa boikhutso, mme Baiseraele ba ne ba sa leme dijalo dipe. (Lefitiko 25:4, 5) Ka ntlha ya maemo ano a a kgethegileng, go ne go sa tsewe ditsabosome dipe ka nako ya thobo. Mo ngwageng mongwe le mongwe wa boraro le wa borataro mo modikologong wa Sabata wa dingwaga tse supa, Baiseraele ba ne ba kgaogana ditsabosome tsa bobedi le bahumanegi le Balefi.—Duteronome 14:28, 29.

Motho o ne a atlholwa jang fa a sa ntshe ditsabosome? Molao wa ga Moshe o ne o sa bue sepe ka gore motho o tshwanetse go atlholwa fa a sa ntshe ditsabosome. Ba ne ba ntsha ditsabosome ka gonne ba ne ba itse gore go dira jalo ke selo se se siameng, e seng ka gonne ba itse gore ba tla atlholwa fa ba sa di ntshe. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go bolelela Modimo gore ba ntshitse ditsabosome le go kopa gore a ba segofatse ka gonne ba dirile jalo. (Duteronome 26:12-15) Modimo o ne a tsaya go sa ntshe ditsabosome e le go mo utswetsa.—Malaki 3:8, 9.

A go ntsha ditsabosome e ne e le morwalo? Nnyaa. Modimo o ne a solofeditse setšhaba seo gore fa ba ka ntsha ditsabosome, o ne a tla ba tshololela masego go fitlha ba sa tlhole ba tlhoka sepe. (Malaki 3:10) Ka fa letlhakoreng le lengwe, setšhaba se ne se sotlega fa se ne se sa ntshe ditsabosome. Modimo o ne a sa tlhole a ba segofatsa. Gape, baperesiti le Balefi ba ne ba tshwanelwa ke go fetsa nako e ntsi ba dira tiro ya boitshediso ba bo ba sa kgone go tlhoma mogopolo mo go thuseng Baiseraele go obamela Modimo.—Nehemia 13:10; Malaki 3:7.

 Ditsabosome Tse go Buiwang ka Tsone mo Baebeleng​—“Tesetamente e Ntšha”

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, baobamedi ba Modimo ba ne ba sa ntse ba tlhoka go ntsha ditsabosome. Le fa go ntse jalo, molao oo o ne wa fedisiwa fa Jesu a sena go swa.

Fa Jesu a ne a tshela

Mo karolong e e bidiwang Tesetamente e Ntšha, Baebele e bontsha gore Baiseraele ba ile ba tswelela ba ntsha ditsabosome fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. O ne a dumela gore ba ne ba tshwanetse go ntsha ditsabosome, le fa go tse jalo o ne a kgala baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba dira ka natla go duela ditsabosome mme ba “itlhokomolositse dilo tse di botlhokwa thata tsa Molao, e leng tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.”—Mathaio 23:23.

Fa Jesu a sena go swa

Fa Jesu a sena go swa batho ba ne ba sa tlhole ba tlhoka go ntsha ditsabosome. Loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhablelo, lo ne lo phimola Molao wa ga Moshe, go akaretsa le go ‘phutha ditsabosome.’—Bahebera 7:5, 18; Baefeso 2:13-15; Bakolosa 2:13, 14.

^ ser. 1 Ditsabosome “ke karolo ya bolesome ya lotseno lwa motho e e neng e beelwa kwa thoko gore e dirisediwe sengwe se se kgethegileng. . . . Gantsi ditsabosome tse Baebele e buang ka tsone di ne di dirisediwa dilo tse di amanang le kobamelo.”—Harper’s Bible Dictionary, tsebe 765.