Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Di Dinosaur?

Baebele ya Reng ka Di Dinosaur?

Karabo ya Baebele

Ga go na gope mo Baebele e buang gone ka diphologolo tseno. Mme gone Baebele ya re Modimo o “bopile dilo tsotlhe,” ka jalo go bonala le tsone Modimo a ile a di bopa. * (Tshenolo 4:11) Le fa Baebele e sa bue ka tlhamalalo ka diphologolo tseno, e umaka diphologolo tse di jaaka:

  • “Ditshedi tse ditonatona tsa lewatle.”—Genesise 1:21.

  • “Phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang ya lefatshe kafa mofuteng wa yone.”—Genesise 1:25.

  • “Sebatana sa naga sa lefatshe.”—Genesise 1:25.

A Di Dinosaur di tswa mo diphologolong tse dingwe?

Nnyaa. Baebele ya re Modimo o bopile diphologolo tsotlhe. Ka sekai, Pesalema 146:6 ya re Modimo ke “Modiri wa legodimo le lefatshe, wa lewatle, le wa sotlhe se se mo go tsone.”

Di Dinosaur di ne di le teng leng?

Baebele ya re mo letsatsing la botlhano le la borataro, Modimo o ile a bopa diphologolo tse di tshelang mo lewatleng le mo lefatsheng. * (Genesise 1:20-25, 31) Ka jalo, Baebele e re thusa go bona gore diphologolo tseno di ile tsa nna gone ka lobaka lo loleele.

A Behemothe le Lefiathane e ne e le di Dinosaur?

Nnyaa. Le fa diphologolo tseno tse di tlhagang mo bukeng ya Jobe go sa itsiwe gore ke dife, go dumelwa gore Behemothe ke kubu mme Lefiathane ke kwena. Seno se dumalana le tsela e di tlhalosiwang ka yone mo Baebeleng. (Jobe 40:15-23; 41:1, 14-17, 31) Ntlha ya botlhokwa fano ke gore “Behemothe” le “Lefiathane” ga se di dinosaur. Modimo o ne a raya Jobe a re a lebe diphologolo mme ka nako eo di dinosaur di ne di seyo.—Jobe 40:16; 41:8.

Go diragetseng ka di dinosaur?

Baebele ga e tlhalose gore go diragetseng ka tsone. Go na le moo, ya re Modimo o ile a bopa dilo tsotlhe ‘ka ntlha ya thato ya gagwe’ ka jalo o ne a na le boikaelelo jwa go bo a di bopile. (Tshenolo 4:11) Fa boikaelelo joo bo sena go direga, o ile a dira gore di nyelele.

^ ser. 1 Go epolotswe marapo a ditshedi tsa bogologolo a go dumelwang gore ke a diphologolo tseno. Seno se bontsha gore go kile ga nna le mefuta e e farologaneng ya tsone.

^ ser. 6 Mo Baebeleng letsatsi le ka kaya dingwaga di le diketekete.—Genesise 1:31; 2:1-4; Bahebera 4:4, 11.