Fetela kwa tshedimosetsong

Mapodise A ne A Tsamaya le Joseph

Mapodise A ne A Tsamaya le Joseph

Akanya fela o setswe morago ke mapodise fa o ntse o rera ka ntlo le ntlo. Seo se ile sa diragalela Joseph kwa Micronesia ka 2017. Ene le Basupi ba bangwe ba bararo ba ne ba tswile letsholo le le kgethegileng go ya go rera kwa ditlhaketlhakeng tse di kwa kgakala.

Basupi bano ba ile ba gorogela kwa setlhaketlhakeng sengwe se se nang le batho ba ka nna 600. Ba ile ba kgatlhantshiwa ke ratoropo wa setlhaketlhake seo. Joseph a re: “Ratoropo o ne a akantsha gore re ka tsamaya le mapodise fa re ntse re rera ka ntlo le ntlo. Kakantsho ya gagwe e ne e re makaditse tota. Mme gone re ile ra gana ka botlhale. Re ne re batla etela batho kwa matlong a bone ka tsela e rona re e tlwaetseng.”

Baboledi bano ba ile ba tsamaya ba ikaeletse go rerela batho ba le bantsi. Ba re: “Batho ba ne ba re amogela e bile ba kgatlhegela molaetsa o re neng re tlile ka one. Seo se ile sa dira gore re fetse nako e ntsi kwa matlong a bone.”

Gone mo letsatsing leo, koloi ya mapodise e ne ya feta Joseph gabedi, mme mo lekgetlong la boraro e ne ya ema. Mapodise a ne a botsa Joseph gore a ba ka mo isa kwa matlong a a setseng. Joseph a re, “ke ile ka gana. Mme mo lekgetlong leno ba ile ba gana go ntheetsa. Ba ile ba re ke saletswe ke nako e e khutshwane mme ba tla nkisa kwa matlong a a setseng.” Ke paletswe ke go gana mo lekgetlong leno ka gore ke ne ke saletswe ka matlo a mantsi. Pele re tsena mo ntlong ba ne ba mpolelela gore go nna mang mo ntlong eo, le gore fa ke kokota mme go sena ope yo o bulang ba tla letsa hutara gore mong wa ntlo a re bulele.

“Ba re thusitse tota, ka gore re kgonne go ya kwa matlong ao otlhe mo letsatsing leo. Re ile ra tsamaisa dikgatiso di le dintsi mme re bo re dira dithulaganyo tsa go boela batho ba ba neng ba kgatlhega.”

Mapodise a ne a bolelela Joseph gore le bone ba itumeletse go rera dikgang tse di molemo. Fa Basupi bano ba tsamaya, mapodise a ne a itumetse thata. Ba tshwere le dikgatiso mo matsogong a bone.