Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Batla go Swa—A Baebele e ka Nthusa Fa ke Na le Dikakanyo Tsa go Batla go Ipolaya?

Ke Batla go Swa—A Baebele e ka Nthusa Fa ke Na le Dikakanyo Tsa go Batla go Ipolaya?

Karabo ya Baebele

Ee! Baebele e tswa kwa ‘Modimong yo o gomotsang ba ba kgobegileng marapo.’ (2 Bakorintha 7:6) Le fa gone Baebele e se buka ya malwetse a tlhaloganyo, e thusitse batho ba le bantsi gore ba fenye dikakanyo tsa go batla go ipolaya. Le wena kgakololo ya yone e e mosola e ka go thusa.

 Baebele e na le kgakololo efe e e ka thusang?

  • Tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone.

    Se Baebele e se buang: “Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe, e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”—Diane 17:17.

    Se e se kayang: Re tlhoka ba bangwe gore ba re eme nôkeng fa re na le dikakanyo tse di re tshwenyang.

    Fa o didimala fela o sa bolelele ba bangwe kafa o ikutlwang ka gone, o rwala morwalo o o boima o o ka go fekeetsang. Mme fa o bolelela ba bangwe kafa o ikutlwang ka gone, o ka nna wa imologa wa bo wa simolola go leba dilo ka tsela e e siameng.

    Leka seno: Bua le mongwe gompieno, gongwe wa mo lapeng kgotsa tsala e o e tshepang. * O ka nna wa kwala kafa o ikutlwang ka gone.

  • Batla thuso ya ba bongaka.

    Se Baebele e se buang: “Batho ba ba sa lwaleng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba lwalang ba a e tlhoka”—Mathaio 9:12.

    Se e se kayang: Re tshwanetse go batla thuso ya ba bongaka fa re lwala.

    Dikakanyo tsa go batla go ipolaya e ka tswa e le letshwao la gore motho o na le bolwetse jwa tlhaloganyo kgotsa jwa maikutlo. Fela jaaka bolwetse bongwe le bongwe, seno ga se a tshwanela go go tlhabisa ditlhong. Malwetse a tlhaloganyo le a maikutlo a ka kgona go alafiwa.

    Leka seno: Bona ngaka ka bonako jo bo ka kgonegang.

  • Gopola gore Modimo o amega ka wena.

    Se Baebele e se buang: “Dithaga tse tlhano di rekisiwa ka madi a tshipi a le mabedi a tlhwatlhwa e e kwa tlase, gakere? Le fa go ntse jalo, ga go na epe ya tsone e Modimo a e lebalang. . . . Se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.”—Luke 12:6, 7.

    Se e se kayang: O botlhokwa thata mo Modimong.

    O ka tswa o ikutlwa o le nosi fela, mme gone Modimo o bona maemo a o leng mo go one. O amega ka wena, tota le fa o ka tswa o sa tlhole o batla go tshela. Pesalema 51:17 e a re, “Modimo, ga o kitla o tlhokomologa pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng.” Modimo o batla gore o tshele ka gonne o a go rata.

    Leka seno: Bona bosupi jo bo mo Baebeleng jo bo bontshang gore Modimo o a go rata. Ka sekai, bala kgaolo 24 ya buka e e reng, Atamalana le Jehofa.

  • Rapela Modimo.

    Se Baebele e se buang: “Latlhelang ditlhobaelo tsotlhe tsa lona mo [Modimong], ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7.

    Se e se kayang: Modimo o go laletsa gore o bue le ene o phuthologile ka sengwe le sengwe se se ka tswang se go tshwenya.

    Modimo o tla go naya kagiso ya mogopolo le maatla a gore o kgone go itshoka. (Bafilipi 4:6, 7, 13) Ka tsela eno, o thusa botlhe ba ba mo kopang thuso ka pelo yotlhe.—Pesalema 55:22.

    Leka seno: Rapela Modimo gompieno. Dirisa leina la gagwe e bong Jehofa, mme o mmolelele kafa o ikutlwang ka gone. (Pesalema 83:18) Mo kope gore a go thuse gore o kgone go itshoka.

  • Akanyetsa kwa teng ka se Baebele e se solofetsang ka bokamoso.

    Se Baebele e se buang: “Tsholofelo eno ke tshetledi ya matshelo a rona e e re thusang go nna re nonofile re sa belaele sepe.”—Bahebera 6:19.

    Se e se kayang: Maikutlo a gago a ka nna a ya kwa godimo le kwa tlase jaaka sekepe se se phepheulwang ke setsuatsue, mme se Baebele e se solofetsang se ka go thusa gore o ritibale.

    Tsholofelo eo ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela, mme e theilwe mo tsholofetsong ya Modimo ya gore o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko.—Tshenolo 21:4.

    Leka seno: Ithute mo go oketsegileng ka se Baebele e se solofetsang ka go bala thuto 5 mo boroutšhareng jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!

  • Dira sengwe se o se ratang.

    Se Baebele e se buang: “Pelo e e itumetseng ke kalafi e e molemo.”—Diane 17:22.

    Se e se kayang: Fa re dira dilo tse di dirang gore re itumele, botsogo jwa rona jwa tlhaloganyo kgotsa maikutlo bo ka nna jwa tokafala.

    Leka seno: Dira sengwe se gantsi o itumelelang go se dira. Ka sekai, reetsa mmino o o lapolosang, bala sengwe se se kgothatsang kgotsa dira sengwe se o se ratang. Gape o tla itumela le go feta fa o dira sengwe go thusa ba bangwe, tota le fa e le ka ditsela tse dinnye.—Ditiro 20:35.

