Fetela kwa tshedimosetsong

“Go Ikanyega Mo go Se Sennye”

“Go Ikanyega Mo go Se Sennye”

Mosupi wa ga Jehofa mongwe kwa Afrika Borwa yo o bidiwang Danielle, o ne a fitlhela beke e monna mongwe a neng a e lebetse mo teng ga coffee shop. Mo bekeng eo, o ile a fitlhela sepatšhe se se nang le madi le dikarata tsa banka. Ka gonne Danielle a ne a batla go busetsa beke eo kwa go monneng yono, o ile a batlana le aterese kgotsa dinomoro tsa mogala tsa monna yono. Mme gone o ile a bona fela leina la gagwe. O ne a leka go kopa thusa kwa bankeng ya monna yoo, mme ga ba a ka ba mo thusa. Ga a a ka a ineela, go na le moo o ile a founela nomoro e e tlhagelelang mo seliping sa ngaka. Mosadi yo o neng a araba mogala o ne a dumela go naya monna yoo dinomoro tsa ga Danielle.

Monna yoo o ne a maketse fela thata fa a amogela mogala go tswa kwa ofising ya ngaka ya gagwe, ba mmolelela gore Danielle o bone beke ya gagwe mme o batla go e busetsa kwa go ene. Fa a goroga o fitlhetse Danielle le rraagwe ba mo emetse. Ba ile ba dirisa tshono eno go mmolelela gore goreng ba ile ba tsaya matsapa a go mmatla. Ba ile ba mo tlhalosetsa gore, e re ka e le Basupi ba ga Jehofa, ba leka ka natla go tshela tumalanong le melaometheo ya Baebele. Ke ka moo ba lekang ka natla gore ba ikanyege.—Bahebera 13:18.

Morago ga diura, monna yono o ne a romelela Danielle le raagwe molaetsa, a ba lebogela go bo ba busitse beke ya gagwe. O ile a re: “Ke lebogela matsapa a lo a tshotseng go mpatla. Ke itumeletse go kopana le wena le lelapa la gago, mme ke tla nna ke gopola lorato lo lo mpontshitseng lone. Go bontsha gore ke lebogela se lo ntiretseng sone, nka rata go ntsha moneelo. Ke a itse gore lo itima dilo dingwe gore lo direle Modimo. Se lo se dirileng se bontsha gore lo batho ba ba siameng e bile lo a ikanyega. Ke lo leboga fela thata, mme e kete Modimo a ka segofatsa tiro e lo e dirang.”

Morago ga dikgwedinyana, rraagwe Danielle o ile a tlotla le monna yono gape, o ile a mo tlotlela gore le ene o ile a bona beke e e neng e latlhegile. A re fa a ne a busetsa beke eo kwa go mong wa yone, o ile a mo tlhalosetsa gore ke eng se se ileng sa mo tlhotlheletsa gore a dire jalo. O ne a mo tlhalosetsa gore le ene o ile a diragalelwa ke se se tshwanang fa mongwe a ne a mmusetsa beke ya gagwe e e neng e latlhegile. O ile a re: “Go ikanyega mo go se sennye go dira botshelo botoka.”