Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele E na Le Pego e e Nepileng ya Botshelo Jwa ga Jesu?

A Baebele E na Le Pego e e Nepileng ya Botshelo Jwa ga Jesu?

Karabo ya Baebele

Mokwadi wa Baebele e bong Luke o ile a bua jaana malebana le pego ya gagwe kaga botshelo jwa ga Jesu: “Ke latedisitse dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong.”—Luke 1:3.

Bangwe ba re dipego tsa botshelo jwa ga Jesu tse di kwadilweng mo dibukeng tsa Efangele—tse di kwadilweng ke batho ba motlha wa gagwe ba ba jaaka Mathaio, Mareko, Luke le Johane—di ne tsa fetolwa nako nngwe mo lekgolong la bonè la dingwaga.

Le fa go ntse jalo, go ne ga ribololwa karolwana nngwe ya botlhokwa ya Efangele ya ga Johane kwa Egepeto fa lekgolo la bo20 la dingwaga le ne le simologa. Gone jaanong karolwana eo e itsege ka leina la Papyrus Rylands 457 (P52) mme e bolokilwe kwa John Rylands Library, kwa Manchester, England. Mo go yone e na le ditemana tsa Johane 18:31-33, 37, 38 go ya ka Dibaebele tsa gompieno.

Eno ke karolwana ya mokwalo wa bogologolo o e leng wa kgale go gaisa yotlhe e e leng teng ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore e ile ya kwalwa mo e ka nnang ka 125 C.E., mo e ka nnang kwatara ya lekgolo la dingwaga morago ga gore mokwalo wa ntlhantlha o kwalwe. Mokwalo wa yone o batla o tshwana tota le wa mekwalo ya moragonyana.