  • Tlhokomela botsogo jwa gago.

    Se Baebele e se buang: “Go ikatisa mmele go tswela mosola.”—1 Timotheo 4:8.

    Se e se kayang: Fa re ikatisa mmele, re robala mo go lekaneng e bile re ja dijo tse di nang le dikotla, re tla solegelwa molemo.

    Leka seno: Leka go tsamaya o gwanta, le fa e le ka metsotso e le 15 fela.

  • Gopola gore maikutlo le dilo tse dingwe mo botshelong di a fetoga.

    Se Baebele e se buang: ‘Ga o itse gore botshelo jwa gago bo tla nna jang kamoso.’—Jakobe 4:14.

    Se e se kayang: Bothata jo bo go tshwenyang, tota le jo go lebegang o ka se kgone go bo laola, bo ka tswa bo teng ka nakwana fela.

    Le fa boemo jwa gago bo ka lebega bo le maswe thata jang, bo ka fetoga kamoso. Ka jalo, batla ditsela tsa go lepalepana le jone. (2 Bakorintha 4:8) Bothata jo bo go tshwenyang bo ka fetoga fa nako e ntse e ya, mme ga o ka ke wa fetola sepe fa o setse o ipolaile.

    Leka seno: Bala dipego tsa Baebele tse di buang ka batho ba ba neng ba kgobegile marapo thata mo ba neng ba batla go swa, mme o bone gore kwa bofelong botshelo jwa bone bo ile jwa tokafala jang, gantsi bo tokafala ka ditsela tse le bone ba neng ba sa di lebelela. Ela tlhoko dikai tse di latelang.

 A Baebele e re bolelela ka batho bangwe ba ba neng ba batla go swa?

Ee. Baebele e re bolelela ka batho bangwe ba tota ba neng ba re, “Ke batla go swa.” Modimo ga a ka a ba kgalema, go na le moo, o ne a ba thusa. Le wena a ka go thusa.

Elija

  • E ne e le mang? Elija e ne e le moporofeti yo o pelokgale. Le fa go ntse jalo, le ene o ne a kgobega marapo. Jakobe 5:17 e a re, “Elija e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.”

  • Goreng a ne a batla go swa? Nako nngwe Elija o ne a akanya gore o nosi fela, a tshogile e bile a ikutlwa e se motho wa sepe. O ne a kopa Jehofa a re: “Jehofa, tsaya botshelo jwa me.”—1 Dikgosi 19:4.

  • O ne a thusiwa ke eng? Elija o ne a tshololela Modimo maikutlo a gagwe. Modimo o ne a mo kgothatsa jang? Modimo o ne a mmontsha gore o tshwenyegile ka ene a bo a mmontsha maatla a Gagwe. Gape o ne a tlhomamisetsa Elija gore o sa ntse a mo tlhoka a bo a mo naya motho yo o tla mo tlhokomelang le yo o tla mo thusang.

  • Bala ka Elija: 1 Dikgosi 19:2-18.

Jobe

  • E ne e le mang?Jobe e ne e le monna yo o nang le lelapa, a humile e bile a obamela Modimo wa boammaaruri ka boikanyegi.

  • Goreng a ne a batla go swa? Botshelo jwa ga Jobe bo ne jwa fetoga ka ponyo ya leitlho. O ne a latlhegelwa ke dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone. Bana ba gagwe botlhe ba ne ba swa fa go ne go na le masetlapelo. O ne a tshwarwa ke bolwetse jo bo ngomolang pelo. Kwa bofelong, ditsala tsa gagwe di ne tsa mo latofatsa mo go botlhoko e bile di bua maaka di re ke ene a ipaketseng mathata ao. Jobe o ne a re: “Ke tlhoile botshelo jwa me; ga ke batle go tswelela ke tshela.”—Jobe 7:16.

  • O ne a thusiwa ke eng? Jobe o ne a rapela Modimo e bile o ne a bua le batho ba bangwe. (Jobe 10:1-3) Tsala ya gagwe e bong Elihu o ne a mo kgothatsa a le pelotlhomogi, mme a mo thusa gore a lebe boemo jwa gagwe ka tsela e e siameng. Mo godimo ga tsotlhe, Jobe o ne a amogela kgakololo le thuso ya Modimo.

  • Bala ka Jobe: Jobe 1:1-3, 13-​22; 2:7; 3:1-13; 36:1-7; 38:1-3; 42:1, 2, 10-13.

Moshe

  • E ne e le mang? Moshe e ne le moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele wa bogologolo e bile e le moporofeti yo o ikanyegang.

  • Goreng a ne a batla go swa? Moshe o ne a na le tiro e ntsi e a neng a tshwanetse go e dira, batho ba ne ba nna ba mo tshwayatshwaya diphoso e bile o ne a ikutlwa a lapile. Ka jalo, o ne a goela kwa Modimong a re: “Tsweetswee mpolaye gone jaanong.”—Dipalo 11:11, 15.

  • O ne a thusiwa ke eng? Moshe o ne a bolelela Modimo kafa a neng a ikutlwa ka gone. Modimo o ne a fokotsa tiro e Moshe a neng a e dira gore a se ka a tshwenyega thata.

  • Bala ka Moshe: Dipalo 11:4-6, 10-17.

^ ser. 5 Fa e le gore o na le dikakanyo tse di maatla tsa go batla go ipolaya e bile ba lelapa la gago ba seyo, o ka founela ba ditheo tse di ka go thusang mo lefelong la lona kgotsa ba thuso ya potlako.